Setswana
A re ka Nna Mmogo Pele Ga re Ka Nyalana?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/500300124/univ/art/500300124_univ_sqr_xl.jpg
ijwhf setlhogo 34

GO THUSA LELAPA | LENYALO

A re ka Nna Mmogo Pele Ga re Ka Nyalana?

A re ka Nna Mmogo Pele Ga re Ka Nyalana?

 Baratani ba le bantsi ba nna mmogo pele ba ka nyalana. Bangwe ba dira seno ka gonne ba batla go bona gore a ba a tshwanelana mme bangwe ba akanya gore seo se tla dira gore motlhang ba nyalanang lenyalo la bone le atlege. A go dira jalo ke kakanyo e e botlhale?

Mo setlhogong seno

 Baebele e a reng?

  •   Baebele e kgala tlhakanelodikobo pele ga lenyalo. Ka sekai, e a re: “Ithibe mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.” (1 Bathesalonika 4:3; 1 Bakorintha 6:18) Seno se akaretsa tlhakanelodikobo magareng ga baratani ba ba nnang mmogo tota le fa ba na le maikaelelo a go nyalana. a Melaometheo ya Baebele e thusa baratani gore ba se ka ba nna le ngwana ba ise ba nyalane le go tila ditlamorago tse di botlhoko tse di ka bakiwang ke go nna mmogo pele ga lenyalo.

  •   Lenyalo ke thulaganyo e e tswang kwa Modimong. Fa Modimo a thaya lenyalo o ile a re :‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.’ (Genesise 2:24) Lenyalo ke motheo wa lelapa le le itumetseng.

 A go nna mmogo go tla nthusa go ipaakanyetsa lenyalo?

 Bangwe ba re ee. Ba akanya gore baratani ba tla nna le maitemogelo fa ba ntse ba dira ditiro tsa mo gae mmogo gape ba tla kgona go bona mekgwa ya o mongwe. Le fa go ntse jalo, go itlama ke gone go ka dirang gore lenyalo le atlege.

 Baratani ba ka dira eng gore ba kgone go ngaparelana mo dinakong tse di thata le tse di monate? Go nna mmogo pele ga lenyalo go ka se ba thuse ka gonne ba ka fedisa kamano ya bone nako nngwe le nngwe fela. Go na le moo, kamano ya bone e tla gola fa bobedi joo bo dirile maitlamo a gore ba tla nna mmogo le go dirisana mmogo go rarabolola mathata.

 Kgangkgolo: Go na le go ipaakanyetsa lenyalo, baratani ba ba nnang mmogo ba ka tswa ba ipaakanyetsa go kgaogana.

 Molaomotheo wa Baebele: “Sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

 A go nna mmogo go tla nthusa go boloka madi?

 Bangwe ba re ee. Go ya ka dipatlisiso tse di dirilweng ke Pew Research Center e e kwa United States, bagolo ba ka nna banè mo go ba le lesome, ba nna mmogo e le gore ba boloke madi. Le fa go ntse jalo, bangwe ba bone ba ba feditseng nakwana ba nna mmogo ba bontsha gore ga ba kgone go nyalana ka gonne ba se na madi a a lekaneng.

 Go nna mmogo pele ga lenyalo go ka nna le ditlamorago tse di botlhoko, segolobogolo mo basading. Ka sekai, fa baratani ba kgaogana, go le gantsi mosadi ke ene a salang ka maikarabelo a go tlhokomela bana.

 Kgangkgolo: Ditlamorago tse di botlhoko tsa go nna mmogo pele ga lenyalo di feta melemo epe e batho ba akanyang gore e ka nna gone.

 Molaomotheo wa Baebele: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Ene yo o go rutang gore o tshele ka tsela e e tla go tswelang mosola.”—Isaia 48:17.

 A go nna mmogo go tla nthusa go tlhopha sentle motho yo ke tla mo nyalang?

 Bangwe ba re ee. Le fa go ntse jalo, buka ya Fighting for Your Marriage e a re, “batho ba ba nnang mmogo pele ba nyalana ga ba lemoge gore seo se dira gore go nne thata gore ba kgaogane.” Goreng? Bangwe ba baratani bao ba lemoga gore ga ba tshwanelane gotlhelele. Le fa go ntse jalo, ba ka ikutlwa ba patelesega go nna mmogo ka gonne ba na le maikarabelo mangwe a ba a dirang mmogo kgotsa ka gonne ba imile. Ka mafoko a mangwe, “batho ba ba ka bong ba kgaogane ba feleletsa ba nyalana ka gonne botshelo bo le motlhofo fa ba le mmogo.”—Fighting for Your Marriage.

 Kgangkgolo: Go na le go go thusa go tlhopha motho yo o go tshwanelang, go nna mmogo go ka dira gore go nne thata go kgaogana le motho yo o sa go tshwaneleng.

 Molaomotheo wa Baebele: “Yo o botlhale o bona kotsi a bo a iphitlha, mme yo o se nang maitemogelo o tswelela a tsamaya a bo a tlelwa ke ditlamorago tse di botlhoko.”—Diane 22:3.

 A go na le kakantsho e e botoka go gaisa go nna mmogo?

 O ka tila ditlamorago tsa go nna mmogo lo sa nyalana mme wa oketsa ditshono tsa go nna le lenyalo le le itumedisang. Jang? Ka go latela melaometheo ya Baebele ka lenyalo. Iphe nako ya go ithuta motho yo o batlang go mo nyala pele lo ka simolola go nna mmogo lo le banyalani. Go tlhopha molekane wa lenyalo go ikaegile thata ka dilo tse lo di tsayang di le botlhokwa le tumelo ya lona, e seng mo ditebegong.

 Baebele e na le kgakololo e e ka go thusang go thaya motheo wa lenyalo le le itumetseng. b Ka sekai, Baebele e na le melaometheo e e ka go thusang go . . .

 Go ithuta mo go oketsegileng ka ditlhogo tseno, bona karolo e e reng “Lenyalo le Lelapa” mo jw.org.

 Molaomotheo wa Baebele: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo di tswa kwa Modimong. Di re tswela mosola ka gonne di a re ruta.”—2 Timotheo 3:16.

b Mo ditsong tse dingwe go tlwaelegile gore batsadi ba thuse ngwana wa bone go tlhopha molekane wa lenyalo. Baebele e ka thusa batsadi bao go itse dinonofo tse ba tlhokang go di lebelela thata fa ba thusa ngwana wa bone go tlhopha molekane wa lenyalo.