Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A ke Setse ke Siametse go Intsha le Mongwe?

A ke Setse ke Siametse go Intsha le Mongwe?

 Go intsha le mongwe ke eng?

  • Gangwe le gape o tsamaya le mongwe wa bong bo sele. A go raya gore lo a intsha?

  • Wena le motho wa bong bo sele lo a kgatlhegelana. O bua le ene makgetlo a le mmalwa mo letsatsing ka founu kgotsa lo romelelana melaetsa. A go raya gore lo a intsha?

  • Nako le nako fa lo na le ditsala tsa lona, wena le mongwe wa bong bo sele lo fetsa nako e ntsi lo le mmogo. A go raya gore lo a intsha?

O ka tswa o sa nna le bothata jwa go araba potso ya ntlha. Mme gongwe o ile wa ema go se kae pele o araba ya bobedi le ya boraro. Tota go intsha le mongwe ke eng?

Go intsha le mongwe ke go itisa le mongwe yo o nang le maikutlo a lorato ka ene mme le ene a ikutlwa jalo ka wena.

Ka jalo, karabo ya dipotso tsotlhe tse tharo tse di fa godimo ke ee. E ka ne lo bua ka founo kgotsa lo lebane difatlhego, lo bonwa ke batho kgotsa mo sephiring, fa e le gore wena le tsala ya gago ya bong bo sele lo na le maikutlo a a kgethegileng a go ratana mme lo tlotla ka metlha, seo ke go intsha.

 Lebaka la go intsha le mongwe ke lefe?

Go intsha le mongwe go tshwanetse ga dirwa ka lebaka la botlhokwa—go thusa lekau le lekgarebe go bona gore a ba ka nyalana.

Boammaruri ke gore bangwe ba balekane ba gago ba ka tswa ba tsaya go intsha e se kgang e e masisi. Gongwe ba itumelela fela go nna le tsala e e kgethegileng ya bong bo sele, mme ba se na maikaelelo ape a go tsena mo lenyalong. Bangwe ba ka tsaya go nna le tsala e e ntseng jalo ya bong bo sele e le sengwe se ba ka itlotlomatsang ka sone, kgotsa sengwe se ba se dirang fela gore ba bonwe ke batho.

Mme gone, gantsi thatano e e ntseng jalo ya bogagapa e nna ya nakwana fela. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Heather a re: “Basha ba le bantsi ba ba intshang le mongwe ba feleletsa ba kgaogana le motho yoo mo sebakeng sa beke kgotsa di le pedi fela morago ga moo. Ba feleletsa ba tsaya thatano e le selo sa nakwana fela—mme ka tsela nngwe seo se ba baakanyetsa tlhalo e seng lenyalo.”

Ga go pelaelo gore fa o intsha le mongwe o ama maikutlo a motho yoo fela thata. Ka jalo, tlhomamisa gore o intsha le mongwe ka maikaelelo a a siameng.—Luke 6:31.

Fa o intsha le mongwe mme e se ka maikaelelo a go nyala o itshwara jaaka ngwana yo o tshamekang ka setshamekisi se sesha a bo a se latlha

Akanya: A o ka rata gore mongwe a tshameke ka maikutlo a gago jaaka e kete ke setshamekisi se se ka tsewang ka nakwana, mme se bo se latlhwa nako nngwe le nngwe? Ka jalo, o se ka wa dira motho yo mongwe selo se se ntseng jalo! Baebele ya re lorato “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

Mosha mongwe yo o bidiwang Chelsea a re: “Nako nngwe ke na le go akanya gore go intsha le mongwe e tshwanetse ya nna selo sa go ijesa monate fela, mme gone ga go monate fa yo mongwe a go tsaya masisi mme yo mongwe ene a itshamekela fela.”

Kgakololo: Fa o batla go ipaakanyetsa go intsha le mongwe le go tsena mo lenyalong, bala 2 Petere 1:5-7 o bo o tlhopa nonofo e le nngwe e o ka ratang go e tokafatsa. Mo lobakeng lwa kgwedi, itlhatlhobe go bona se o se ithutileng mo nonofong eo le gore o tokafaditse go le kana kang.

 A ke godile sentle mo nka batlang go intsha le mongwe?

  •  O akanya gore mosha o tshwanetse go simolola go intsha a na le dingwaga tse kae?

  •  Jaanong botsa mongwe wa batsadi ba gago potso eno.

Gongwe go ka direga gore karabo ya gago e farologane le ya batsadi ba gago. Kgotsa gongwe ga go a nna jalo! O ka tswa o le mongwe wa basha ba bantsi ba ka botlhale ba sa intsheng le mongwe go fitlha ba setse ba godile sentle e bile ba itlhaloganya botoka.

Ke sone se Danielle wa dingwaga di le 17, a ileng a ikaelela go se dira. A re: “Fa ke akanya ka tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone dingwaga tse pedi tse di fetileng, se ke neng ke se lebeletse mo mothong yo ke neng nka rata gore e nne molekane wa me, se farologane thata le se ke se lebeletseng gone jaanong. Tota le jaanong ga ke ise ke itshepe gore nka dira tshwetso e e ntseng jalo. Fa go ka feta dingwaga di le mmalwa ke bona botho jwa me bo sa fetofetoge, ke gone nka akanyetsang go intsha le mongwe.”

Go na le lebaka le lengwe la go bo go le botlhale go leta. Baebele e dirisa mafoko a a reng “nako ya bosha,” go tlhalosa nako e ka yone maikutlo a tlhakanelodikobo le a go ratana a nnang maatla. (1 Bakorintha 7:36) Go atamalana thata le motho yo o rileng wa bong bo sele o sa ntse o le mo nakong eno, go ka gakatsa keletso ya tlhakanelodikobo mme ga dira gore o wele mo boitsholong jo bo sa siamang.

Ke boammaaruri gore, seno se ka lebega se sa re sepe mo balekaneng ba gago. Bontsi jwa bone ba itlhaganelela go tlhakanela dikobo. Mme gone o ka kgona—e bile o tshwanetse—go fenya mokgwa o o ntseng jalo wa go akanya! (Baroma 12:2) Tota e bile, Baebele e go rotloetsa gore o “tshabe boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.” (1 Bakorintha 6:18, New International Version) Fa o leta go fitlha o feta nako ya bosha, o ka kgona go ‘thiboga masetlapelo.’—Moreri 11:10.

 Goreng ke tshwanetse go leta pele ke intsha le mongwe?

Go gatelelwa go intsha le mongwe o ise o go siamele go ka tshwana le go patelediwa go kwala tlhatlhobo ya makgaolakgang ya serutwa se o iseng o ko o se ithute. Ga go pelaelo gore seo se tla bo se sa siama! O tlhoka nako ya gore o ithute serutwa seo gore o tlwaelane le mathata a o tla lebanang le one mo tlhatlhobong.

Go ntse jalo le ka kgang ya go intsha le mongwe.

Go intsha le mongwe ke kgang e e masisi. Ka jalo, pele o akanyetsa go intsha le mongwe, o tlhoka nako ya go ithuta ntlha ya botlhokwa—tsela ya go aga botsala jo bo molemo.

Moragonyana fa o bona molekane yo o go tshwanelang, o tla kgona go aga botsala jo bo nonofileng. Tota e bile, lenyalo le le atlegileng le dirwa ke ditsala tse pedi tse di utlwanang.

Go leta go ka se go amoge kgololesego. Go na le moo, go tla go naya kgololesego e ntsi ya gore o ‘ipelele bosha jwa gago.’ (Moreri 11:9) Mme gape o tla nna le nako ya go ipaakanya, ka gore o tokafatse botho jwa gago mme sa botlhokwa le go feta o tokafatse kamano ya gago le Modimo.—Dikhutsafalo 3:27.

Fa o ntse o ipaakanya jalo, o ka itumelela go tsalana le batho ba bong bo sele. Tsela e e molemo ya go dira seo ke efe? O ka tsalana le batho ba bong bo sele lo le setlhopha sa batho ba ba farologaneng mme lo etswe tlhoko ke mongwe yo o godileng. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Tammy a re: “Ke akanya gore go nna monate thata mo maemong a a ntseng jalo. Go botoka go nna le ditsala tse dintsi.” Monica o dumalana le seo. A re: “Ke akanya gore go tsalana lo le setlhopha jalo go molemo tota, ka gonne o kgona go tsalana le batho ba ba nang le botho jo bo sa tshwaneng.”

Fa o sa dire jalo, mme o tlhoma pelo mo mothong a le mongwe fela o ipakela mahutsana. Ka jalo se itlhaganele. Dirisa nako eno ya botshelo jwa gago o ithuta tsela ya go dira botsala jo bo nnelang ruri. Moragonyana fa o tlhopha go intsha le mongwe o tla bo o itlhaloganya botoka le gore ke dilo dife tse o di lebeletseng mo molekaneng yo o tla fetsang botshelo jotlhe le ene.