Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Timgad—Motse o o Fitlhegileng o a Senoga

Timgad—Motse o o Fitlhegileng o a Senoga

MMATLISISI wa segatlhamelamasisi o ne a sa dumele se a se bonang. Kago ya bogologolo ya Roma e ne e bipilwe go se kae ke motlhaba wa sekaka sa Algeria! Fa monna wa Mo-Scotland e bong James Bruce a ne a ribolola seno ka 1765, o ne a sa lemoge gore o eme mo maropeng a lefelo le legolo le Baroma ba kileng ba le aga kwa Afrika Bokone—motse wa bogologolo wa Thamugadi, o gone jaanong o bidiwang Timgad.

Dingwaga di feta lekgolo tse di fetileng, ka 1881, baithutamarope ba Bafora ba ne ba simolola go ribolola masaledi a Timgad. Ba ne ba swetsa ka gore le fa motse ono e le sekaka, baagi ba one ba ne ba tshela botshelo jwa manobonobo. Tota ke eng se se tlhotlheleditseng Baroma go aga kolone ya maemo mo lefelong leno? Mme re ka ithuta thuto efe malebana le motse ono le baagi ba one?

LEANO LE LE BOFITLHA LA BOPOLOTIKI

Fa Baroma ba ne ba atolosetsa puso ya bone kwa Afrika Bokone mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E., ba ne ba ganediwa ke ditšhaba tsa bafaladi. Baroma ba ne ba tla tshela jang ka kagiso le baagi ba lefelo leno? Mo lekgetlong la ntlha, Mophato wa Boraro wa ga Augustus o ile wa aga dikampa tse dintsi le mafelo a tshireletso mo karolong e e dithaba e gompieno e itsegeng e le bokone jwa Algeria. Moragonyana ba ne ba aga toropo ya Timgad, mme ka maikaelelo a a bofitlha.

Kwa tshimologong, Baroma ba ne ba re ba aga Timgad gore go nne masole a a lebogileng tiro, mme tota ba ne ba na le lebaka le lengwe—go koafatsa ditšhaba tse di gaufi tse di neng di ba lwantsha. Leano leo le ne la atlega. Botshelo jwa manobonobo jwa kwa Timgad bo ne jwa simolola go ngoka baagi ba ba neng ba tla go rekisa mo toropong. E re ka ba ne ba solofetse go amogelwa kwa Timgad, kwa go neng go letleletswe baagi ba Roma fela, baagi ba bantsi ba koo ba ne ba tsenela Sesole sa Roma ka dingwaga di le 25 gore bone le bomorwaabone ba bone lekwalo la boagi la Roma.

Baafrika bangwe ba ba neng ba sa kgotsofalele fela go nna le lekwalo la boagi la Roma, ba ne ba feleletsa ba na le maemo mangwe kwa Timgad kgotsa kwa metseng e mengwe e e neng e laolwa ke Roma. Leano le le bofitlha la Baroma la go gapa ditšhaba tse di bapileng le bone, le ile la atlega thata jaana mo e leng gore morago ga dingwaga di le 50 Timgad e agilwe, bontsi jwa baagi ba yone e ne e le batho ba kwa Afrika Bokone.

KAFA ROMA E NGOKILENG BATHO KA GONE

Marekisetso a dipilara le magora a mantle

Baroma ba kgonne jang go ngoka baagi ba Afrika Bokone ka bonako jaana? Ba ne ba dira gore baagi ba  nne le maemo a a lekanang—molaomotheo o radipolotiki wa Moroma e bong Cicero a neng a o ruta batho. Naga e ne ya kgaoganngwa ka go lekana magareng ga masole a Baroma le baagi ba Baafrika. Motse o ne o agilwe sentle o na le ditsela tse di tlhamaletseng tse di kgaoganyang matlo a disekweremetara di ka nna 20. Ga go pelaelo gore thulaganyo eo e ne ya kgatlha baagi.

Fela jaaka kwa metseng e mentsi ya kwa Roma, baagi ba ne ba kopana kwa patlelong ya marekisetso a a tlhanaselang go utlwa dikgang tsa bosheng kgotsa go tshameka metshameko mengwe. Go ka direga gore batho ba ba nnang gaufi le dithaba tse di sebatla ba ne ba ipona ba tsamaya mo meriting ya mathudi mo letsatsing le le mogote kgotsa ba repile mo dibateng tsa go thuma tsa batho botlhe tse go tsenwang mahala mo go tsone ba reeditse mosumo wa metsi. Ba ka tswa ba ne ba ipona ba ntse go bapa le diphororo tse di lapolosang, ba tlotla le ditsala. Gongwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore dilo tseno tsotlhe ke go ijesa dijo tsa ditoro.

Leje le le gabilweng medingwana ya tharonngwe

Bobogelo jo bo se nang marulelo le jone bo nnile le seabe se segolo mo go ngokeng batho. E re ka bo ne bo tshola batho ba feta 3 500, go ne go tla batho ba bantsi ba ba tswang kwa Timgad le kwa ditoropong tse di mabapi. Badiragatsi ba ne ba bontsha ka tsela e e bofitlha boitlosobodutu jwa Baroma jwa tlhakanelodikobo ka go tshameka diterama tsa boitsholo jo bo sa siamang kgotsa tsa thubakanyo.

Bodumedi jwa Roma le jone bo nnile le seabe. Bodilo le dipota tsa mafelo a go tlhapa di ne di kgabisitswe ka ditshwantsho tsa mebalabala tse di neng di bontsha dilo tse di neng di direga mo ditlhamaneng tsa boheitane. E re ka baagi ba ne ba tla ka metlha mo mafelong ano, ba ne ba simolola go tlwaela medimo ya Baroma le bodumedi jwa bone. Boiteko jwa Baroma jwa go gapa Baafrika gore ba dirise setso sa bone bo ne jwa atlega thata jaana mo e leng gore maje a a gabilweng a ne a kgabisiwa ka medimo ya tharonngwe ya lefelo leo le ya Baroma.

MOTSE O MONTLE O A LEBALWA

Fa Mmusimogolo Trajan a ne a aga motse ono ka 100 C.E., Baroma ba ne ba kgothaletsa batho go lema lotlhaka, lookwane lwa motlhware le beine kwa Afrika Bokone yotlhe. Go ise go ye kae, lefelo leno e ne ya nna mabolokelo a dikungo tseno a mmusomogolo wa Roma. Fela jaaka metse e mengwe e e neng e busiwa ke dinaga tse dingwe, Timgad e ne ya atlega fela thata fa e ne e busiwa ke Baroma. Fa nako e ntse e tsamaya, Timgad e ne ya gola mme motse wa nonofa go feta dipota tsa one.

Baagi le beng ba naga ba ne ba atlega fa ba dira kgwebo le Roma, mme balemi bone ba ne ba sa solegelwe molemo. Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E., go tlhoka tshiamiso le go duedisa makgetho a mantsi go ne ga dira gore balemi ba dipolasi tse dinnye ba tsuologe. Bangwe ba bone ba ba neng ba tsene mo bodumeding jwa Katoliki ba ne ba nna balatedi ba ga Donatus—setlhopha se se neng se ipitsa Bakeresete se se kgatlhanong le bonweenwee jwa Kereke ya Katoliki.—Bona lebokose le le reng “ Ba-Donatus—Ga se ‘Kereke e e Itshekileng.’

Dikgotlhang tsa bodumedi, dintwa tsa selegae le tsa ditšhaba di sele tse di lolweng ka dingwaga di le makgolo, di ne tsa dira gore baagi ba kwa Afrika  Bokone ba se tlhole ba ngokwa ke ditlhabologo tsa Baroma. Mo lekgolong la borataro la dingwaga C.E., ditšhaba tsa Baarabia tse di mabapi di ne tsa fisa Timgad lorelore mme kgabagare ya lebalwa ka dingwaga di feta 1 000.

“BOTSHELO RURI!”

Mokwalo wa Selatine o o fitlhetsweng mo patlelong o o reng: “Go tsoma, go tlhapa, go tshameka, go tshega—botshelo ruri!”

Baithutamarope ba ba neng ba epa masaledi a Timgad ba ne ba gakgamadiwa ke mokwalo wa Selatine o o fitlhetsweng mo patlelong. O balega jaana: “Go tsoma, go tlhapa, go tshameka, go tshega—botshelo ruri!” Moitsehisitori mongwe wa Mofora o ne a re seno se “tlhalosa filosofi e e sa utlwaleng e gongwe bangwe ba ka e tsayang e le sephiri sa botlhale.”

Tota e bile, Baroma ga ba bolo go gagamalela botshelo jono ka lobaka lo loleele. Moaposetoloi wa Mokeresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Paulo o ne a bua ka batho ba ba neng ba re “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” Le fa Baroma e ne e le badumedi, ba ne ba tshelela menate ya nakwana ba sa akanye sepe ka boikaelelo jwa botshelo. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete mmogo le ene gore ba itise mo bathong bao ka go re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.”—1 Bakorintha 15:32, 33.

Le fa batho ba kwa Timgad ba ile ba tshela dingwaga di le 1 500 tse di fetileng, tsela e batho ba lebang botshelo ka yone ga e a fetoga go le kalo. Gompieno batho ba bantsi ga ba akanye sepe ka isagwe. Mo go bone kgopolo ya Baroma e a utlwala, go sa kgathalesege gore ba ka lebana le ditlamorago dife. Le fa go ntse jalo, Baebele e re naya kgakololo eno e e utlwalang le e e boammaaruri: “Seemo sa lefatshe leno se a fetoga.” Ka jalo e re kgothaletsa gore re ‘se ka ra dirisa lefatshe ka botlalo.’—1 Bakorintha 7:31.

Marope a Timgad a bontsha gore se se neng se kwadilwe mo mokwalong o o neng o fitlhegile kwa Afrika Bokone ga se sone se tota se dirang gore motho a itumele le gore botshelo jwa gagwe bo nne le bokao. Go na le moo, sa botlhokwa ke go dirisa kgakololo eno ya Baebele: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17.