Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, makawana a le dimilione a ne a tswa mo pabalesegong ya malapa a bone a ya ntweng. A ne a gakaletse go tsamaya, a tlhotlhelediwa ke moya wa bosetšhaba. Ka ngwaga wa 1914, moithaopi mongwe wa kwa Amerika o ne a bolela jaana: “Ke itumetse thata e bile ke lebeletse pele malatsi a a itumedisang a a larileng kwa pele.”

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, matlhagatlhaga ao a ile a fetoga tšhakgalo. Go ne go se na ope yo o neng a kgona go bonelapele gore mephato e megolo eo ya masole e tla gaelelwa ka dingwaga di le dintsi mo seretseng kwa Belgium le kwa Fora. Ka nako eo, batho ba ne ba re ke “Ntwa e Kgolo.” Gompieno, re e itse e le ntwa ya ntlha ya lefatshe.

Ga go na pelaelo gore ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, go ile ga nna le masetlapelo a mantsi. Fa go fopholediwa, ntwa eo e ile ya bolaya batho ba le dimilione di le 10, ya golafatsa ba le dimilione di le 20. Mme e bile ntwa eno e ile ya bakiwa ke diphoso tse dikgolo tse di dirilweng. Boradipolotiki ba kwa Yuropa ba ne ba palelwa ke go thibela gore dikgotlhang tse di neng di le teng di felele ka ntwa ya lefatshe. Se se botlhokwa le go feta, “Ntwa e Kgolo” eno e ne ya bakela lefatshe mathata a a sa feleng. E ile ya fetola lefatshe ka ditsela tse di sa ntseng di re ama gompieno.

 DIPHOSO TSE DI DIRILENG GORE BATHO BA SE KA BA TLHOLA BA NNA LE TSHEPO

Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ile ya tlhagoga ka go bo babusi ba ne ba sa akanyetsa dilo sentle. Buka ya The Fall of the Dynasties—The Collapse of the Old Order 1905-1922 e tlhalosa gore baeteledipele ba kwa Yuropa ba ne ba sa itse gore ditshwetso tse ba di dirang di tla felela ka masetlapelo mo lefatsheng lotlhe.

Morago ga dibeke di sekaenyana fela ga go bolaiwa ga kgosanakgolo ya kwa Austria, mebuso yotlhe e megolo ya kwa Yuropa e ne ya tsena mo ntweng e ba neng ba sa ikaelela go tsena mo go yone. Mokhanselara wa kwa Jeremane o ne a bodiwa jaana malatsi a se kae morago ga ntwa: “Ke eng se se bakileng ntwa eno?” O ne a araba jaana a hutsafetse: “Ao, fa fela nkabo re ne re itse.”

Baeteledipele ba ba neng ba dira ditshwetso tseo tsa makgaolakgang tse di neng tsa felela ka ntwa ba ne ba sa itse gotlhelele gore ditlamorago e tla nna eng. Mme go ise go ye kae, masole a a neng a le kwa ntweng a iphitlhile mo meseleng, a ne a lemoga se tota se neng se direga. Ba ne ba lemoga gore boradipolotiki ba ba swabisitse, baruti ba bone ba ba tsieditse le gore balaodi ba bone ga ba a ka ba ba bolela boammaaruri. Jang?

Boradipolotiki ba bone ba ba swabisitse, baruti ba bone ba ba tsieditse e bile balaodi ba bone ga ba a ka ba ba bolelela boammaaruri

Boradipolotiki ba ile ba ba solofetsa gore ntwa e tla dira gore go nne le lefatshe le lesha le le botoka. Mokhanselara wa Mojeremane o ne a re: “Re batla go bona melemo ya matsapa a rona a go lwela kagiso, a go lwela setso sa rona le go lwela isagwe ya rona.” Poresidente ya kwa Amerika e bong Woodrow Wilson o ne a nna le seabe mo go tlhameng moano o o itsegeng thata wa gore ntwa e tla “dira gore lefatshe e nne lefelo le le babalesegileng la temokerasi.” Mme kwa Boritane, batho ba ne ba akanya gore e tla nna “ntwa e e tla fedisang ntwa.” Ga go na ope mo go bone yo o buileng boammaaruri.

Baruti ba ne ba tshegetsa ntwa ka peloyotlhe. Buka ya The Columbia History of the World ya re: “Baruti ba e neng e tshwanetse e ne e le bone ba ba rutang batho ka lefoko la Modimo, ke bone ba ba neng ba ba kgothaletsa go ya ntweng. E ne e le ntwa e setšhaba sotlhe se neng se na le seabe mo go yone mme ya felela ka letlhoo le legolo gare ga ditšhaba.” Mme baruti ba ile ba tlhotlheletsa letlhoo go na le gore ba le fokotse. Buka ya A History of Christianity ya re: “Baruti ba ne ba sa kgone e bile gantsi ba ne basa batle go go baya tumelo ya Bokeresete kwa pele ga bosetšhaba. Bontsi jwa bone ba ne ba ikgolola ka go bolela gore Bokeresete le bosetšhaba ke selo se le sengwe. Masole a Bakeresete a dikereke tsotlhe a ne a kgothalediwa gore a bolaane mo leineng la Mmoloki wa bone.”

Balaodi ba masole ba ne ba solofetsa masole gore ba tla fenya ka bonako e bile e tla nna selo se se motlhofo, mme ga go a ka ga nna jalo. Go ise go ye kae, masole a a lwantshanang a ne a nna mo seemong se se lapisang se go neng go se botso mo go sone. Morago ga foo, masole a le dimilione a ne a lebana le se rahisitori mongwe a neng a re ke “nngwe ya maemo a a setlhogo thata a motho a kileng a lebana le one.” Le fa go ne go na le masole a mantsintsi a a neng a swa, balaodi ba masole ba ne ba tswelela ba rotloetsa masole a bone go ya go lwa le fa go ne go le kotsi. Ga go gakgamatse go bo go ile ga nna le dikhuduego tsa masole go ralala lefatshe.

Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ile ya ama batho jang? Buka nngwe ya hisitori e nopola monna mongwe yo o kileng a nna lesole ka nako e telele a bolela jaana: “Ntwa . . . e ile ya senya megopolo le boitshwaro jwa kokomana ya nako eo.” Ee, ka ntlha ya ntwa eo, mebusomegolo e ne ya phutlhama. Ntwa e e setlhogo eo e ne ya nna tshimologo ya bosetlhogo jo bogolo go gaisa a batho ba kileng ba lebana le one mo makgolong a dingwaga a. Go ne go setse go lebega dikhuduego le diteraeke e le selo se se tlwaelegileng.

Ke ka ntlha yang fa ntwa e ile ya tlhakatlhakanya lefatshe? A tota e ne e le phoso e kgolo fela e e dirilweng? A dikarabo tsa dipotso tseno di supa sengwe ka isagwe?