Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA MALAPA

Thusa Bana ba Gago fa ba Palelwa ke Dilo Dingwe

Thusa Bana ba Gago fa ba Palelwa ke Dilo Dingwe

 Go ise go ye kae, bana ba gago ba tlile go ba palelwa ke go dira dilo dingwe, mme seno se ka ba kgoba marapo. O ka ba thusa jang?

 Se o tshwanetseng go se itse

 Rotlhe fela go na le dilo dingwe tse di re palelang. Baebele e a re ‘rotlhe re a kgotšwa.’ (Jakobe 3:2) Bana le bone ba a kgotšwa. Go palelwa ke dilo dingwe go ka thusa bana gore ba kgone go lebana le maemo a a thata. Bana ga ba tsholwe ba na le bokgoni jono, mme ba ka ithuta go nna le jone. Mmê yo o bidiwang Laura a re: “Nna le monna wa me re bone go le botoka gore fa bana ba rona ba paletswe ke sengwe, re ba tlogele ba ithute. Ba ka ithuta go itshoka fa dilo di sa tsamaye ka tsela e ba neng ba lebeletse gore di tla tsamaya ka yone.”

 Bana ba le bantsi ba kgobega marapo fa ba palelwa ke go dira sengwe. Sengwe se se dirang gore bana ba bangwe ba kgobege marapo fa ba palelwa, ke gore batsadi ba bone ba dira gore ba ikutlwe e kete ga ba a dira sepe se se phoso. Ka sekai, fa ngwana a sa pasa kwa sekolong, batsadi ba tla bo ba pega morutabana molato. Fa ngwana a sa utlwane le tsala ya gagwe, batsadi ba tla bo ba pega tsala ya gagwe molato.

 Tota bana ba ka ithuta jang mo diphosong tsa bone fa batsadi ba nnetse go ba sireletsa?

 Se o ka se dirang

  •   Ruta bana ba gago gore sengwe le sengwe se ba se dirang se na le ditlamorago.

     Baebele e a re: “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

     Sengwe le sengwe se re se dirang se na le ditlamorago. Fa re sentse sengwe, re tlhoka go baakanya. Fa re dirile diphoso re tla tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa teng. Bana ba tshwanetse go itse gore sengwe le sengwe se ba se dirang se na le ditlamorago. Ka jalo, ba tshwanetse go rwala maikarabelo a se ba se dirileng. Ka jalo, tlogela go pega ba bangwe molato ka ntlha ya diphoso tse bana ba gago ba di dirileng. Go na le moo, ba tlogele ba rwale maikarabelo a a ba lekaneng. Nnete ke gore, bana ba tlhoka go lemoga gore diphoso tsa bone di na le ditlamorago.[3]

  •   Thusa bana ba gago go rarabolola mathata a bone.

     Molaomotheo wa Baebele: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.”—Diane 24:16.

     Go palelwa ke go dira sengwe go ka kgoba marapo mme seo ga se reye gore re ka se ka ra kgona go tokafatsa. Thusa bana ba gago go akanya ka gore ba ka tila jang go palelwa, go na le gore ba akanye ka gore ba diretswe phoso. Ka sekai, fa ngwana wa gago wa mosimane a sa pasa tlhatlhobo kwa sekolong, mo thuse go itse gore a ka kgona go tokafatsa ka go tsaya matsapa le go bala thata. (Diane 20:4) Fa ngwana wa gago wa mosetsana le tsala ya gagwe ba sa buisana sentle, mo thuse go bona gore a ka ikopela maitshwarelo jang gore a baakanye botsala le fa e ne e se ene a leng phoso.—Baroma 12:18; 2 Timotheo 2:24.

  •   Ruta bana ba gago go nna boikokobetso.

     Molaomotheo wa Baebele: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.”—Baroma 12:3.

     Go bolelela ngwana wa gago gore ga go na ope yo o ka mo gaisang ga go ka ke ga mo thusa. Tota le bana ba ba pasang bontle kwa sekolong ga ba ka ke dira bontle ka metlha. Gape le bana ba ba dirang bontle mo go tsa metshameko ga ba ka ke ba fenya ka metlha. Bana ba ba ikokobeditseng ba kgona go amogela fa ba palelwa ke go dira sengwe.

     Baebele e a re go lebana le mathata go tla re thusa ka gonne go tla dira gore re kgone go nna le boitshoko. (Jakobe 1:2-4) Le fa go palelwa ke go dira sengwe go kgoba marapo, thusa bana ba gago gore ba se ka ba kgobega marapo thata.

     Go ruta ngwana boitshoko go tsaya nako e bile go tlhoka maiteko. Mme bokgoni joo bo tla ba thusa thata fa ba tsena mo dingwageng tsa bolesome. Buka ya Letting Go With Love and Confidence e a re: “Bana ba ba nang le bokgoni jono ga se gantsi ba ka leka go rarabolola mathata a bone ka go dira sengwe se se kotsi. Gantsi ba kgona go itshoka fa ba kopana le mathata a ba neng ba sa a lebelela.” Boitshoko jono ga bo na bo ba thusa gone jaanong fela, bo tla ba thusa le fa ba setse ba godile.

 Kakantsho: Tlhoma sekao. Nna o gopotse gore tsela e o itshwarang ka yone fa o na le mathata e tla thusa bana ba gago go rarabolola mathata a bone.