Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 PUISANO LE MOAGELANI

Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa? (Karolo 1)

Bogosi Jwa Modimo bo Simolotse Leng go Busa? (Karolo 1)

Motlotlo o o latelang ke o o tlwaelegileng o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a ka nnang le one le moagelani. A re re Mosupi mongwe yo o bidiwang Onkutlwile o etetse monna mongwe yo o bidiwang Gaopalelwe.

‘NNA O SENKE’ GORE O TLHALOGANYE

Onkutlwile: Gaopalelwe, ke itumeletse metlotlo ya Baebele e re nnileng le yone. * La bofelo fa re ne re tlotla, o ile wa botsa sengwe ka Bogosi jwa Modimo. Gore ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Bogosi bo simolotse go busa ka 1914.

Gaopalelwe: Ee, ke ne ke bala nngwe ya dibuka tsa lona, mme ya re Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa ka 1914. Seno se dirile gore ke swegaswege pelo ka gonne o ntheile wa re se lo se dumelang se theilwe mo Baebeleng.

Onkutlwile: Gone go ntse jalo.

Gaopalelwe: Ke badile Baebele yotlhe, mme ga ke gopole temana epe e e buang ka ngwaga wa 1914. Ka jalo, ke ile ka batla ngwaga wa 1914 mo Baebeleng ya mo Internet mme ka se ka ka fitlhela sepe.

Onkutlwile: Ke go akgolela dilo tse pedi, Gaopalelwe. Sa ntlha, gore o badile Baebele yotlhe. Go raya gore o rata Lefoko la Modimo.

Gaopalelwe: Ee, ga go buka epe e e tshwanang le yone.

Onkutlwile: Ke dumalana le wena. Sa bobedi, o dirile sentle ka go batla karabo mo Baebeleng. O dirile se Baebele e re kgothaletsang go se dira: ‘Nna o senke’ gore o tlhaloganye. * Go a itumedisa gore o dira maiteko ao.

Gaopalelwe: Ke a leboga. Ke batla go tswelela ke ithuta. Tota e bile, ke dirile dipatlisiso tse di oketsegileng, mme ke bone tshedimosetso nngwe ka 1914 mo bukeng eno e re ntseng re e ithuta. E bua ka toro ya kgosi nngwe—toro eo e ne e le ka ga setlhare se segolo se se neng sa kgaolwa mme sa gola gape kgotsa sengwe se se tshwanang le seo.

Onkutlwile: Ooh, ee. Ke boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 4. Bo bua ka toro ya ga Kgosi Nebukadenesare wa Babelona.

Gaopalelwe: Ee ke jone. Ke badile boporofeti jono makgetlo a le mmalwa. Mme go bua boammaaruri, ga ke bone gore seno se amana jang le Bogosi jwa Modimo kgotsa ngwaga wa 1914.

Onkutlwile: Tota e bile, le moporofeti Daniele o ne a sa bo tlhaloganye!

Gaopalelwe: Ao?

Onkutlwile: Ee. Mo go Daniele 12:8, a re: “Jaanong fa e le nna, ke ne ka utlwa, mme ga ke a ka ka tlhaloganya.”

Gaopalelwe: Ehe, go riana ga ke nosi. Ke wela makgwafo jaanong.

Onkutlwile: Boammaaruri ke gore, Daniele o ne a sa tlhaloganye ka gonne e ne e ise e nne nako ya gore Modimo a letle batho go tlhaloganya bokao jwa boporofeti jwa buka ya Daniele. Mme mo motlheng wa rona, re kgona go bo tlhaloganya ka botlalo.

Gaopalelwe: Goreng o rialo?

Onkutlwile: Ela tlhoko gore temana e e latelang ya reng. Daniele 12:9 ya re: “Mafoko ano a dirilwe  sephiri e bile a kannwe go fitlha mo motlheng wa bokhutlo.” Ka jalo, boporofeti jono bo ne bo tla tlhaloganngwa moragonyana, “mo motlheng wa bokhutlo.” Mme jaaka re tla bona mo thutong ya rona ya Baebele, bosupi bo bontsha gore re tshela mo motlheng oo. *

Gaopalelwe: A o ka kgona go ntlhalosetsa boporofeti jwa ga Daniele?

Onkutlwile: Ke tla leka.

TORO YA GA NEBUKADENESARE

Onkutlwile: Mma ke simolole ka go go sobokanyetsa ka bokhutshwane se Kgosi Nebukadenesare a se boneng mo torong ya gagwe. Morago ga foo, re tla tlotla ka se e se kayang.

Gaopalelwe: Go siame.

Onkutlwile: Mo torong eo, Nebukadenesare o ile a bona setlhare se segolo se se neng se fitlha kwa legodimong. Morago ga foo, a utlwa morongwa wa Modimo a laela gore setlhare seo se kgaolwe. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a re modi wa sone o se ka wa ntshiwa. Morago ga “metlha e supa,” setlhare seo se ne se tla gola gape. * Kwa tshimologong, boporofeti joo bo ne bo lebisitswe mo go Kgosi Nebukadenesare. Le fa e ne e le kgosi e e itsegeng—fela jaaka setlhare se se fitlhang kwa legodimong—o ne a kgaolwa ka “metlha e supa.” A o gopola se se diragetseng?

Gaopalelwe: Nnyaa ga ke gopole.

Onkutlwile: Se tshwenyege. Baebele ya re Nebukadenesare o ne a latlhegelwa ke tlhaloganyo ka dingwaga di le supa. Mo nakong eo, o ne a sa kgone go busa e le kgosi. Mme kwa bofelong jwa metlha e supa, Nebukadenesare o ile a boelwa ke tlhaloganyo a bo a simolola go busa gape. *

Gaopalelwe: Ke a go utlwa. Mme seo se amana jang le Bogosi jwa Modimo le ngwaga wa 1914?

Onkutlwile: Ka bokhutshwane fela nka re, boporofeti jono bo diragadiwa ka ditsela tse pedi. Bo diragaditswe la ntlha fa puso ya ga Kgosi Nebukadenesare e emisiwa. Bo diragaditswe la bobedi fa puso ya Modimo e emisiwa. Ka jalo, Bogosi jwa Modimo bo amana le karolo ya bobedi ya go diragadiwa ga boporofeti jono.

Gaopalelwe: O itse jang gore Bogosi jwa Modimo bo amana le karolo ya bobedi ya go diragadiwa ga boporofeti jono?

Onkutlwile: Sa ntlha, boporofeti jono ka bojone bo re naya bosupi jwa seo. Go ya ka Daniele 4:17, boporofeti bo ne jwa bolelelwa pele “gore batho ba ba tshelang ba tle ba itse gore Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho, le gore o bo naya yo a batlang go bo mo naya.” A o etse tlhoko mafoko a a reng ‘bogosi jwa batho’?

Gaopalelwe: Ee, ya re “Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho.”

Onkutlwile: O nepile. O akanya gore “Mogodimodimo” ke mang?

Gaopalelwe: Ke akanya gore ke Modimo.

Onkutlwile: Ke boammaaruri. Yone ntlha eno, e re bontsha gore boporofeti jono ga bo bue fela ka Nebukadenesare. Bo akaretsa le ‘bogosi jwa batho’—ke gore, bogosi jwa Modimo jo bo busang batho. Mme boporofeti jono bo a utlwala fa re leba dintlha tse dingwe tsa jone.

Gaopalelwe: O raya jang?

KGANGKGOLO

Onkutlwile: Buka ya Baebele ya Daniele e bua ka kgang e le nngwe gangwe le gape. E nna e umaka go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo jo Morwawe e bong Jesu, a busang e le kgosi mo go jone. Ka sekai, a re boele morago go se kae. Ke kopa gore o bale Daniele 2:44.

Gaopalelwe: Ya re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”

 Onkutlwile: Ke a leboga. A o akanya gore temana eno e bua ka Bogosi jwa Modimo?

Gaopalelwe: Waitse, ga ke tlhomamisege.

Onkutlwile: Ela tlhoko gore ya re Bogosi jono “bo tla ema ka bosakhutleng.” Seno se ka direga ka Bogosi jwa Modimo fela, mme a re ka bua jalo ka puso ya motho?

Gaopalelwe: Nnyaa, ga ke akanye jalo.

Onkutlwile: Go na le boporofeti jo bongwe jo bo mo bukeng ya Daniele jo bo buang ka Bogosi jwa Modimo. Boporofeti joo bo mo go Daniele 7:13, 14. Bo bua jaana ka mmusi wa mo isagweng: “O ne a newa bobusi le seriti le bogosi, gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle. Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.” O lemogileng mo boporofeting jono?

Gaopalelwe: Bo bua ka bogosi.

Onkutlwile: Ee. Mme e seng bogosi bope fela. Ela tlhoko gore bo umaka gore Bogosi jono bo tla laola “ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe.” Ka mafoko a mangwe, Bogosi jono bo tla busa lefatshe lotlhe.

Gaopalelwe: Ke ne ke sa lemoge seo, mme gone o nepile. E a rialo.

Onkutlwile: Gape ela tlhoko se boporofeti jono bo se buang: “Bobusi jwa gagwe ke bobusi jo bo nnang ka bosakhutleng jo bo se kitlang bo feta, mme bogosi jwa gagwe ke jo bo se kitlang bo senngwa.” A boporofeti jono ga bo tshwane le jo re bo badileng mo go Daniele 2:44?

Gaopalelwe: Ee, bo a tshwana.

Onkutlwile: A re boeletse ka bokhutshwane se re tlotlileng ka sone. Boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 4, bo ne jwa bolelelwa pele gore batho ba tle ba itse gore “Mogodimodimo ke Mmusi mo bogosing jwa batho.” Mafoko ano a tlhalosa sentle gore boporofeti jono bo na le bokao jo bongwe kwantle ga jo bo amanang le Nebukadenesare. E bile buka yotlhe ya Daniele e na le boporofeti jo bo buang ka go tlhomiwa ga Bogosi jwa Modimo jo Morwawe e leng kgosi ya jone. Ka jalo, a o akanya gore go a utlwala gore re re boporofeti jono jo bo mo go Daniele kgaolo 4 bo bua le ka Bogosi jwa Modimo?

Gaopalelwe: Gone go a utlwala. Mme ke sa ntse ke sa bone gore 1914 e tsena kae mo kgannyeng eno.

“O FETWE KE METLHA E SUPA”

Onkutlwile: A re tlotle gape ka Kgosi Nebukadenesare. Gakologelwa gore mo karolong ya ntlha ya go diragadiwa ga boporofeti jono, Kgosi Nebukadenesare o tshwantshediwa ke setlhare. Puso ya gagwe e ne ya emisiwa fa setlhare se ne se remiwa se bo se tlogelwa ka metlha e supa—ke gore, fa a ne a latlhegelwa ke tlhaloganyo ka lobaka lo lo rileng. Metlha e supa e ne ya khutla fa Nebukadenesare a ne a boelwa ke tlhaloganyo a bo a simolola go busa gape. Mo karolong ya bobedi ya go diragadiwa ga boporofeti jono, Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla emisiwa ka lobaka lo lo rileng—mme e seng ka gonne Modimo a paletswe.

Gaopalelwe: O raya jang?

Onkutlwile: Mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, go ne go tsewa gore dikgosi tsa Iseraele tse di neng di busa kwa Jerusalema di nna mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa.” * Di ne di emela Modimo ka go busa batho ba gagwe. Ka jalo, dipuso tsa dikgosi tseo di ne di emela puso ya Modimo. Fa nako e ntse e tsamaya, bontsi jwa dikgosi tseo di ne tsa se ka tsa  ikobela Modimo mme bontsi jwa batho ba di neng di ba busa ba ne ba latela sekao sa tsone se se sa siamang. Botlhokakutlo joo jwa Baiseraele, bo ne jwa dira gore Modimo a ba letle go fenngwa ke Bababelona ka 607 B.C.E. Go tloga ka nako eo, ga go na dikgosi dipe tse di neng tsa emela Jehofa kwa Jerusalema. Ka tsela eo, Bogosi jwa Modimo bo ne jwa emisiwa ka nakwana. A re mmogo?

Gaopalelwe: Ee, re mmogo.

Onkutlwile: Ka jalo, metlha e supa kgotsa nako e bogosi jwa Modimo bo neng bo tla emisiwa ka yone, e ne e tla simologa ka 607 B.C.E. Kwa bokhutlong jwa metlha e supa, Modimo o ne a tla tlhoma mmusi yo o tla Mo emelang—mo lekgetlong leno, e le mongwe kwa legodimong. Mme ka yone nako eo, go ne go tla diragadiwa boporofeti jo bongwe jo re balang ka jone mo go Daniele. Ka jalo, potso ya botlhokwa ke gore: Metlha e supa e khutlile leng? Fa re ka kgona go araba potso eno, re tla itse gore Bogosi jwa Modimo bo simolotse leng go busa.

Gaopalelwe: Ke a bona. Ka mafoko a mangwe—metlha e supa e khutlile ka 1914.

Onkutlwile: Ehee! O e tshwere.

Gaopalelwe: Mme re itse jang?

Onkutlwile: Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a re metlha e supa e ne e ise e khutle. * Ka jalo, e tshwanetse ya bo e le lobaka lo loleele. Metlha e supa e simolotse makgolo a dingwaga pele Jesu a tla mo lefatsheng, mme ya tswelela ka lobakanyana fa a sena go boela kwa legodimong. Mme gakologelwa gore bokao jwa boporofeti jwa ga Daniele bo ne bo ka se tlhaloganngwe go fitlha “mo motlheng wa bokhutlo.” * Se se itumedisang ke gore kwa bowelong jwa dingwaga tsa bo1800, baithuti ba ba peloephepa ba Baebele ba ne ba tlhotlheletsega go tlhatlhoba boporofeti jono le jo bongwe ka kelotlhoko. Ba ne ba lemoga gore metlha e supa e ne e tla khutla ka ngwaga wa 1914. Mme ditiragalo tse di amileng lefatshe lotlhe fa e sa le ka nako eo, di bontsha gore Bogosi jwa Modimo bo simolotse go busa kwa legodimong ka 1914. Metlha ya bofelo kgotsa nako ya bokhutlo e ne ya simologa ka one ngwaga ono. Ke a itse gore re buile ka dilo tse dintsi . . .

Gaopalelwe: Ee. Ke tla tshwanelwa ke go bala tshedimosetso eno gape gore ke e tlhaloganye sentle.

Onkutlwile: O se ka wa tshwenyega. Le nna go ntsere lobaka gore ke tlhaloganye boporofeti jono. Le gale, ke solofela gore motlotlo wa rona o go thusitse go bona gore se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang ka Bogosi se theilwe mo Baebeleng.

Gaopalelwe: Gone. Ga ke bolo go kgatlhwa ke gore se lo se dumelang se theilwe mo Baebeleng.

Onkutlwile: Mme ke a bona gore le wena o batla go dira se se tshwanang. Fela jaaka ke buile, re setse re tlotlile ka dilo tse dintsi. Gongwe o sa ntse o na le dipotso dingwe. Ka sekai, re bone gore metlha e supa e amana le Bogosi jwa Modimo le gore e simologile ka 607 B.C.E. Mme gone, re itse jang gore metlha e supa e khutlile ka 1914? *

Gaopalelwe: Ee, ke sone se ke se ipotsang.

Onkutlwile: Baebele ka boyone e re thusa go bona gore metlha e supa e tsere lobaka lo lo kae. A o ka rata gore re tlotle ka kgang eno mo nakong e e tlang? *

Gaopalelwe: Nka itumelela seo.

A go na le kgang nngwe mo Baebeleng e o kileng wa ipotsa ka yone? A o ka rata go itse ka dilo dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang kgotsa dilo tse ba di dirang? Fa go le jalo, o se ka wa okaoka go botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tla itumelela go tlotla le wena ka dipotso tseo.

^ ser. 5 Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele mahala le baagelani ba bone ba tlotla ka ditlhogo tse di farologaneng.

^ ser. 21 Bona kgaolo 9 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 63 Jesu o ne a bua jaana mo boporofeting jwa gagwe jo bo buang ka metlha ya bofelo: “Jerusalema [yo o tshwantshetsang Bogosi jwa Modimo] o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba di fela.” (Luke 21:24) Ka jalo fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Bogosi jwa Modimo bo ne bo sa ntse bo emisitswe e bile seo se ne se tla tswelela go fitlha mo metlheng wa bofelo.

^ ser. 67 Bona setlhogo sa dintlha tse di oketsegileng “1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

^ ser. 69 Setlhogo se se latelang mo motseletseleng ono, se tla tlotla ka ditemana tsa Baebele tse di bontshang gore metlha e supa e tsere lobaka lo lo kae.