Fetela kwa tshedimosetsong

A Dipalo Tse di mo Baebeleng Di na Le Bokao? A Baebele e Dumalana le Masaitsiweng a Dipalo?

A Dipalo Tse di mo Baebeleng Di na Le Bokao? A Baebele e Dumalana le Masaitsiweng a Dipalo?

Karabo ya Baebele

Le fa gantsi dipalo tse di mo Baebeleng di tsewa jaaka di ntse, ka dinako dingwe di ka tshwantshetsa sengwe. Se go buiwang ka sone gantsi ke sone se se bontshang gore a palo e e rileng e tsewe jaaka e ntse. Ela tlhoko dikai tseno tsa dipalo tse di mo Baebeleng tse di nang le bokao jo bo rileng:

  • 1 Seoposengwe. Ka sekai, Jesu o ne a rapela Modimo gore barutwa ba gagwe “botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena.”—Johane 17:21; Mathaio 19:6.

  • 2 Mo dikgannyeng tsa semolao, basupi ba babedi ba tlhomamisa gore kgang e boammaaruri. (Duteronome 17:6) Ka tsela e e tshwanang, fa ponatshegelo kgotsa ntlha nngwe e boelediwa gabedi, seo se bontsha gore kgang eo e tlhomame e bile e boammaaruri. Ka sekai, fa Josefa a phutholola toro ya ga Faro wa kwa Egepeto o ne a re: “Ntlha ya gore toro e ne ya boelediwa gabedi mo go Faro e kaya gore Modimo wa boammaaruri o tlhomamisitse selo seno thata.” (Genesise 41:32) Mo boporofeting, “dinaka tse pedi” di ka tshwantshetsa puso e e maphata mabedi, jaaka Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia o moporofeti Daniele a neng a bolelelwa ka one.—Daniele 8:20, 21; Tshenolo 13:11.

  • 3 Fela jaaka basupi ba bararo ba gatelela gore kgang e boammaaruri, go boeletsa selo gararo ke go se tlhomamisa thata kgotsa go se gatelela.​—Esekiele 21:27; Ditiro 10:9-16; Tshenolo 4:8; 8:13.

  • 4 E ka tshwantshetsa sengwe se se tletseng kgotsa se se dirang ka botlalo, jaaka mo mafokong ano, ‘dikhutlo tse nnè tsa lefatshe.’—Tshenolo 7:1; 21:16; Isaia 11:12.

  • 6 E re ka thataro e le kwa tlase ka palo e le nngwe mo go supa, e e tshwantshetsang sengwe se se itekanetseng, palo eno e tshwantshetsa sengwe se se sa felelang kgotsa se se sa itekanelang kgotsa sengwe se se amanngwang le baba ba Modimo.—1 Ditiragalo 20:6; Daniele 3:1; Tshenolo 13:18.

  • 7 Gantsi palo eno e tshwantshetsa sengwe se se itekanetseng. Ka sekai, Modimo o ne a laela Baiseraele gore ba gwante go dikologa Jeriko ka malatsi a le supa a a tlhomaganeng mme mo letsatsing la bosupa ba gwante go dikologa motse ka makgetlo a le supa. (Joshua 6:​15) Baebele e na le dikai tse dintsi tse di tshwanang le seno tse mo go tsone go dirisiwang palo supa. (Lefitiko 4:6; 25:8; 26:18; Pesalema 119:164; Tshenolo 1:20; 13:1; 17:10) Fa Jesu a ne a raya Petere a re a itshwarele morwarragwe “e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa,” go boeletsa palo “supa” go naya kgopolo ya “kwantle ga selekanyo.”—Mathaio 18:21, 22.

  • 10 Palo eno e ka tshwantshetsa sengwe se se feletseng kgotsa dikarolo tsa sone.—Ekesodo 34:28; Luke 19:13; Tshenolo 2:10.

  • 12 Go lebega palo eno e tshwantshetsa thulaganyo e e feletseng ya Modimo. Ka sekai, ponatshegelo e e neng ya bontshiwa moaposetoloi Johane e ne e akaretsa motse o o nang le “maje a le lesome le bobedi a motheo, mme mo go one go le maina a le lesome le bobedi a baaposetoloi ba le lesome le bobedi.” (Tshenolo 21:14; Genesise 49:28) Bo12 ba ba kopantsweng le bone ba ka nna le bokao jo bo tshwanang.—Tshenolo 4:4; 7:4-8.

  • 40 Palo eno e ne e amanngwa le dikotlhao dingwe kgotsa lobaka lo katlholo e lo tsayang.​—Genesise 7:4; Esekiele 29:11, 12.

Masaitsiweng a dipalo

Dipalo tsa tshwantshetso tse di dirisitsweng mo Baebeleng ga di tshwane gotlhelele le masaitsiweng a dipalo, a a akaretsang boloi jo go dirisiwang dipalo mo go jone, go di amanya le sengwe le go bona palogotlhe ya tsone. Ka sekai, Bomankge ba Bajuda ba ne ba sekaseka Dikwalo Tsa Sehebera ba dirisa mokgwa o o bidiwang gematria, o mo go one ba batlang khouto nngwe e e fitlhegileng mo dipalong dingwe tse di tsamaisang le ditlhaka tse di rileng. Masaitsiweng a dipalo ke mofuta mongwe wa boitseanape o Modimo a o kgalang.—Duteronome 18:10-12.