“Baebele ke buka e e tlwaelegileng ya bodumedi. Mme ke buka e Ba-China ba sa e itseng e bile ga e na mosola mo go bone.”—LIN, CHINA.

“Ga ke kgone le go tlhaloganya dibuka tse di boitshepo tsa kereke ya me ya Sehindu. Ka jalo, nka tlhaloganya jang Baebele e e Boitshepo?”—AMIT, INDIA.

“Ke tsaya Baebele e le buka ya bogologolo e e tlotlegang e bile ke utlwile go twe ke buka e e rekilweng go di gaisa tsotlhe. Mme ga ke ise ke tsamaye ke e bone.”—YUMIKO, JAPAN.

Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba tseela Baebele kwa godimo. Le fa go ntse jalo, ba ka tswa ba itse go le gonnye fela ka yone kgotsa ba sa itse sepe. Go ntse jalo ka batho ba le dimilione ba ba nnang kwa Asia, le batho ba le bantsi ba ba nnang kwa dinageng tse Baebele e tlwaelegileng thata kwa go tsone.

Le fa go ntse jalo, o ka ipotsa gore ‘Goreng ke tshwanetse go tlhaloganya se se kwadilweng mo Baebeleng?’ Go tlhaloganya se buka eno e e boitshepo e se buang, go ka go thusa gore o:

  • Kgotsofale o bo o itumele

  • Kgone go rarabolola mathata a lelapa

  • Fenye go tlhobaela

  • Tokafatse dikamano tsa gago le ba bangwe

  • Dirise madi sentle

Ka sekai, akanya ka Yoshiko, yo o nnang kwa Japan. O ne a ipotsa gore Baebele e bua ka eng mme a swetsa ka go re a e bale. Go ne ga felela jang? “Baebele e nthusitse gore ke itse gore ke tshelela eng le go nna le tsholofelo ka isagwe.” O ne a oketsa jaana: “Ga ke tlhole ke ikutlwa ke se na mosola.” Amit, yo go builweng ka ene kwa tshimologong, o ne swetsa ka go re a sekaseke se Baebele e se buang. A re: “Ke ne ke gakgametse. Baebele e na le tshedimosetso e e molemo e e ka thusang mongwe le mongwe.”

Baebele e fetotse matshelo a batho ba le dimilione. Goreng o sa e sekaseke mme o bone gore e ka go thusa jang?