Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Adima Madi?

A ke Tshwanetse go Adima Madi?

“Go adima go tshwana le moletlo wa lenyalo; go duela go tshwana le go hutsafala.” —Seane sa Seswahili.

SEANE seno se tlwaelegile mo bathong ba kwa Afrika Botlhaba e bile ga go pelaelo gore se tlhalosa kafa bontsi bo ikutlwang ka gone mo lefatsheng. A le wena o ikutlwa jalo fa o adima madi mo tsaleng kgotsa mo metsweding e mengwe? Le fa ka dinako dingwe go lebega go le molemo, a mme go siame? Go adima madi go na le mathata le dikotsi dife?

Seane se sengwe sa Seswahili se tlhalosa bothata jwa konokono jo bo ka nnang teng ka go adima madi. Sa re: “Go adima le go adimisa madi go senya botsala.” Ke boammaaruri gore dikoloto di ka senya botsala le dikamano tsa batho. Tota le fa o rulagantse dilo sentle kgotsa o na le maikaelelo a a molemo, ga se ka metlha dilo di nnang jaaka o lebeletse. Ka sekai, fa o sa duele ka nako e lo dumalaneng ka yone, motho yo o go adimileng madi a ka kgopisega. E bile seno se ka dira gore a galefe, mme botsala jwa moadimi le moadingwa—tota le jwa malapa a bone—bo ka senyega. E re ka go adima madi go baka mathata, re tshwanetse go leka ka natla go rarabolola mathata a madi ka ditsela tse dingwe.

Go adima madi go ka senya kamano ya motho le Modimo. Jang? Sa ntlha, Baebele ya re ka boomo fela moikepi ga a duele dikoloto tsa gagwe. (Pesalema 37:21) Gape ya re “moadingwa ke motlhanka wa motho yo o mo adimang.” (Diane 22:7) Moadingwa o tshwanetse go lemoga gore fa a ise a duele madi a a a kolotang o nna mo taolong ya motho yo o mo adimileng one. Seane se sengwe sa Seafrika le sone se boammaaruri: “Fa o adima maoto a motho, o tla ya gongwe le gongwe kwa a reng o ye teng.” Seane seno se kaya gore motho yo o mo dikolotong ga a tlhole a kgona go dira se a se batlang.

Ka jalo, go botlhokwa gore o lwele go duela madi a o a kolotang. Go seng jalo, go ka nna le mathata. Dikoloto tse di koelanang di ka go ngomola pelo, tsa go tlhokisa boroko, tsa dira gore o berekele ruri, tsa baka dikgotlhang magareng ga monna le mosadi tsa bo tsa thuba le malapa, tsa dira gore batho ba sekisane kwa kgotlatshekelo kgotsa ba felele ba le kwa kgolegelong. Mafoko ano a Baroma 13:8 a na le kgakololo e e molemo: “Lo se ka lwa kolota ope le fa e le sepe, fa e se go ratana.”

 A GO A TLHOKEGA?

Fa re akanya ka se re tlotlileng ka sone, re ka re go molemo go nna kelotlhoko malebana le go adima madi. Go molemo go ipotsa jaana: A tota go a tlhokega gore ke adime madi? A nka tswa ke batla go tlamela ba lelapa la me ka dilo tse ba di tlhokang? Kgotsa gongwe bogagapa bo dira gore ke batle go dirisa madi a tota ke se nang one? Gantsi go molemo go kgotsofalela se o nang le sone go na le go adima madi.

Boammaaruri ke gore, mo maemong mangwe, jaaka maemo a tshoganyetso, o ka patelesega go adima madi. Le fa go ntse jalo, fa motho a adima madi, o tshwanetse go ikanyega. A ka dira seo jang?

Sa ntlha, gore motho o na le madi a mantsi ga se lebaka la gore re se ka ra mo duela. Ga re a tshwanela go tsaya gore o patelesega go re adima madi ka gonne a na le one. E bile ga re a tshwanela go nna le boikutlo jwa gore ga go re sepe fa re sa ikanyege fa re dirisana le ene. O se ka wa tswela pelo batho ba ba lebegang ba na le madi.—Diane 28:22.

Go tswa foo, tlhomamisa gore o duela se o se adimileng, mme o dire jalo ka potlako. Fa motho yo o go adimang madi a sa go bolelele letlha le le tlhomameng la go duela, o tshwanetse go mmolelela gore o tla duela leng mme o dire jalo ka nako eo. Go molemo gore lo kwale tumalano ya lona gore lo se ka lwa nna le dikgotlhang. (Jeremia 32:9, 10) Fa go kgonega, fa o busa madi, ya kwa mothong yoo gore o kgone go mo leboga. Go busa madi ka nako e lo e dumalaneng, go dira gore lo tswelele lo na le kamano e e molemo. Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a re: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:37) Mo godimo ga moo, ka metlha gakologelwa molao ono o o bontshang tsela e batho ba tshwanetseng go itshwara ka yone: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla.”—Mathaio 7:12.

KAELO E E MOSOLA YA BAEBELE

Baebele e re bolelela sengwe se se motlhofo se se ka re thusang fa re raelesega go adima madi. Ya re: “Eleruri, boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo.” (1 Timotheo 6:6) Ka mafoko a mangwe, go kgotsofalela se o nang le sone go tla go thusa go tila ditlamorago tse di botlhoko tsa go adima madi. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore ga go motlhofo go kgotsofalela se o nang le sone ka gonne lefatshe leno le kgothaletsa go huma ka bonako. Ke gone mo ‘boineelo jwa bomodimo’ bo tlhokegang teng. Ka tsela efe?

Ka sekai, akanya ka banyalani ba Bakeresete ba kwa Asia. Fa ba ne ba le basha, ba ne ba kgatlhiwa ke batho ba ba nang le matlo. Ka jalo, ba ne ba swetsa ka gore ba ithekele ntlo ka madi a ba a bolokileng le a ba a adimileng kwa bankeng le mo go ba masika. Mme go ise go ye kae ba ne ba imelwa ke sekoloto se sentsi se ba neng ba tshwanetse go se duela kgwedi le kgwedi. Ba ne ba bereka nako e e oketsegileng mo ba neng ba sa kgone go fetsa nako e ntsi le bana ba bone. Monna o ne a re: “Go ngomoga pelo, ditlhabi le go sa robale mo go lekaneng go ne go ntse jaaka leje le le bokete mo tlhogong ya me. Go ne go nkhupetsa.”

“Go leba dithoto ka tsela e Baebele e di tlhalosang ka yone ke tshireletso”

Fa nako e ntse e tsamaya, ba ne ba gopola mafoko a a mo go 1 Timotheo 6:6 ba bo ba swetsa ka gore ba rekise ntlo. Go ba tsere dingwaga di le pedi gore ba imologe mo sekolotong sa bone. Banyalani bano ba ithutile eng mo go se se ba diragaletseng? Ba konela ka go re: “Go leba dithoto ka tsela e Baebele e di tlhalosang ka yone ke tshireletso.”

Batho ba bantsi ba itse seane sa Seswahili se se umakilweng kwa tshimologong. Le fa go ntse jalo, ga se a ba thibela go adima madi. Re akantse ka melaometheo ya Baebele e re tlotlileng ka yone, a ga go utlwale go akanya thata ka potso eno, A ke tshwanetse go adima madi?