BASHA BA BOTSA JAANA
Nka Tlogela Jang go Nna ke Hutsafetse Thata Jaana?
“Fa ditsala tsa me di sa kgone go itshokela mathata a ba nang le one, ke ba thusa go a rarabolola le go dira gore ba ikutlwe botoka. Mme gone, batho ba le bantsi ga ba itse gore fa ke fitlha kwa gae ke tsena mo kamoreng ya me ke bo ke lela.”—Kellie.
“Fa ke hutsafetse, ke itlhaola mo bathong. Fa ke lalediwa golo gongwe, ke dira diipato tsa gore ke se ka ka ya. Ke leka ka bojotlhe gore ba lelapa la gaetsho ba se ka ba lemoga khutsafalo ya me. Ba akanya gore ke siame.”—Rick.
A le wena o a tle o akanye jaaka Kellie kgotsa Rick? Fa e le gore go ntse jalo, o se ka wa itlhaganelela go swetsa ka gore go na le sengwe se se phoso ka wena. Boammaaruri ke gore, ka dinako dingwe mongwe le mongwe wa rona o a tle a hutsafale. Tota le banna le basadi ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tle ba hutsafale.—1 Samuele 1:6-8; Pesalema 35:14.
Mo maemong mangwe, o ka tswa o itse gore ke eng se se go hutsafatsang; mme mo go a mangwe o ka tswa o sa itse. Anna wa dingwaga tse 19 a re: “Ga go tlhokege gore o bo o le mo seemong se se maswe gore o hutsafale. Go ka itlela fela nako nngwe le nngwe, tota le fa o se na mathata mo botshelong. Go ka tswa go sa utlwale mme gone go a direga!”
Go sa kgathalesege gore khutsafalo e bakiwa ke eng—kgotsa tota le fa go ka tswa go lebega go se na se se e bakileng—o ka dira eng fa e go fekeetsa? Leka go dira seno:
Bua ka gone. Fa Jobe a ne a le mo matshwenyegong a magolo, o ne a re: “Ke tla bua moya wa me o utlwile botlhoko!”—Jobe 10:1.
Kellie: Tsela e ke ikutlwang ke imologile ka yone fa ke sena go bua le mongwe e a gakgamatsa. Kgabagare, mongwe o itse ka seemo se ke leng mo go sone. A ka kgona go latlhela mogala mo mosimeng o ke leng mo go one a bo a nthusa go tswa—kgabagare ka thusega!
Kwala ka gone. Fa khutsafalo e ama tsela e o lebang botshelo ka yone, o ka nna wa leka go kwala maikutlo a gago. Ka dinako tse dingwe, Dafide o ne a tlhalosa khutsafalo ya gagwe e e boteng mo dipesalemeng tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng. (Pesalema 6:6) Go kwala ka maikutlo a a tshwanang le ao go ka go thusa go “dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 3:21.
Heather: Go kwala go nthusa go laola dikakanyo tse dintsi tse ke nnang le tsone ka ntlha ya khutsafalo. Fa o kgona go tlhalosa maikutlo a gago le go lemoga gore ke ka ntlha yang fa o ikutlwa jalo, khutsafalo e ka se go fekeetse go le kalo.
Rapela ka gone. Baebele ya re fa o rapela ka dilo tse di go tshwenyang, ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa pelo ya gago le maatla a gago a mogopolo.’—Bafilipi 4:6, 7.
Esther: Ke ne ke leka go bona gore tota ke eng se se dirang gore ke hutsafale thata jaana, mme ke ne ke sa kgone. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke itumele. Ke ne ke lapisiwa ke go nna ke hutsafetse mme go se na sepe se se dirang gore ke hutsafale. Kgabagare ke ne ka tlogela go hutsafala. Le ka motlha o se ka wa nyatsa maatla a thapelo!
Kakantsho: Dirisa Pesalema 139:23, 24 e le sekao sa kafa o ka rapelang Jehofa ka teng. Mmolelele maikutlo a gago a a boteng mme o mo kope gore a go thuse go lemoga se se bakang khutsafalo ya gago.
Mo godimo ga dikakantsho tse go tlotlilweng ka tsone pelenyana, o na le letlotlo le le botlhokwa, e leng Lefoko la Modimo, Baebele. Go tlatsa mogopolo wa gago ka dikakanyo tse di agang tse di mo dipegong tsa Baebele go ka ama maikutlo a gago ka tsela e e siameng.—Pesalema 1:1-3.
Fa khutsafalo e sa fele
Ryan a re: “Mo mesong mengwe ke bona go le botoka gore ke nne fela mo bolaong ke sa tsoge gore ke se ka ka nna le letsatsi le lengwe gape le le se nang mosola.” Ryan o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong jo bo bidiwang clinical depression mme go na le batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono. Dipatlisiso di bontsha gore mo e ka nnang mosha a le 1 mo go ba le 4, o nna le mofuta mongwe wa bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong jo bo masisi kgotsa jo bo seng masisi go le kalo pele a nna mogolo.
O ka lemoga jang gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong? Matshwao mangwe a akaretsa go fetofetoga thata ga maikutlo le tsela e o itshwarang ka yone, go itlhaola mo bathong ba bangwe, go sa kgatlhegele go dira dilo tse dintsi, go fetoga ga tsela e o jang ka yone le tsela e o robalang ka yone le go nna le maikutlo a a tseneletseng a go ikutlwa o se na mosola le go ipona molato go sa tlhokege.
Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe, mo e batlileng e nna mongwe le mongwe o nna le lengwe la matshwao ano kgotsa a a oketsegileng. Mme fa matshwao ano a tswelela a le teng ka lobaka lo lo fetang dibeke di le mmalwa, ke eng fa o sa bue le batsadi ba gago gore o ye go bona ngaka? Ngaka e ka nna ya kgona go go thusa go lemoga gore a khutsafalo ya gago e bakiwa ke sengwe se se batlang kalafi.
Fa e le gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega mo maikutlong jo bo bidiwang clinical depression, ga o tlhoke go tlhabiwa ke ditlhong. Ka ntlha ya go bona kalafi, batho ba le bantsi ba ba nang le bolwetse jono ba ne ba simolola go ikutlwa botoka—gongwe e le lekgetlho la ntlha ba ikutlwa botoka jalo morago ga lobaka lo loleele. E ka ne khutsafalo ya gago e bakiwa ke go tshwenyega mo maikutlong kgotsa nnyaa, gakologelwa mafoko ano a a gomotsang a a mo go Pesalema 34:18: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”