Fetela kwa tshedimosetsong

Dibidio Tsa Baebele—Dithuto Tsa Botlhokwa

Dibidio tseno tse dikhutshwane di araba dipotso tsa botlhokwa tsa Baebele tse di jaaka: Goreng Modimo a ile a bopa lefatshe? Go diragala eng ka batho ba ba suleng? le e e reng, Goreng Modimo a sa fedise dilo tse di bosula?

A Modimo O na Le Leina?

Modimo o na le direto di le dintsi, go akaretsa Mothatayotlhe, Mmopi le Morena. Mme leina la Modimo le dirisitswe makgetlo a ka nna 7 000 mo Baebeleng.

Mokwadi wa Baebele ke Mang?

Fa e le gore e kwadilwe ke batho, goreng e bidiwa Lefoko la Modimo? Baebele ke dikakanyo tsa ga mang?

A Baebele e Boammaaruri?

Fa e le gore Baebele e kwadilwe ke Modimo, ga e a tshwanela go tshwana le buka epe.

Goreng Modimo a Ile a Bopa Lefatshe?

Lefatshe la rona le tletse ka dilo tse dintle. Ga a dira gore le nne gaufi thata le letsatsi kgotsa kgakala thata le lone, gape o ile a dira gore le dikologe ka lobelo lo lo lekaneng. Goreng Modimo a ile a tsaya matsapa a makanakana go dira gore lefatshe le nne lentle thata jaana?

Go Diragala Eng ka Batho ba ba Suleng?

Baebele ya re go na le nako e baswi ba tla tsosiwang ka yone fela jaaka Lasaro a ile a tsosiwa.

Goreng Jesu a Ile a Swa?

Loso lwa ga Jesu Keresete lo botlhokwa thata. A o ne a tlhoka go swa?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, selo sa konokono se a neng a ruta batho ka sone e ne e le Bogosi Jwa Modimo. Batho ba le bantsi ga ba bolo go rapelela gore Bogosi jono bo tle.

Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse go Busa ka 1914

Dingwaga di ka nna 2 600 tse di fetileng, Modimo o ne a bolelela kgosi nngwe e e maatla toro e e diragadiwang gone jaanong.

Goreng Modimo a sa Fedise Dilo Tse di Bosula?

Batho ba le bantsi ba ipotsa gore ke eng fa batho ba tletse letlhoo e bile ba bogisa ba bangwe. Dikarabo tsa dipotso tseno di mo Baebeleng.

A Modimo o Amogela Tsela Nngwe le Nngwe E re Mo Obamelang ka Yone?

Batho ba le bantsi ba dumela gore dikereke tsotlhe di siame.

A Modimo o Reetsa Dithapelo Tsotlhe?

A o utlwa thapelo ya motho yo o ikakanyetsang a le nosi? A o reetsa thapelo ya motho yo o sotlang mosadi wa gagwe?