O IKUTLWA jang fa o akanya ka go tsofala? Ba le bantsi ba a tshwenyega, ba a tlhobaela e bile ba a boifa. Seno ke ka gonne gantsi go tsofala go amanngwa le dilo tse di kgobang marapo tse di jaaka go fetoga ga ditebego, go nna bokoa mo mmeleng, go latlhegelwa ke tlhaloganyo le malwetse a a sa foleng.

Le fa go ntse jalo, tsela e batho ba tsofalang ka yone ga e tshwane. Ba bangwe ba nna le botsogo jo bo molemo mo mmeleng le mo mogopolong fa ba ntse ba tsofala. Tsela e dilo tsa kalafi di gatetseng pele ka yone e dira gore bangwe ba kgone go ikalafa kgotsa go laola malwetse a a sa alafegeng. Seno se dira gore batho ba mo dinageng tse dingwe tse dintsi ba tshele lobaka lo loleele ba sa lwale.

Le fa go ntse jalo, e ka ne batho ba lebana le mathata a botsofe kgotsa nnyaa, ba le bantsi ba eletsa go itumela le fa ba tsofetse. Seno se ka direga jang? Ka bokhutshwane re ka re, seo se ikaegile ka gore motho o na le boikutlo bofe le gore o ikemiseditse go le kae e bile o na le maatla a a kana kang go lebana le botsofe. Go bona thuso ka seno, a re sekaseke melaometheo e e motlhofo le e e mosola ya Baebele.

NNA BOINGOTLO: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) “Ba ba boingotlo” fano ba ka kaya bagodi ba ba lemogang gore ga ba tlhole ba kgona go dira dilo tse ba neng ba di dira e bile ba sa leke go itlhokomolosa seo. Charles wa dingwaga di le 93, wa kwa Brazil o bua boammaaruri fa a re: “Fa o tswelela o tshela, o tla tsofala. Ga o ka ke wa busetsa dilo kwa morago.”

Le fa go ntse jalo, go nna boingotlo ga go kaye go nna le boikutlo jo bo sa siamang jwa gore, “Ke tsofetse e bile ga go sepe se nka tlholang ke se dira.” Boikutlo jono bo ka dira gore o felelwe ke maatla. Diane 24:10 ya re: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” Ka jalo, motho yo o boingotlo o bontsha botlhale ka go leba dilo sentle le go dira se a se kgonang.

Corrado wa dingwaga di le 77 wa kwa Italy a re: “Fa o palama thaba ka koloi, o tshwanetse go fetola dikere gore e se ka ya ema.” Ke boammaaruri gore fa motho a tsofala o tlhoka go dira diphetogo. Corrado le mosadi wa gagwe ba ne ba nna tekatekano fa ba dira ditiro tsa mo lelapeng ka go itirela thulaganyo e e motlhofo gore ba se ka ba lapa thata. Marian wa dingwaga di le 81 wa kwa Brazil, le ene o leba botsofe ka tsela  e e siameng. A re: “Ke ithutile go dira dilo ka tsela e e ntshiametseng. Fa ke dira ditiro dingwe, ke tla ke ikhutsa fa go tlhokega. Ke nna fa fatshe kgotsa ke a rapama gore ke bale kgotsa ke reetse mmino. Ke ithutile go amogela gore ga ke tlhole ke kgona go dira dilo dingwe.”

Nna tekatekano

NNA TEKATEKANO: “Basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo.” (1 Timotheo 2:9) Mafoko “diaparo tse di rulagantsweng sentle” a kaya go nna tekatekano le go tlhopha sentle. Barbara wa dingwaga di le 74 wa kwa Canada a re: “Ke batla go lebega sentle e seng go nna le boikutlo jwa gore ‘Ke tsofetse; ga ke kgathale gore ke lebega jang.’” Fern wa dingwaga di le 91 wa kwa Brazil a re: “Nako nngwe ke ithekela diaparo tse disha, mme seo se dira gore ke itumele.” Mme go tweng ka borremogolo? Antônio wa dingwaga di le 73 wa kwa Brazil a re: “Ke leka ka bojotlhe go nna montle ka go apara diaparo tse di phepa.” O oketsa jaana fa a bua ka bophepa: “Ke tlhapa letsatsi le letsatsi e bile ke beola ditedu.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go botlhokwa gore o se ka wa tshwenyega thata ka tsela e o lebegang ka yone mo o palelwang ke go dira dilo ka go “itekanela sentle ga mogopolo.” Bok-im wa dingwaga di le 69 wa kwa Korea Borwa, o tekatekano mo tseleng e a lebang diaparo ka yone. A re: “Ke lemoga sentle gore go tla bo go se bori go apara diaparo tse ke neng ke di apara fa ke sa le mosha.”

Nna le boikutlo jo bo siameng

NNA LE BOIKUTLO JO BO SIAMENG: “Malatsi otlhe a yo o bogisiwang a bosula; mme yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.” (Diane 15:15) Fa o tsofala, o ka utlwisiwa botlhoko ke gore ga o tlhole o kgona go dira dilo tse o neng o di dira fa o ne o le mosha. Go a utlwala go bo o ikutlwa jalo. Mme lwela gore o se ka wa fekeediwa ke boikutlo joo. Go nnela go akanya ka dinako tse di fetileng go ka go kgoba marapo ga bo ga dira gore o se ka wa dira dilo tse o sa ntseng o kgona go di dira. Joseph wa dingwaga di le 79 wa kwa Canada a re: “Ke leka go itumelela go dira dilo tse ke kgonang go di dira go na le go nnela go tshwenyega ka dilo tse ke neng ke tle ke di dire mme ke sa tlhole ke kgona go di dira.”

Go bala le go ithuta le gone go ka dira gore o lebe dilo sentle ga bo ga dira gore o amogele dilo tse disha. Ka jalo, leka go batla ditshono tsa go bala le go ithuta dilo tse disha. Ernesto wa dingwaga di le 74 wa kwa Ditlhakatlhakeng Tsa Philippine o ya kwa laeboraring go batla dibuka tse di kgatlhang tse a ka di balang. A re: “Ke sa ntse ke rata go ithuta dilo tse disha, ke itumelela go bala dilo tse di kgatlhang.” Lennart wa dingwaga di le 75 wa kwa Sweden o ne a ithuta puo e nngwe, e leng selo se se tlhokang go tseelwa matsapa.

Nna pelotshweu

 NNA PELOTSHWEU: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.” (Luke 6:38) Itlwaetse go fetsa nako ya gago o na le ba bangwe le go ba abela se o nang le sone. Seno se tla dira gore o kgotsofale o bo o itumele. Le fa Hosa wa dingwaga di le 85 wa kwa Brazil a le bokoa mo mmeleng, o leka ka natla go thusa ba bangwe. A re: “Ke founela ditsala tsa me tse di lwalang kgotsa tse di kgobegileng marapo le go di kwalela makwalo. Ka dinako dingwe ke di romelela dimphonyana. Gape ke rata go apeela balwetse kgotsa go ba direla phuding.”

Go abela ba bangwe go dira gore le bone ba re abele. Jan wa dingwaga di le 66 wa kwa Sweden a re: “Fa o rata batho ba bangwe le bone ba tla go rata.” Ke boammaaruri gore batho ba itumelela go nna le motho yo o pelotshweu e bile a le lorato.

NNA BOTSALANO: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Le fa gone ka dinako dingwe o ka batla go nna o le nosi, o se ka wa itlhaola. Innocent wa dingwaga di le 72 wa kwa Nigeria o itumelela go fetsa nako le ditsala. A re: “Ke itumelela go itsalanya le batho ba dingwaga tse di farologaneng.” Börje wa dingwaga di le 85 wa kwa Sweden a re: “Ke itumelela go fetsa nako le basha. Matlhagatlhaga a bone a dira gore ke ikutlwe e kete ke mosha gape.” Leka go laletsa ditsala gangwe le gape. Han-sik wa dingwaga di le 72 wa kwa Korea Borwa a re: “Nna le mosadi wa me re rata go laletsa ditsala tsa dingwaga tse di farologaneng—bagolo le basha—gore ba re etele kgotsa ba tle go ja dijo tsa maitseboa le rona.”

Nna botsalano

Batho ba itumelela go tlotla le batho ba ba botsalano. Mme motlotlo o akaretsa go bua le batho le go ba reetsa. Kgatlhegela batho ba bangwe. Helena wa dingwaga di le 71 wa kwa Mozambique a re: “Ke botsalano e bile ke tlotla batho ba bangwe. Ke a ba reetsa gore ke lemoge gore ba akanya eng le gore ba rata eng.” José wa dingwaga di le 73 wa kwa Brazil a re: “Batho ba itumelela go nna le motho yo o ba reetsang—yo o ba utlwelang botlhoko, yo o ba kgatlhegelang, yo o ba akgolang fa go tlhokega, yo o itumetseng e bile a rata metlae.”

Fa o ntsha maikutlo, leka go ‘loka puo ya gago ka letswai.’ (Bakolosa 4:6) Akanyetsa ba bangwe o bo o ba kgothatse.

LEBOGA: “Itshupeng lo na le tebogo.” (Bakolosa 3:15) Fa o thusiwa, bontsha gore o itumelela seo. Go leboga go dira gore go nne le botsala jo bo molemo. Marie-Paule wa dingwaga di le 74 wa kwa Canada, a re: “Bosheng jaana nna le mogatsake re ne ra fudugela mo foleteng re tswa mo ntlong. Ditsala tsa rona tse dintsi di ne tsa tla go re thusa. Re ne re sa itse gore re ka ba leboga ka eng. Re ne ra ba romelela dikarata re ba leboga mme fa e sa le ka nako eo, re nna re laletsa bangwe ba bone go tla go ja le rona.” Jae-won wa dingwaga di le 76 wa kwa Korea Borwa o itumelela gore bakaulengwe ba nna ba mo tsaya ka dikoloi tsa bone go ya Holong ya Bogosi. A re: “Ke ba leboga ka go ba naya madi a leokwane. Ka dinako tse dingwe ke dira dimphonyana ke bo ke kwala mafoko a tebogo.”

Sa botlhokwa le go feta, lebogela go bo o tshela. Kgosi Solomone o re gakolola jaana: “Ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng.” (Moreri 9:4) Ee, fa o leba dilo sentle e bile o ikemiseditse go fetoga le seemo, o ka kgona go itumela fa o ntse o tsofala.

Leboga