Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 ETSA TUMELO YA BONE | TIMOTHEO

“Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”

“Ngwanake yo o Rategang Le yo O Ikanyegang mo Moreneng”

TIMOTHEO o ne a gata a gatoga mo tseleng e e tswang kwa lapeng, a tlhomile matlho mo go se se larileng kwa pele. Ditsala tsa gagwe di ne di mo eteletse pele fa ba ralala masimo a Timotheo a neng a a tlwaetse thata. Ka iketlo ba ne ba katogela kgakala le motse wa Lisetera o o neng le mo thoteng. Timotheo o ne a nyenya fa a akanya ka mmaagwe le nkokoagwe, ba le motlotlo e bile ba dira gore go se ka ga bonala gore ba a lela fa ba mo lebile a tsamaya. A ke a retologe mme a laele lekgetlho la bofelo?

Gangwe le gape moaposetoloi Paulo o ne a retologa a leba Timotheo a bo a nyenya. O ne a itse gore Timotheo o ne a tla tshwanelwa ke go fedisa ditlhong mme o ne a itumeletse gore lekawana leno le matlhagatlhaga. Timotheo o ne a le monnye, gongwe a le mo dingwageng tsa bosha, mme o ne a tlotla Paulo e bile a mo rata thata. Jaanong Timotheo o ne tsamaya le monna yono yo o ikanyegang le yo o matlhagatlhaga mo loetong lo lo neng lo tla tsaya dikilometara di le dintsi. Ba ne ba tla lebana le dikotsi di le dintsi mo tseleng fa ba ntse ba tsamaya ka dinao le ka sekepe. Timotheo o ne a sa itse gore a o tla tsamaya a boela gae gape.

Ke eng se se dirileng gore lekawana leno le ipeele mokgele oo? Ke melemo efe e e neng e ka dira gore go intsha setlhabelo jalo e se ka ya nna matsapa a bophiri fela? Mme tumelo ya ga Timotheo e ka tlhotlheletsa ya rona jang?

“GO TSWA BOSEENG”

A re boele morago dingwaga di le pedi kgotsa di le tharo mme re tseye gore kwa gaabo Timotheo e ne e le kwa Lisetera. E ne e le motse o monnye, o o didimetseng e bile o na le mokgatšha o o nang le metsi a mantsi. Batho ba koo ba ka tswa ba ne ba tlhaloganya Segerika mme ba ne ba sa ntse ba bua puo ya koo e leng Selikaonia. Letsatsi lengwe go ne ga tsoga pheretlhego mo motseng oo o o didimetseng. Barongwa ba babedi ba Bakeresete e bong moaposetoloi Paulo le tsala ya gagwe e bong Barenabase ba ne ba goroga ba tswa kwa Ikonio, motse o mogolo o o neng o le gaufi. Fa ba ntse ba bolelela batho molaetsa wa Baebele, Paulo o ne a bona monna yo o golafetseng yo o neng a bontsha gore o na le tumelo. Ka jalo, Paulo o ne a dira kgakgamatso mme a mo fodisa!—Ditiro 14:5-10.

Batho ba le bantsi ba kwa Lisetera ba ne ba dumela ditlhamane tsa gore bogologolo go ne go na le medimo e e neng e itira batho e bo e tla mo kgaolong ya bone. Ka jalo, ba ne ba akanya gore Paulo ke Heremese mme Barenabase ke Seuse! Bakeresete ba babedi bano ba ba ikokobeditseng ba ne ba sa kgone go thibela batho gore ba se ka ba ba isetsa setlhabelo.—Ditiro 14:11-18.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe kwa Lisetera ba ne ba sa akanye gore ba etetswe ke medimo ya boheitane e e dirang dikgakgamatso, go na le moo, ba ne ba tsaya seo se le molemo e bile e le selo sa mmatota. Ka sekai, mosadi wa Mojuda e bong Yunise yo o nyetsweng ke monna wa Mogerika, * le mmaagwe e bong Loise, ba ne ba reeditse Paulo le Barenabase ka tlhoafalo ba itumetse. Jaanong tseno e ne e le dikgang tse Mojuda mongwe le mongwe yo o ikanyegang a neng a batla go di utlwa tsa gore Mesia o ne a tla a bo a diragatsa boporofeti jo bontsi jo bo kwadilweng ka ene mo Baebeleng!

Akanya fela gore Timotheo o ile a amiwa jang ke go bo Paulo a etile. Timotheo o ne a thapisitswe go  rata Mekwalo e e boitshepo ya Sehebera “go tswa boseeng.” (2 Timotheo 3:15) Fela jaaka mmaagwe le nkokoagwe, o ne a lemoga gore Paulo le Barenabase ba ne ba bua boammaaruri ka Mesia. Mme akanya ka monna yo o golafetseng yo Paulo a neng a mo fodisa. Go ka direga gore fa Timotheo a ntse a gola o ne a bona monna yoo ka makgetlho a le mantsi mo ditseleng tsa kwa Lisetera. Jaanong e ne e le lekgetlho la ntlha Timotheo a bona monna yono a tsamaya! Ga go gakgamatse go bo Yunise, Loise le Timotheo ba ne ba nna Bakeresete. Gompieno bommèmogolo, borremogolo le batsadi ba ka ithuta go le gontsi mo go Loise le Yunise. A lo ka tlhotlheletsa basha ka tsela e e molemo?

“KA DIPITLAGANO DI LE DINTSI”

Batho ba e neng ya nna Bakeresete kwa Lisetera ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumelela go ithuta ka tsholofelo e balatedi ba ga Keresete ba neng ba na le yone. Mme gape ba ne ba itse gore go ne go ka se nne motlhofo go nna Mokeresete. Baganetsi ba ba tlhoafetseng ba Bajuda go tswa kwa Ikonio le Antioka ba ne ba tla mo toropong, mme ba tsosa dikhuduego, ba dira gore batho ba nne kgatlhanong le Paulo le Barenabase. Go ise go ye kae, digongwana tse di galefileng di ne tsa latela Paulo mme tsa mo konopa ka matlapa. O ne a wela fa fatshe fa ba sena go mo kgobotletsa. Segopa seo se ne sa mo gogagogela kwa ntle ga motse, se ithaya se re o sule.—Ditiro 14:19.

Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba kwa Lisetera ba ne ba ya kwa go Paulo mme ba mo dikaganyetsa. Ruri ba ne ba imologa fa a bula matlho, a ema mme ka bopelokgale a boela gone mo Lisetera! Mo letsatsing le le latelang, ene le Barenabase ba ne ba ya go rera kwa motseng wa Derebe. Morago ga go dira barutwa ba basha koo, ba ne ba boela gape kwa Lisetera le fa go ne go le kotsi. Ka boikaelelo bofe? Pego eo ya re ba ne “ba nonotsha meya ya barutwa, ba ba kgothaletsa gore ba nnele ruri mo tumelong.” Akanya ka Timotheo yo mmotlana a reeditse ka tlhoafalo fa Paulo le Barenabase ba ruta Bakeresete bao gore tsholofelo ya bone e e molemo ya isagwe e ne e gaisa tsamaiso ya gompieno thata. Ba ne ba re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”—Ditiro 14:20-22.

Timotheo o ne a reetsa ka tlhoafalo se Paulo a neng a se ruta

Timotheo o ne a bone Paulo a diragalelwa ke seo, a lebana le pitlagano ka bopelokgale fela gore a bolelele ba bangwe dikgang tse di molemo. Ka jalo, Timotheo o ne a itse gore fa a ka latela sekao sa ga Paulo, batho ba kwa Lisetera ba ne ba tla mo ganetsa e bile rraagwe le ene o ne a ka mo ganetsa. Mme Timotheo o ne a ka se letle kgatelelo eo e dira gore a se ka a direla Modimo jaaka a ne a sweditse. Gompieno go na le basha ba le bantsi ba ba tshwanang le Timotheo. Ka botlhale ba tlhopha ditsala tse di nang le tumelo e e nonofileng le tse di tla ba kgothatsang le go ba nonotsha e bile ga ba  letle go ganediwa go dira gore ba se ka ba direla Modimo.

“O NE A BOLELWA KA MOLEMO KE BAKAULENGWE”

Jaaka go boletswe pelenyana, gongwe Paulo o ne a eta gape morago ga dingwaga di le pedi kgotsa di le tharo. Akanya kafa go neng go itumetswe ka gone kwa gaabo Timotheo fa Paulo a goroga, mme mo lekgetlhong leno a na le Silase. Paulo le ene o ne a itumelela nako eo. O ne a iponela kgolo ya dipeo tsa boammaaruri tse a neng a di jadile kwa Lisetera. Go ne go na le Loise le morwadie e bong Yunise, ba e neng e le basadi ba ba ikanyegang ba Bakeresete, ba ba nang le “tumelo . . . e e se nang boitimokanyo” e Paulo a neng a e kgatlhegela thata. (2 Timotheo 1:5) Mme go tweng ka Timotheo yo mmotlana?

Paulo o ne a lemoga gore Timotheo o ne a godile ka tsela e e kgatlhang fa e sa le a ba etetse. Timotheo “o ne a bolelwa ka molemo ke bakaulengwe” mo Lisetera le kwa Ikonio, e e neng e le dikilometara di ka nna 32 go ela kwa bokonebotlhaba. (Ditiro 16:2) Go tlile jang gore a buiwe bontle jaana?

“Mekwalo e e boitshepo” e Timotheo a neng a e rutilwe ke mmaagwe le nkokoagwe “go tswa boseeng,” e ne e akaretsa kgakololo e e utlwalang le e e thusang basha. (2 Timotheo 3:15) Nngwe ya tsone ke eno: “Gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” (Moreri 12:1) Timotheo o ne a tlhaloganya mafoko ao sentle fa a sena go nna Mokeresete. O ne a lemoga gore tsela e nngwe e e molemo ya go gopola Mmopi yo Mogolo ke go bolelela batho dikgang tse di molemo ka Morwawe e bong Keresete. Ka iketlo Timotheo o ne a kgona go nna pelokgale go bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo ka Jesu Keresete le go fedisa ditlhong tse di neng di dira gore a tshabe.

Banna ba ba etelelang pele mo diphuthegong ba ne ba lemoga kgatelopele ya ga Timotheo. Ga go pelaelo gore ba ne ba amilwe ke go bona mosha yono a gola e bile a kgothatsa mongwe le mongwe yo o neng a tshela le ene. Se se botlhokwa le go feta ke gore Jehofa o ne a lemoga Timotheo. Modimo o ne a tlhotlheletsa gore go kwalwe boporofeti bongwe ka ene—gongwe ka tirelo e a neng a tla e direla diphuthego di le dintsi. Fa Paulo a ne a etile, o ne a lemoga gore Timotheo a ka mo thusa mo tirong ya gagwe ya borongwa ya go etela diphuthego. Bakaulengwe ba kwa Lisetera ba ne ba dumela. Ba ne ba baya lekawana leno diatla, go bontsha gore o ne a tlhomiwa go dira tiro e e kgethegileng mo tirelong ya ga Jehofa Modimo.—1 Timotheo 1:18; 4:14.

Jaaka re ka akanya, maikarabelo ano a magolo a ne a gakgamatsa Timotheo mme a dira gore a nne boikokobetso. O ne a ikemiseditse go tsamaya. * Rraagwe Timotheo yo e neng e se Mokeresete o ne a ikutlwa jang ka kgang ya gore morwawe e tla nna moreri yo o etang wa Mokeresete? A ka tswa a ne a akantse ka dilo di le dintsi ka isagwe ya morwawe. Go tweng ka mmaagwe Timotheo le nkokoagwe? A ba ne ba le motlotlo ka Timotheo mme ba leka go dira gore go se ka ga bonala gore ba tshwenyegile ka pabalesego ya gagwe? Go ne go tla bo go tlwaelegile go ikutlwa jalo.

Se re se itseng ke gore Timotheo o ne a dumela. Mo mosong o go builweng ka one kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a simolola go tsamaya le moaposetoloi Paulo. Fa a ntse a katogela kgakala le Lisetera, matlapa a masesane a a neng a le mo bomphaatšhaneng ba gagwe le modumo wa tlhaga e a neng a tsamaya mo go yone, di ne di bontsha gore o atamela lefelo le a neng a ya kwa go lone a sa le itse. Morago ga go tsamaya lobaka lo loleele, banna bao ba bararo ba ne ba goroga kwa Ikonio. Ka jalo, Timotheo o ne a simolola go ela tlhoko kafa Paulo le Silase ba neng ba fetisa ditaelo tse di tswang kwa setlhopheng se se laolang ka gone le go nonotsha tumelo ya Bakeresete ba kwa Ikonio. (Ditiro 16:4, 5) Mme seo e ne e le tshimologo fela.

Fa bareri bano ba sena go etela diphuthego tsa Galatia, ba ne ba tlogela ditsela tse di siameng tsa Roma mme ba tsamaya dikilometara di le dintsi go ralala dithaba tsa Feregia ba ya kwa bokone, go tswa foo ba bo ba ya kwa bophirima. E re ka ba ne ba latela kaelo ya moya o o boitshepo wa Modimo ka botlalo, ba ne ba ya kwa Teroase mme ba kgabaganyetsa kwa Makedonia ka sekepe. (Ditiro 16:6-12) Ka nako eo, Paulo o ne a bona kafa Timotheo a leng botlhokwa ka gone. Paulo o ne a mo tlogela le Silase kwa Berea. (Ditiro 17:14) O ile a bo a romela lekawana leo le le nosi kwa Thesalonika. Fa Timotheo a goroga koo, o ne a dira se a neng a bone ba se dira fa a tsamaya le bone mme a  kgothatsa Bakeresete ba ba ikanyegang koo.—1 Bathesalonika 3:1-3.

Moragonyana Paulo o ne a kwala jaana ka Timotheo: “Ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang.” (Bafilipi 2:20) Ga go a itiragalela fela gore Timotheo a buiwe molemo. Timotheo o ne a dira ka natla, a direla ka boikokobetso le go itshoka ka boikanyegi fa a lebane le dikgwetlho tse dikgolo. Ruri ke sekao se se molemo mo basheng gompieno! O se ka wa lebala gore ke wena o ka itirelang leina le le molemo. Fa e le gore o mosha, o na le tshono ya go itirela leina le le molemo ka go dira gore Jehofa Modimo a tle pele mo botshelong jwa gago le go tshwara ba bangwe ka bopelonomi le ka tlotlo.

“DIRA BOJOTLHE JWA GAGO GORE O TLE KWA GO NNA”

Timotheo o ne a nna moreri wa Mokeresete a sa le mosha

Mo dingwageng di ka nna 14 tse di fetileng, Timotheo o ne a fetsa nako e ntsi a dira le tsala ya gagwe e bong moaposetoloi Paulo. O ne a lebana le dikotsi tse Paulo a neng a lebana le tsone mo tirong ya gagwe le go bona boitumelo jo a neng a bo bona. (2 Bakorintha 11:24-27) Ka nako nngwe Timotheo o ne a tshwarelwa se a se dumelang. (Bahebera 13:23) Gape o ne a rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete thata e bile a amega ka bone fela jaaka Paulo. Ka jalo Paulo o ne a mo kwalela jaana: “Ke gakologelwa dikeledi tsa gago.” (2 Timotheo 1:4) Fela jaaka Paulo, go lebega Timotheo a ne a ithutile go ‘lela le ba ba lelang’ le go tlhaloganya maemo a bone gore a kgone go ba kgothatsa le go ba gomotsa. (Baroma 12:15) E kete le rona re ka ithuta go dira jalo!

Ga go gakgamatse go bo Timotheo a ile a nna molebedi yo o molemo wa Mokeresete fa nako e ntse e tsamaya. Paulo ga a ka a naya Timotheo maikarabelo a go etela diphuthego go ya go di nonotsha le go di kgothatsa fela, gape o ne a tshwanetse go tlhoma banna ba ba neng ba tshwanelega go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo phuthegong.—1 Timotheo 5:22.

Paulo o ne a rata Timotheo thata, a mo naya kaelo e e molemo e bile a gakolola lekawana leno jaaka rre. O ne kgothaletsa Timotheo gore lorato lo a ratang Jehofa ka lone le gole le gore botswelelopele jwa gagwe bo bonatshege mo bathong botlhe. (1  Timotheo 4:15, 16) O ne a kgothaletsa Timotheo gore a se ka a letla bosha jwa gagwe—gongwe le go nna ditlhong—di dira gore a palelwe ke go emela se se siameng. (1 Timotheo 1:3; 4:6, 7, 11, 12) Paulo o ne a bo a gakolola Timotheo gore a dire jang fa a lwala kgotsa fa a tshwerwe ke mala, e leng se se neng se tle se mo diragalele.—1 Timotheo 5:23.

Nako e ne ya goroga e Paulo a neng a itse gore o tloga a bolawa. O ne a romelela Timotheo lekwalo la bofelo le le tlhotlheleditsweng. Le ne le na le mafoko ano a a amang: “Dira bojotlhe jwa gago gore o tle kwa go nna mo bogautshwaneng.” (2 Timotheo 4:9) Paulo o ne a rata Timotheo thata e bile a mmitsa “ngwanake yo o rategang le yo o ikanyegang mo Moreneng.” (1 Bakorintha 4:17) Ga go gakgamatse go bo a ne a batla tsala ya gagwe gaufi le ene pele a swa! Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa gore ‘A batho ba tla kwa go nna gore ke ba gomotse fa ba lebane le mathata?’

A Timotheo o ne a goroga kwa go Paulo ka nako? Ga re itse. Se re se itseng ke gore ka metlha o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go gomotsa le go kgothatsa Paulo le ba bangwe. Timotheo o ne a tshelela leina la gagwe le le kayang “Yo o Tlotlang Modimo.” Mme o ne a re tlogelela sekao se se molemo sa tumelo, gore rotlhe re mo etse.

^ ser. 9 Bona setlhogo se se reng “A o Ne o Itse?” mo makasineng ono.

^ ser. 20 Tota e bile Timotheo o ne a ikemiseditse go rupisiwa jaaka Paulo a ne a mo kopile—e seng ka gonne Bakeresete ba ne ba tshwanetse go go dira, mme ka gonne Paulo o ne a sa batle gore Bajuda ba nne le mabaka ape a go sa reetse Timotheo yo rraagwe e neng e le Moditšhaba fa a ba rerela.—Ditiro 16:3.