Baebele ya Reng ka go Nyalana ga Batho ba Ditso Tse di Farologaneng?

Baebele ya Reng ka go Nyalana ga Batho ba Ditso Tse di Farologaneng?

Karabo ya Baebele

 Modimo o amogela lenyalo la monna le mosadi ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ka gonne mo go ene ditso tsotlhe di a lekana. Baebele ya re: “Modimo o tshwara batho botlhe ka go lekana . . . , go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe.”​—Ditiro 10:34, 35, Good News Translation.

 Ela tlhoko mengwe ya melaometheo ya Baebele e e amanang le lenyalo le gore ditso di a lekana.

Ditso tsotlhe di tswa mo motsweding o le mongwe

 Batho botlhe ba tswa mo mothong wa ntlha e bong Adame le mosadi wa gagwe, Efa, yo Baebele e mmitsang “mmabatshedi botlhe.” (Genesise 3:20) Ka ntlha ya seno Baebele ya re ka Modimo: “O dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe.” (Ditiro 17:26) Go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, batho botlhe ke karolo ya lelapa le le lengwe fela. Mme go tweng fa e le gore go tlhaolwa ka ditso kgotsa ka maemo go tlwaelegile thata kwa o nnang gone?

Batho ba ba botlhale ba a ‘gakololana’

 Le fa Modimo a amogela lenyalo la batho ba ditso tse di farologaneng, ga se batho botlhe ba ba dumalanang le seno. (Isaia 55:8, 9) Fa o akanyetsa go nyalana le motho wa lotso lo sele, wena le motho yo e tla nnang molekane wa gago lo tshwanetse go tlotla ka dintlha tse di latelang:

  •   Lo tla lebana jang le dikgatelelo tse di ka bakiwang ke batho ba lefelo la lona kgotsa ba lelapa?

  •   Lo tla thusa bana ba lona jang gore ba fenye tlhaolele?

 Go ‘gakololana’ ka tsela eno go tla lo thusa gore lenyalo la lona le atlege.​—Diane 13:10; 21:5.