KE ENG se se tlang mo mogopolong wa gago fa go buiwa ka mokoa wa matlakala? Gongwe o akanya ka lefelo le le tletseng matlakala e bile go nkga bosula. Ka jalo, o ka se solofele go bona sengwe se se tlhwatlhwakgolo kgotsa letlotlo lengwe mo lefelong leo.

Mme gone, mo dingwageng di le 100 tse di fetileng go ile ga fitlhelwa letlotlo mo lefelong leo—mo matlakaleng. Le fa gone e ne e se letlotlo la mmatota, e ne e le sengwe se se tlhwatlhwakgolo. Letlotlo leo e ne e le eng? Le botlhokwa jang mo go rona gompieno?

GO BONWA SENGWE SE SE SA LEBELELWANG

Go ela kwa masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, baithuti ba kwa Yunibesithing ya Oxford e bong Bernard P. Grenfell le Arthur S. Hunt, ba ne ba etela Egepeto. Fa ba le kwa lefelong la matlakala le le gaufi le Mokgatšha wa Nile, ba ne ba bona dikgapetla di le mmalwa tsa papirase. Moragonyana ka 1920, fa baithuti bano ba babedi ba ntse ba rulaganya dikgapetla tseno, Grenfell o ne a tla le dikgapetla tse dingwe tse di neng di epolotswe mo Egepeto. O ne a di reketse Laeborari ya kwa Manchester, kwa Engelane e leng The John Rylands. Le fa go ntse jalo, banna bano ba ne ba tlhokafala pele ba fetsa go rulaganya dikgapetla tseno.

Moithuti yo mongwe wa kwa Oxford University e bong Colin H. Roberts, o ne a feleletsa go di rulaganya. Fa a ntse a tshwaregile ka tiro ya gagwe, o ne a bona papirase ya boleele jwa disentimetara di le 9 le bophara jwa disentimetara di le 6. O ne a gakgamadiwa ke gore mokwalo oo wa Segerika o ne o na le mafoko a a a tlwaetseng. Ka fa letlhakoreng le lengwe go ne go na le mafoko a Johane 18:31-33. Mme ka fa go le lengwe go na le dikarolo dingwe tsa temana 37 le 38. Roberts o ne a lemoga gore o bone letlotlo le le tlhwatlhwakgolo.

KE TSA LENG?

Roberts o ne a akanya gore kgapetla eno ya papirase e tshwanetse ya bo e le ya bogologolo. Mme tota e ne e le ya leng? Go itse seo, o ne a bapisa mokwalo wa yone wa seatla le e mengwe ya bogologolo—thuto e e bidiwang paleography. * Go dira jalo go ne ga mo thusa gore a bone gore e ka tswa e le ya ngwaga ofe. Mme gone o ne a sa tlhomamisega. Ka jalo, o ne a romelela baitse ba le bararo ba papirase senepe sa kgapetla eo go tlhomamisa gore ke ya ngwaga ofe. Ba ne ba reng?

Fa baitse bano ba bararo ba sena go sekaseka tsela e go neng go kwalwa ka yone le matshwao a mangwe, ba ne ba dumalana gore kgapetla eno e ne ya kwalwa mo bogareng jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E.—masome a le mmalwa a dingwaga morago ga loso lwa ga moaposetoloi Johane! Le fa go ntse jalo, mokgwa ono wa go bapisa mokwalo o o rileng le mekwalo ya bogologolo o ka se ikanngwe ka botlalo, tota e bile moithuti mongwe a re kgapetla eno e ne ya kwalwa nako nngwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga. Le fa go ntse jalo, kgapetlana eno ya papirase e sa ntse e le kgapetla ya bogologolo go gaisa tsotlhe ya mokwalo wa seatla wa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

PAPIRASE YA RYLANDS E SENOLA ENG?

Ke ka ntlha yang fa kgapetla eno ya Efangele ya ga Johane e le botlhokwa thata jaana mo bathong ba ba ratang Baebele gompieno? Ka ntlha ya mabaka a mabedi. Sa ntlha, kgapetla eno e re thusa go tlhaloganya kafa Bakeresete ba bogologolo ba neng ba tseela Baebele kwa godimo ka gone.

Ke ka ntlha yang fa kgapetla eno ya Efangele ya ga Johane e le botlhokwa thata jaana mo bathong ba ba ratang Baebele gompieno?

 Mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E., go ne go dirisiwa momeno le codex. Memeno e ne e dirilwe ka papirase kgotsa ka letlalo le le kopantsweng kgotsa le le rokagantsweng gore e nne momeno o le mongwe o moleele. Ka jalo, o ne o ka menwa kgotsa wa menololwa fa go tlhokega. Gantsi go ne go kwalwa mo letlhakoreng le le lengwe fela la momeno.

Le fa go ntse jalo, kgapetla e Roberts a neng a e bona e ne e kwadilwe mo matlhakoreng oomabedi. Seno se ka raya gore e ne e le codex e seng momeno. Codex e ne e dirilwe ka papirase e e neng e rokagantsweng le go menwa gore e nne jaaka buka.

Codex e ne e le botoka ka tsela efe fa e bapisiwa le momeno? Se lebale gore Bakeresete ba bogologolo e ne e le bareri. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba ne ba anamisa molaetsa wa Baebele gongwe le gongwe fela kwa batho ba leng gone—kwa matlong, kwa marekisetsong le mo mebileng. (Ditiro 5:42; 17:17; 20:20) Ka jalo, go ne go le botoka fa dibuka tsa Baebele di kopantswe.

Gape codex e ne e dira gore go nne motlhofo gore diphuthego le batho ba itirele dikhopi tsa Dikwalo. Ka jalo, Diefangele di ne di kwalololwa ka bontsi mme seo se ne se thusa gore phuthego e gole ka bonako.

Kgapetla ya Rylands kwa pele le kwa morago

Lebaka la bobedi la go bo kgapetla ya Rylands e le botlhokwa mo go rona gompieno ke gore e bontsha kafa mokwalo wa ntlhantlha wa Baebele o kwalolotsweng ka nepo ka gone. Le fa kgapetla eno e na le ditemana di le mmalwa fela tsa Efangele ya ga Johane, dintlha tsa yone di tshwana le tse re di balang gompieno mo Dibaebeleng tsa rona. Ka jalo, kgapetla eno ya Rylands e bontsha gore molaetsa wa Baebele ga o ise o fetoge le fa go ntse go kwalololwa dikhopi di le dintsi tsa yone.

Ke boammaaruri gore kgapetla ya Rylands ya Efangele ya ga Johane ke bontlhanngwe jwa bosupi jo bontsi jwa dikgapetla le mekwalo ya seatla e e tlhomamisang gore molaetsa wa Baebele o kwalolotswe ka nepo. Werner Keller o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Bible as History: “[Mekwalo eno ya seatla] ya bogologolo ke bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore molaetsa o o mo Dibaebeleng tsa rona o boammaaruri e bile o ka ikanngwa.”

Se Bakeresete ba se dumelang ga se a thewa mo dilong tse baithutamarope ba di fitlheletseng. Tota Bakeresete ga ba a ikaega ka dilo tse baithutamarope ba di fitlheletseng. Ba dumela gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Le fa go ntse jalo, a bo re itumela jang ne fa re bona matlotlo a bogologolo a tlhomamisa se Baebele e sa bolong go se bua fa e re: “Lefoko la ga Jehofa lone le nnela ruri”!—1 Petere 1:25.

^ ser. 8 Go ya ka buka ya Manuscripts of the Greek Bible, palaeography “ke go ithuta mekwalo ya bogologolo.” Fa nako e ntse e tsamaya, mekwalo ya seatla e a fetoga. Seno se ka thusa baitse go lemoga gore mekwalo e e rileng ke ya leng fa e bapisiwa le dibuka tse dingwe tsa bogologolo.