Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA

Ke Direng fa Ngwanake a Kgerisiwa?

Ke Direng fa Ngwanake a Kgerisiwa?

Ngwana wa gago o go bolelela gore o a kgerisiwa kwa sekolong. Ke eng se o ka se dirang? A o tla ya kwa morutabaneng o bo o mmolelela gore a otlhaye ngwana yo o kgerisang ngwana wa gago? A o tla ruta ngwana wa gago gore a itwele? Pele o dira tshwetso, re kopa gore o akanyetse dintlha tseno. *

 Ke eng se o tlhokang go se itse ka go kgerisiwa?

Fa re bua ka go kgerisa, re bua ka eng? Go kgerisa ke fa motho a tlhola a kgoba yo mongwe ka mafoko kgotsa a mo itaya ka boikaelelo jwa go mo utlwisa botlhoko. Ka jalo, ga se selo se motho a se dirang gangwe fela kgotsa sewelo, ke selo se motho a tlwaetseng go se dira.

Goreng re tlhoka go itse gore go kgerisiwa ke eng? Go na le batho ba ba tsayang gore fa motho a ba dira sengwe se se ba tenang kgotsa sengwe fela se se sa reng sepe, go raya gore ba a “kgerisiwa.” Fa o tlhola o buelela ngwana wa gago nako le nako fela fa a diragalelwa ke sengwe se se sa reng sepe, o ka mo dira gore a se ka a ithuta go rarabolola mathata, e leng selo se a tlhokang go se ithuta gone jaanong le se a tla se tlhokang mo nakong e e tlang.

Baebele ya re: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega.”—Moreri 7:9.

Ntlha ya botlhokwa: Le fa go na le maemo mangwe a o ka tlhokang go tsenelela mo go one, a mangwe a thusa ngwana gore a ithute go rarabolola mathata le go ithuta go dirisana le batho ba bangwe.—Bakolosa 3:13.

O tshwanetse go dirang fa ngwana wa gago a go bolelela gore go na le motho yo o tlholang a mo itaya kgotsa a mo kgoba ka mafoko?

 Nka thusa jang?

  • Reetsa ngwana mme o se ka wa mo felela pelo. Leka go tlhaloganya gore (1)  go diragetseng le gore (2) goreng motho yoo a kgerisa ene fela. Se itlhaganelele go dira tshwetso pele o utlwa kgang yotlhe. Ipotse gore: ‘A go na le sengwe se ngwanake a sa mpoleleleng sone?’ Fa o batla go utlwa kgang yotlhe, o ka nna wa tlhoka go bua le morutabana kgotsa batsadi ba ngwana yo o kgerisang ngwana wa gago.

    Baebele ya re: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.”—Diane 18:13.

  • Fa ngwana wa gago a kgerisiwa, mo thuse go lemoga gore tsela e a tsibogang ka yone fa motho yoo a mo kgerisa, e ka dira gore a emise go mo kgerisa kgotsa a tswelele a mo kgerisa. Ka sekai, Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale, mme lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Ka jalo, fa motho a go kgerisa, o bo o ipusolosetsa, o ka dira gore a tswelele a go kgerisa.

    Baebele ya re: “Lo sa [duela] go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola.”—1 Petere 3:9.

  • Tlhalosetsa ngwana wa gago gore fa a sa ipusolosetse, ga go reye gore ke legatlapa. Go na le moo, go bontsha gore ga a itetle gore motho yo mongwe a mo dirise dilo tse a sa batleng go di dira. Ka mantswe a mangwe, go raya gore o kgona go fenya motho yo o mo kgerisang ntle le go lwa le ene.

    Go dira jalo go botlhokwa thata segolo jang fa ngwana a kgerisiwa mo social media. Fa ngwana a nnela go kwala melaetsa a araba motho yo o mo kgerisang, o dira gore motho yoo a se ka a kgaotsa go kwala melaetsa e bile ngwana wa gago a ka feleletsa a tshwerwe gotwe o kgerisa motho yoo. Ka dinako tse dingwe go sa arabe motho go mo roba maatla ka gonne go na le batho ba ba go dirang dilo ba batla fela gore o dire sengwe.

    Baebele ya re: “Fa go se nang dikgong teng molelo o a tima.”—Diane 26:20.

  • Ka dinako tse dingwe, ngwana wa gago o tlhoka go sa ye kwa bathong kgotsa kwa mafelong a a itseng gore o tla fitlha a kgerisiwa kwa go one. Ka sekai, fa a dirisa tsela e a itseng gore o tla kopana le motho yo o mo kgerisang kwa go yone, a ka nna a dirisa tsela e nngwe.

    Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

O ka nna wa tlhoka go bua le morutabana kgotsa batsadi ba ngwana yo o kgerisang ngwana wa gago

LEKA SENO: Thusa ngwana wa gago go akanya ka se se ka diregang fa a ka dirisa dikakantsho tseno. Ka sekai:

  • Go tla diragalang fa a ka itlhokomolosa motho yo o mo kgerisang?

  • Go tla diragalang fa a ka bolelela motho yoo gore a tlogele go mo kgerisa?

  • Go tla diragalang fa a ka bolelela morutabana ka kgang eo?

  • Go tla diragalang fa a ka itshegela fela fa motho yoo a mo kgerisa?

Le fa ngwana wa gago a ka tswa a kgerisiwa kwa sekolong kgotsa mo social media, maemo ga a tshwane. Ka jalo, thusana le ngwana go bona kakantsho e e ka mo berekelang. Mmolelele gore o tla nna o mo thusa.

Baebele ya re: “[Tsala kgotsa] molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

^ ser. 3 Dintllha tse re tlileng go tlotla ka tsone di ama basimane le basetsana.