Goreng fa dikebekwa di ne di bolawa, di ne di robiwa maoto?

Efangele e balega jaana malebana le go bolawa ga ga Jesu le dikebekwa tse pedi tse di neng di le mo dikoteng tsa tlhokofatso: “Bajuda ba ne ba kopa Pilato gore a dire gore ba rojwe maoto mme mebele ya bone e tlosiwe.”—Johane 19:31.

Molao wa Bajuda o ne o re mmele wa sekebekwa o o kaleditsweng mo koteng morago ga go bolawa, o ‘se ka wa nna bosigo jotlhe mo koteng.’ (Duteronome 21:22, 23) Go bonala Bajuda ba ne ba dirisa one molao oo mo bathong ba ba neng ba bolaelwa mo koteng ke Baroma. Mo lekgetlong leno, go roba maoto a banna bao go ne go tla dira gore ba swe ka bonako le gore ba bolokiwe pele ga Sabata e simologa fa letsatsi le phirima.

Ka nako ya dipolao tse di jaaka tseno, motho yo o neng a atlhotswe o ne a kokotelwa mo koteng ka dipekere mo diatleng le mo maotong. Fa kota e tsholediwa kwa godimo, o ne a tla tlogelwa a kaleditswe a utlwa botlhoko jo bo ngomolang pelo, bokete jotlhe jwa mmele wa gagwe bo tshwerwe fela ke dipekere tseo. Fa motho a hema, seo se ne se dira gore dipekere tse di mo dinaong tsa gagwe di mo gobatse le go feta. Le fa go ntse jalo, fa marapo a dinao tsa gagwe a robiwa, o ne a tla palelwa ke go hema. O ne a tla swa ka bonako a bolawa ke go se heme sentle e seng ke letshogo.

Metsekedi e ne e dirisiwa jang bogologolo mo ntweng?

Motsekedi ke sebetsa se Dafide a neng a se dirisa go bolaya Goliathe wa mokaloba. Go bonala Dafide a ne a ithutile go dirisa sebetsa seno fa e ne e sa ntse e le mosimanyana wa modisa.—1 Samuele 17:40-50.

Setshwantsho seno se bontsha badirisi ba motsekedi ba kwa Asiria ba tlhasela motse o o nonofileng wa Juda

Mo botaking jwa kwa Egepeto le jwa kwa Asiria go ne go tshwantshitswe motsekedi o o neng o dirisiwa mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele. Sebetsa seno se dirilwe ka kgetsana ya letlalo kgotsa ya letsela e e nang le dikgwage kgotsa megala e mebedi. Motsomi o tla tsenya mo go yone matlapana a a borethe a a kgolokwe a a boleele jwa disentimetara di le 5 go ya go di le 7,5 mme gongwe a le bokete jwa digerama di le 250. O tla dikolosa motsekedi mo godimo ga tlhogo ya gagwe a bo a tlogela mogala o le mongwe, a dira gore letlapa le tswe ka maatla a magolo le ye kwa le kolopelwang teng.

Baribolodi kwa Botlhabagare ba ile ba ribolola matlapa a le mantsi a metsekedi a a neng a dirisiwa mo dintweng tsa bogologolo. Batlhabani ba ba nang le bokgoni ba ne ba kolopa letlapa le le tsamayang ka dikilometara di le 160 go ya go di le 240 ka ura. Bakanoki ga ba dumalane gore a motsekedi o tshwana le bora mme gone motsekedi o itshupile o le kotsi.—Baatlhodi 20:16.