Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BABADI BA BOTSA . . .

Ke ka Ntlha Yang fa Batho Bangwe ba sa Bidiwe ka Maina mo Baebeleng?

Ke ka Ntlha Yang fa Batho Bangwe ba sa Bidiwe ka Maina mo Baebeleng?

Mo bukeng ya Baebele ya Ruthe, monna mongwe yo o neng a gana go dira tiro ya gagwe go ya ka Molao wa ga Moshe o bidiwa Mokètè. (Ruthe 4:1-12) A re tshwanetse go swetsa ka gore batho botlhe ba ba sa umakiweng ka maina ba bosula kgotsa ga ba botlhokwa?

Nnyaa. Ela tlhoko sekai se se farologaneng le seno. Fa Jesu a ne a baakanyetsa sejo sa gagwe sa bofelo sa Tlolaganyo, o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba tsene “mo motseng kwa go Mokètè [“monna mongwe,” The New English Bible]” mme ba baakanye dilo kwa legaeng la gagwe. (Mathaio 26:18) A re ka fopholetsa gore monna yo go tweng ke “Mokètè” mo temaneng eno e ne e le monna yo o bosula kgotsa gore a o ne a se botlhokwa gore a ka bidiwa ka leina? Nnyaa le eseng; “monna mongwe” yo go buiwang ka ene fano go bonala e ne e le morutwa wa ga Jesu. E re ka leina la gagwe le ne le se botlhokwa thata mo pegong eno, le ne la tlosiwa.

Mo godimo ga moo, pego ya Baebele e na le maina a batho ba le bantsi ba ba bosula; gape e na le dikai tsa batho ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ba sa bidiweng ka maina. Ka sekai, leina la ga Efa, mosadi wa ntlha le a itsege. Le fa go ntse jalo, go nna pelotshetlha le go tlhoka kutlo ga gagwe go ne ga dira gore Adame a leofe e bile go dirile gore rotlhe re diragalelwe ke dilo tse di bosula. (Baroma 5:12) Go farologana le moo, mosadi wa ga Noa ga a bidiwe ka leina mo Dikwalong, mme re ithuta go le gontsi ka go intsha setlhabelo ga gagwe, go nna boikobo ka go ema monna wa gagwe nokeng mo tirong ya gagwe e e botlhokwa. Go bonala sentle gore go ntshiwa ga leina la gagwe ga go bolele gore ga a botlhokwa kgotsa gore Modimo o ne a sa mo amogele.

Go na le batho ba bangwe ba ba sa bidiweng ka maina mo pegong ya Baebele ba ba nnileng le seabe se segolo mo boikaelelong jwa ga Jehofa. Akanya ka mosetsanyana wa Moiseraele yo e neng e le lelata mo ntlong ya ga Naamane, molaodi wa masole a Siria. Ka bopelokgale, o ne a bolelela mong wa gagwe e bong mosadi wa ga Naamane gore go na le moporofeti wa ga Jehofa kwa Iseraele. Seno se ne sa lere kgakgamatso e kgolo. (2 Dikgosi 5:1-14) Morwadie moatlhodi wa Iseraele, Jefetha, le e ne o tlhomile sekao se se molemolemo sa tumelo. O ne a itima tshiamelo ya go nyalwa le go nna le bana gore a diragatse maikano a rraagwe a neng a a dirile. (Baatlhodi 11:30-40) Ka tsela e e tshwanang, go na le bakwadi ba dipesalema di le 40 ba ba sa umakiweng ka maina mmogo le baporofeti ba ba sa bidiwang ka maina ba ba neng ba dira dikabelo tsa bone ka boikanyegi.—1 Dikgosi 20:37-43.

Gongwe sekai se sengwe gape se se kgatlhang ke sa baengele ba ba ikanyegang. Go na le dimilione di le makgolo tsa bone, mme ke ba le babedi fela ba ba bidiwang ka maina mo Baebeleng—Gabariele le Mikaele. (Daniele 7:10; Luke 1:19; Jude 9) Ba bangwe botlhe ga ba bidiwe ka maina mo dipegong tsa Baebele. Ka sekai, Manoa, rraagwe Samesone, o ne a botsa moengele mongwe jaana: “Leina la gago ke mang, gore fa lefoko la gago le diragala re kgone go go tlotla?” O ne a mo araba jaana: “Tota ke ka ntlha yang fa o botsa leina la me?” Ka botlhale, moengele yoo o ne a gana go amogela tlotlo e e neng e tshwanetse Modimo fela.—Baatlhodi 13:17, 18.

Baebele ga e tlhalose lebaka la go bo bangwe ba bidiwa ka maina fa ba bangwe ba sa bidiwe ka maina. Mme re ka ithuta go le gontsi go tswa mo bathong ba ba ikanyegang ba ba neng ba direla Modimo kwantle ga go batla go tuma kgotsa go tseelwa kwa godimo.