Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

A ke Siametse go Tsena mo Lenyalong?

A ke Siametse go Tsena mo Lenyalong?

Pele o ka araba potso eno, o tshwanetse go itlhaloganya. Ka sekai, sekaseka dintlha tse di latelang:

Tsela e o dirisanang le ba bangwe ka yone

O tshwara batsadi ba gago le bana ba kwa ga lona jang? A gantsi o palelwa ke go itshwara fa o na le bone, gongwe o dirisa mafoko a a botlhoko kgotsa a tshotlo e le gore o ntshe maikutlo a gago? Bone ba ka reng ka wena mo ntlheng eno? Tsela e o dirisanang ka yone le ba lelapa la gago e bontsha gore o tla dirisana jang le molekane wa lenyalo.​—Baefeso 4:31.

Tsela e o lebang dilo ka yone

A o motho yo o nnang a na le tsholofelo kgotsa o nna o kgobegile marapo? A o tekatekano kgotsa a ka metlha o tatalalela gore dilo di dirwe ka tsela e e rileng—tsela ya gago? A o kgona go nna o ritibetse fa o lebane le maemo a a ngomolang pelo? A o pelotelele? Go lwela go nna le dinonofo tse moya wa Modimo o di tlhagisang gone jaanong go tla go thusa go ipaakanyetsa go tsena mo lenyalong moragonyana.​—Bagalatia 5:22, 23.

Tsa madi

O dirisa madi jang? A o nna o le mo dikolotong? A o kgona go tshwarelela mo tirong? Fa go sa nna jalo, ke ka ntlha yang? A bothata ke tiro? A ke mothapi? A kgotsa ke ka gonne o na le mokgwa o o tlhokang go o tlogela? Fa e le gore ga o kgone go dirisa madi a gago sentle, o tla kgona jang go dirisa madi a lelapa sentle?​—1 Timotheo 5:8.

Kamano ya gago le Modimo

Fa e le gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o na le mekgele efe ya semoya? A o tsaya matsapa go bala Lefoko la Modimo, go ya bodireding le go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete? Motho yo o tsenang mo lenyalong le ene, o tshwanelwa ke molekane yo o nonofileng semoyeng.​—Moreri 4:9, 10.

Fa o itlhaloganya, o tla kgona go bona motho yo o tla go thusang go oketsa dinonofo tse dintle tse o nang le tsone go na le go oketsa makoa a gago.