“Fa morwadiake a ne a le dingwaga di le 14, o ne a simolola go nkarabisa. Fa ke ne ke mmolelela gore ‘ke nako ya go ja,’ o ne a nkaraba ka gore ‘Ke tla ja fa ke batla.’ Fa ke mmotsa gore a o ile a fetsa go dira ditiro tsa gagwe tsa mo gae, o ne a re ‘Tlogela go ntshwenya!’ Gantsi nna le ene re ne re omana.”—MAKI, JAPAN. *

Fa e le gore o motsadi wa ngwana wa dingwaga tsa bolesome, o tla lemoga gore go nna le dikgotlhang ke nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo tsa go nna motsadi—o tlhoka bopelotelele thata. Maria, mmè wa ngwana wa dingwaga di le 14 wa kwa Brazil a re: “Fa morwadiake a nyatsa bolaodi jwa me, go nkgalefisa tota. Re betwa ke pelo thata jaana mo e leng gore re feleletsa re omana.” Carmela, wa kwa Italy, le ene o lebane le kgwetlho e e tshwanang. A re: “Gantsi dikomang tse ke nang le tsone le morwaake di ya magoletsa mo e leng gore o feleletsa a itswalela kwa kamoreng ya gagwe.”

Ke ka ntlha yang fa basha bangwe ba lebega ba le manganga jaana? A ke ka ntlha ya dithaka tsa bone? Gongwe. Baebele ya re ditsala tsa motho di ka nna le tlhotlheletso e kgolo thata, e ka tswa e le e e siameng kgotsa e e sa siamang. (Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33) Mme gape, bontsi jwa boitlosobodutu jo bo ratiwang ke basha gompieno bo dira gore ba akanye gore go tsuologa le go tlhoka tlotlo ke dilo tse di kgatlhang.

Mme go na le dilo tse dingwe tse re tlhokang go di akanyetsa—dilo tse go seng boima go lepalepana le tsone fa o tlhaloganya gore di ka ama jang ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome. Ela tlhoko dikai dingwe.

GO SIMOLOLA GO NNA LE “MAATLA A GO AKANYA”

Moaposetoloi Paulo o ne a re: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.” (1 Bakorintha 13:11) Jaaka mafoko a ga Paulo a bontsha, bana le bagolo ga ba akanye ka tsela e e tshwanang. Jang?

 Gantsi bana ga ba akanyetse dilo kwa teng. Go farologana le seo, bagolo bone gantsi ba kgona go akanyetsa dilo botoka le go dira ditshwetso tse di siameng. Ka sekai, gantsi bagolo ba akanya ka melao ya boitsholo le kafa se ba se dirang se tla amang ba bangwe ka teng. Ba ka tswa ba tlwaetse go akanya ka tsela eo. Basha bone, ga ba tlwaela go akanya jalo.

Baebele e kgothaletsa basha gore ba leke go nna le “bokgoni jwa go akanya.” (Diane 1:4) Tota e bile, Baebele e rotloetsa Bakeresete botlhe go dirisa ‘maatla a bone a go akanya.’ (Baroma 12:1, 2; Bahebera 5:14) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe, e re ka ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a na le maatla ao, a ka a dirisa go ngangisana le wena, a ngangisana le ka sengwe se se lebegang se se botlhokwa. Kgotsa a ka bua sengwe se se bontshang gore ga a akanyetse dilo sentle. (Diane 14:12) Mo boemong jo bo ntseng jalo, o ka buisana jang le ene go na le gore lo ngangisane?

LEKA SENO: O se ka wa lebala gore ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome o leka fela go dirisa bokgoni jwa gagwe jwa go baya mabaka mme a ka nna a fetola mogopolo wa gagwe ka se a se akanyang. Go bona gore tota o akanya eng, sa ntlha, akgola ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome ka ntlha ya bokgoni jwa gagwe jwa go akanya. (“Ke tlhaloganya se o se buang, tota le fa ke sa dumalane gone.”) Go tswa foo, mo thuse go sekaseka tsela e a akanyang ka yone. (“A o akanya gore se o sa tswang go se bua se tshwanela maemo otlhe?”) O ka gakgamala go bona kafa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a tla akanyetsang sentle ka teng se a se buileng a bo a se baakanya.

Nna kelotlhoko ka seno: Fa o buisana le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome, o se ka wa akanya gore ka metlha ke wena o tshwanetseng go dira tshwetso ya bofelo. Tota le fa go lebega ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a sa go reetsa, gantsi go tla nna le sengwe se se tla mo solegelang molemo mo puisanong ya lona go feta kafa o neng o akantse ka teng—kgotsa go feta kafa ene a neng a ka dumela ka teng. O se ka wa gakgamala fa mo malatsing a sekaenyana fela, ngwana wa gago a dumalana le wena kgotsa a bo a dira e kete o ne a ntse a akantse jalo.

“Ka dinako tse dingwe nna le morwaake re ngangisana ka dilo tse di sa reng sepe—ka sekai, fa ke mmolelela gore a go somarele dilo kgotsa gore a tlogele go rumola monnawe. Mme gantsi go lebega a batla gore ke mmotse gore o ne a akantse eng le gore ke bontshe gore ke a tlhaloganya mme ke re, ‘Ehe, go ntse jalo’ kgotsa ‘Kante o akanya jalo.’ Fa ke akanya ka seo, ke bona gore fa nkabo ke buile sengwe se se tshwanang le seo, gongwe re ka bo ile ra se ka ra nna le dikomang tse dintsi jalo.”—Kenji, Japan.

O ITLHOPHELA DILO TSE A DI DUMELANG

Batsadi ba ba botlhale ba thusa bana ba bone ba dingwaga tsa bolesome gore ba ikutlwe ba gololesegile go tlhalosa dilo tse ba di dumelang

Karolo e e botlhokwa ya go godisa ngwana wa gago yo mosha ke go dira gore fa a tswa mo gae a bo a kgona go nna mogolo yo o nang le maikarabelo. (Genesise 2:24) Seo se akaretsa gore a simolole go batla go supa gore ke motho yo o ntseng jang—ka mekgwa ya gagwe, dilo tse a di dumelang le melao e a tshelang ka yone. Fa mosha yo o setseng a itse gore o batla go nna motho yo o ntseng jang a lebane ke kgatelelo ya go dira se se sa siamang, o tla dira se se fetang fela go akanya ka ditlamorago tsa gone. O tla ipotsa jaana: ‘Ke motho yo o ntseng jang? Ke tshela ka melao e e ntseng jang? Motho yo o tshelang ka melao e e ntseng jalo o ne a tla dira eng mo seemong seno?’—2 Petere 3:11.

Baebele e re bolelela ka Josefa, lekawana lengwe le le neng le itse gore le batla go nna motho yo o ntseng jang. Ka sekai, fa mosadi wa ga Potifaro a mo rotloetsa go tlhakanela dikobo le ene, Josefa o ne a araba a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono ka leofela Modimo?” (Genesise 39:9) Le fa gone Baiseraele ba ne ba ise ba newe molao o o iletsang boaka, Josefa o ne a tlhaloganya tsela e Modimo a lebang kgang eno ka teng. Mo godimo ga moo, mafoko a a reng “ke ka” a bontsha gore o ne a leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang yone—sengwe se se bontshang gore e ne e le motho yo o ntseng jang.—Baefeso 5:1.

Ngwana wa gago le ene o simolotse go bontsha gore o batla go nna motho yo o ntseng jang. Seno ke selo se sentle, ka gonne dilo tse a di dumelang di tla mo thusa go lebana le kgatelelo ya balekane ba gagwe le gore a se ka a ineela. (Diane 1:10-15) Kafa letlhakoreng le lengwe, go bo a setse a batla go itshupa gore ke motho yo o ntseng jang go ka dira gore a batle go ngangisana le wena. Fa seo se direga, o ka dira eng?

LEKA SENO: Go na le gore lo simolole go ngangisana, boeletsa se a se buileng. (“Mma ke go tlhaloganye sentle. A o a re . . . ”) Go tswa foo, botsa dipotso. (“Ke eng se se dirang gore o ikutlwe jalo?” kgotsa “Ke eng se se dirileng gore o dire tshwetso e e ntseng jalo?”) Dira gore ngwana wa gago a ntshe maikutlo a gagwe. Mo letle gore a tlhalose dilo tse a di dumelang. Fa e le gore maikutlo a a nang le one a bakiwa fela ke go bo lo sa rate dilo tse di tshwanang mme e se kgang ya gore se a se buang se siame kgotsa ga se a siama, bontsha  ngwana wa gago gore o tlotla tsela e a ikutlwang ka yone—tota le fa o sa dumalane ka botlalo le ene.

Go batla go supa gore ke motho yo o ntseng jang—le go bo a batla go itlhophela dilo tse a di dumelang—go tlwaelegile e bile go ka mo thusa. Tota e bile, Baebele ya re Bakeresete ga ba a tshwanela go nna jaaka bana ba bannye ‘ba heheutlwa ke makhubu e bile ba akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’ (Baefeso 4:14) Ka jalo, kgothaletsa o bo o letle ngwana wa gago go ikitse le go itlhophela dilo tse a di dumelang.

“Fa ke bontsha bomorwadiake gore ke ikemiseditse go ba reetsa, ba iketleeletsa thata go akanya ka tsela e ke ikutlwang ka yone le fa bone ba sa ikutlwe jalo. Ke nna kelotlhoko gore ke se ka ka ba patelela go akanya ka tsela e nna ke akanyang ka yone mme ke dira gore ba itlhophele se ba se dumelang.”—Ivana, Czech Republic.

TLHOMAMA, MME O NNE TEKATEKANO

Jaaka bana ba bannye, bana bangwe ba dingwaga tsa bolesome ba ithutile go nna ba boeletsa selo se le sengwe go dira gore batsadi ba bone ba ineele. Fa e le gore seo se direga gantsi mo lelapeng la gago, nna kelotlhoko. Le fa go ineela go ka tswa go dira gore o ikhutse ka nakwana, fa o ineela o tla bo o ruta ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome gore go ngangisana ke tsela ya go bona se a se batlang. Tharabololo ke eng? Latela kgakololo eno ya ga Jesu: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.” (Mathaio 5:37) Gantsi basha ba ka se ngangisane le wena fa ba itse gore o tlhomame.

Ka nako e tshwanang, nna tekatekano. Ka sekai, letla ngwana wa gago go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a akanya gore nako e a e beetsweng ya go tla gae e tshwanetse go fetolwa mo lekgetlhong le le rileng. Mo maemong a a ntseng jalo, ga o ineele go gatelelwa mme o latela fela kgakololo eno ya Baebele: “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe.”—Bafilipi 4:5.

LEKA SENO: Nnang le kokoano ya lelapa e mo go yone go tlotliwang ka dinako tsa go tla gae le melao e mengwe ya mo lelapeng. Bontsha gore o ikemiseditse go reetsa le go sekaseka mabaka otlhe pele ga o dira tshwetso. Roberto, rre mongwe wa kwa Brazil o akantsha jaana: “Bana ba dingwaga tsa bolesome ba tshwanetse go bona gore batsadi ba bone ba ikemiseditse go dumela fa ba ba kopa sengwe, fa e le gore se ba se kopang ga se thulane le molaomotheo ope wa Baebele.”

Gone ke boammaaruri gore ga go na motsadi ope yo o itekanetseng. Baebele ya re: “Re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Fa o lemoga gore ka tsela nngwe o dirile gore lo ngangisane, o se ka wa okaoka go kopa maitshwarelo mo ngwaneng wa gago wa dingwaga tsa bolesome. Fa o dumela gore o dirile phoso o tlhoma sekao sa go nna boikokobetso mme seo se tla thusa ngwana wa gago gore le ene a dire jalo.

“Nako nngwe fa re sena go ngangisana, fa ke sena go ritibala, ke ne ka kopa morwaake maitshwarelo. Seo se ne sa dira gore le ene a ritibale mme ga dira gore go nne motlhofo gore a ntheetse.”—Kenji, Japan.

^ ser. 3 Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

IPOTSE JAANA  . . .

  • Ke ditsela dife tse nka tswang ke dira gore re nna le ngwana wa me wa dingwaga tsa bolesome re ngangisane?

  • Nka dirisa jang tshedimosetso e e mo setlhogong seno go tlhaloganya ngwana wa me wa dingwaga tsa bolesome botoka?

  • Nka dira eng go buisana le ngwana wa me wa dingwaga tsa bolesome—kwantle ga go ngangisana?