BASHA BA BOTSA JAANA
A Motho Yono o Ntshiametse?
A o bone mongwe yo e ka nnang molekane yo o molemo wa lenyalo? Fa e le gore go ntse jalo, o ka itse jang gore a motho yoo o go siametse?
Go botlhokwa gore o se ka wa leba bokafantle jwa motho fela. Aitsane mosetsana yo montle go gaisa a ka tswa a sa ikanyege kgotsa mosimane yo o ratiwang thata a ka tswa a se maitsholo mantle. O batla motho yo o tla kgonang go tshela sentle le ene—motho yo o tshwanelang botho jwa gago sentle e bile mekgele ya gagwe e tsamaisana le ya gago.—Genesise 2:18; Mathaio 19:4-6.
Go Leba ka Kwa Ga se O se Bonang
Sekaseka motho yo o mo kgatlhegelang sentle. Mme gone nna kelotlhoko! O ka iphitlhela o bona fela se o batlang go se bona. Ka jalo, o se ka wa potlakela dilo. Leka go bona gore tota motho yo o mo kgatlhegelang ke motho yo o ntseng jang.
Batho ba le bantsi ba ba ratanang ga ba lebelele dilo tsa botlhokwa. Go na le moo, ba itlhaganelela go lemoga dilo tse ba tshwanang ka tsone: “Re rata mmino o o tshwanang.” “Re itumelela go dira dilo tse di tshwanang.” “Re dumalana ka sengwe le sengwe!” Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go leba dilo tsa botlhokwa. O tshwanetse go lemoga “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:4; Baefeso 3:16) Go na le gore o tlhome mogopolo fela mo goreng lo dumalana go le kana kang, o ka ithuta go le gontsi ka motho yoo fa o ela tlhoko gore o itshwara jang fa lo sa dumalane.
Ka sekai, ela tlhoko dintlha tse di latelang:
Motho yono o tsiboga jang fa lo sa dumalane ka sengwe—a o tatalalela gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, gongwe a “phatloga ka bogale” kgotsa a dirisa “puo ya go kgoba”? (Bagalatia 5:19, 20; Bakolosa 3:8) A kgotsa motho yono o bontsha go fetofetoga le maemo—o iketleeletsa go ineela e le gore go nne go le kagiso fa fela go se na melaometheo epe ya Baebele e e tlolwang?—Jakobe 3:17.
A motho yono o dirisa matlhajana gore a bone se a se batlang, o batla o fetsa nako le ene fela, a kgotsa o lefufa? A o batla gore o mo itsise sengwe le sengwe se o se dirang? Nicole a re: “Ke a tle ke utlwalele ka batho ba ba ratanang ba bo ba lwa ka gonne yo mongwe a kgopisiwa ke gore nako le nako yo mongwe ga a mmolelele kwa a leng teng. Ke akanya gore seo se supa gore go tla nna le mathata.”—1 Bakorintha 13:4.
Batho ba bangwe ba mo leba jang? Go ka nna molemo gore o bue le batho ba ba sa bolong go mo itse, jaaka bangwe ba ba godileng mo phuthegong. Fa o dira jalo, o tla itse gore a o ‘bolelwa molemo.’—Ditiro 16:1, 2.