Fetela kwa tshedimosetsong

Didirisiwa Tsa go Ithuta Baebele

Laeborari ya rona e e nang le didirisiwa tsa mahala tsa go ithuta Baebele le dilo tse dingwe, e ka go thusa gore o ithute Baebele mo go tseneletseng le gore o tlhaloganye Lefoko la Modimo ka botlalo. Dirisa Baebele ya rona ya mahala e e mo Internet e e nang le dithulusu tse dintsi gore o kgone go ithuta Baebele mo go tseneletseng. Bona ditlhogo tsa go ithuta Baebele tse o ka di dirisang go ithuta o le nosi. Tokafatsa tsela e o ithutang Baebele ka yone ka go lebelela dibidio, go bala buka e e tlhalosang Baebele, go dirisa dimmapa, ditlhaloso tsa mafoko a a mo Baebeleng le didirisiwa tse dingwe tsa mahala tsa go ithuta Baebele.

Bala Baebele mo Internet

Ipalele Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. E opa kgomo lonaka e bile e balega motlhofo.

Dibidio Tsa go Ithuta Baebele

Dibidio Tse di Tlhalosang Dibuka Tsa Baebele

Tshedimosetso e e oketsegileng ka buka nngwe le nngwe ya Baebele.

Dithuto Tsa Botlhokwa Tsa Baebele

Dibidio tseno tse dikhutshwane di araba dipotso tsa botlhokwa tsa Baebele tse di jaaka: Goreng Modimo a ile a bopa lefatshe? Go diragala eng ka batho ba ba suleng? le e e reng, Goreng Modimo a sa fedise dilo tse di bosula?

Dikgatiso Tse di Thusang go Ithuta Baebele

Buka e e Tlhalosang Baebele

Buka ya Insight on the Scriptures e na le tshedimosetso e e farologaneng. E tlhalosa ka batho, mafelo, dimela kgotsa dijalo, diphologolo, ditiragalo tsa botlhokwa le mafoko a Baebele. Di-PDF tsa buka eno, di na le dimmapa le ditshwantsho, gape e na le kaedi ya ditlhogo le ditemana.

Tshobokanyo ya Baebele

Boroutšhara jwa BaebeleE na Le Molaetsa Ofe? bo na le tshobokanyo ya Baebele e bile bo na le dintlhakgolo tsa molaetsa wa Baebele.

Boroutšhara jo bo Nang le Dimmapa Tsa Mafelo a Baebele

Boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ bo na le dimmapa le ditšhate tsa mafelo a a farologaneng a a mo Baebeleng, segolobogolo Lefatshe le le Solofeditsweng.

Temana ya Letsatsi

Bukana ya Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe e tshwana le buka e batho ba e dirisang go ithuta ka Modimo, ka gonne e na le temana ya letsatsi leo le dintlha tse di tlhalosang temana eo.

Dithulaganyo Tsa go Bala Baebele

Fa e le gore o batla thulaganyo e e tla go thusang go bala Baebele letsatsi le letsatsi, e e tla go thusang go bala Baebele mo ngwageng, kgotsa e e tla go thusang go simolola go bala Baebele, thulaganyo eno e tla go thusa fela thata.

Kafa o ka Bonang Ditemana ka Gone mo Baebeleng ya Gago

Lenaane leno le bontsha kafa dibuka tsa Baebele tse 66 di tlhomaganang ka teng mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele. Leina la buka, kgaolo go tswa foo temana.

Dikarabo tsa dipotso tsa Baebele

Ithute gore Baebele ya reng ka Modimo, Jesu, lelapa, go boga le tse dingwe.

Laeborari ya mo Internet (e bula tsebe e nngwe)

Batlisisa ditlhogo tsa Baebele mo Internet o dirisa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa.

Ithute Baebele le Mongwe

Thuto ya Baebele ke Eng?

Bona dikarabo tsa dipotso tse di kaga thulaganyo ya rona ya thuto ya Baebele ya mahala.

Kopa Thuto ya Baebele ya Mahala

Tlotlang ka potso nngwe ya Baebele kgotsa ithute mo go oketsegileng ka Basupi ba ga Jehofa.