HERODOTUS, rahisitori mongwe wa Mogerika yo o neng a tshela dingwaga di le 2 500 tse di fetileng, o ne a tlhalosa kgang nngwe ka Baegepeto ba motlha wa gagwe. O ne a re: “Kwa meletlong ya bahumi, morago ga dijo tsa maitseboa monna mongwe o ne a tsamaya a tshwere setshwantsho sa setopo mo teng ga lekase, se takilwe le go gabiwa ka tsela e e tshwanang kgo le ya motho, se le boleele jwa kubiki kgotsa dikubiki di le pedi. O ne a bontsha mongwe le mongwe yo o tlileng moletlong setshwantsho seno, a bo a re, ‘Nwang mme lo itumele mme lebang setshwantsho seno; ka gonne lo tla bo lo ntse jaana fa lo swa.’”

Ga se Baegepeto fela ba ba neng ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo ka botshelo le loso. Gompieno, mafoko a a reng “Jang, lo nweng mme lo itumele,” e setse e le mafoko fela a a se nang bokao. Fa e le gore fa motho a swa go fedile, a ga go botoka gore a itumelele botshelo fa a sa ntse a tshela? Ke eng fa o tshwanetse go tlhoafalela go dira se se siameng? Fa e le gore fa motho a swa go fedile, go raya gore go tshelela gompieno fela go siame. Tota le moaposetoloi Paulo o ne a bolela jalo. O ne a tlhalosa tsela e batho ba ba sa dumeleng mo tsogong ba ikutlwang ka yone fa a ne a re: “Fa e le gore baswi ga ba na go tsosiwa, ‘a re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.’”—1 Bakorintha 15:32.

Gone ke boammaaruri gore Paulo o ne a dumela gore go na le tsholofelo ka baswi. O ne a tlhomamisegile gore baswi ba tla boa ba tshela gape, ba na le tsholofelo ya gore le ka motlha ba ka se swe. Go tlhomamisega jalo go ne go theilwe mo tiragalong e e botlhokwa thata, e boammaaruri jwa yone bo ka se ganediweng—go tsoga * ga ga Keresete Jesu. Tota e bile, tsogo e ne e le tiragalo e kgolo go gaisa e e ileng ya nonotsha tumelo ya barutwa ba bogologolo.

Gone mme, go tsosiwa ga ga Jesu go kaya eng mo go rona? Mme re itse jang gore o ile a tsosiwa? Mma re  bone gore Paulo o ne a tlhalosa jang dilo tseno fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba nnang kwa Korintha.

GO TWENG FA E LE GORE KERESETE GA A KA A TSOSIWA?

Bakeresete bangwe kwa Korintha wa bogologolo ba ne ba sa tlhaloganye kgang eno sentle mme ba bangwe ba ne ba sa dumele mo tsogong ya mmatota gotlhelele. Mo lekwalong la gagwe la ntlha le a neng a le kwalela Bakeresete ba koo, moaposetoloi o ne a umaka ditlamorago tse di neng di tla nna teng fa go ne go se kitla go nna le tsogo. O ne a kwala jaana: “Fa e le gore, eleruri, ga go na tsogo ya baswi, le ene Keresete ga a tsosiwa. Mme fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, eleruri go rera ga rona ke ga lefela, le tumelo ya rona ke ya lefela. Mo godimo ga moo, gape re bonwa re le basupi ba maaka ba Modimo . . . Tumelo ya lona ga e na mosola; lo sa ntse lo le mo maleong a lona. . . . Gape, ba ba neng ba robala mo losong ba le seoposengwe le Keresete ba ne ba nyelela.”—1 Bakorintha 15:13-18.

“O ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe. . . O ne a bonala kwa go Jakobe, go tswa foo kwa baaposetoloing botlhe; mme kwa bofelong a bonala le mo go nna.”—1 Bakorintha 15:6-8

Paulo o ne a simolola tlhaloso ya gagwe ka mafoko ano a a ka se kang a ganediwa: Fa e le gore baswi ba ka se tsosiwe, go raya gore Keresete, yo o suleng, ga a ka a tsosiwa. Fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, go ne go tla direga eng? Go raya gore go rerwa ga dikgang tse di molemo go ne go tla bo go se na mosola, e ne e tla bo e le tsietso e kgolo. Gone mme, go tsosiwa ga ga Keresete e ne e le selo sa botlhokwa mo tumelong ya Bokeresete, e le sengwe se se amanang thata le bontsi jwa dithuto tsa konokono tsa Baebele tse di ka ga bolaodi jwa Modimo, leina la gagwe, Bogosi jwa gagwe le poloko ya rona. Fa e le gore tsogo ya baswi ga ya ka ya nna teng, molaetsa o Paulo le baaposetoloi ba bangwe ba ileng ba o rera e ne e tla bo e le mafoko a a se nang bokao.

Go ne go tla nna le ditlamorago tse dingwe gape. Fa Keresete a ne a sa tsosiwa mo baswing, tumelo ya Bakeresete e ne e tla bo e le ya lefela, e se na mosola, e theilwe mo maakeng. Mo godimo ga moo, go raya gore Paulo le ba bangwe ba ne ba buile maaka e seng fela ka go tsosiwa ga ga Jesu mme gape le ka yo ba neng ba re o mo tsositse e bong Jehofa Modimo. Gape, go bua re re Keresete o ile a “swela maleo a rona” e ne e tla bo e se boammaaruri—ka gonne fa Mmoloki a ka bo a ile a se ka a bolokiwa mo losong, o ne a ka se ka a kgona go boloka ba bangwe. (1 Bakorintha 15:3) Seo se ne se tla raya gore Bakeresete ba ba suleng, ba bangwe ba bone ba ileng ba nna baswelatumelo, ba ile ba swa ka tsholofelo ya maaka ya gore ba tla tsosiwa.

Paulo o ne a konela jaana: “Fa e le gore ke mo botshelong jono fela re solofetseng mo go Keresete, ke rona ba re tshwanetse[ng] go tlhomogelwa pelo go feta batho botlhe.” (1 Bakorintha 15:19) Paulo, jaaka Bakeresete ba bangwe, o ile a latlhegelwa ke dilo di le dintsi, a bogisiwa, a itshokela mathata a bo a lebana le loso ka gonne a ne a dumela mo tsogong ya baswi le dilo tse di tla dirang gore e nne gone. A bo seo e ne e tla bo e le matsapa a bophiri jang ne fa e ne e le gore tsogo ya baswi e ne e le maaka fela!

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO DUMELA

Paulo o ne a sa dumele gore dilo tseo tsotlhe ke maaka. O ne a itse gore Jesu o tsositswe mo baswing mme fa a bua le Bakorintha o ne a sobokanya bosupi joo ka gore, “Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo; le gore o ne a fitlhwa, ee, gore o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo; le gore o ne a bonala mo go Kefase, go tswa foo mo go ba ba lesome le bobedi.” * Go tswa foo Paulo o oketsa jaana: “Morago ga moo o ne a bonala mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano ka nako e le nngwe, ba bontsi jwa bone bo sa ntseng bo le gone go fitlha jaanong, mme bangwe ba robetse mo losong. Morago ga moo o ne a bonala kwa go Jakobe, go tswa foo kwa  baaposetoloing botlhe; mme kwa bofelong a bonala le mo go nna.”—1 Bakorintha 15:3-8.

Paulo o ne a simolola ka go dirisa mafoko a a bontshang gore o tlhatswegile pelo gore Keresete o ile a swela maleo a rona, a fitlhiwa a bo a tsosiwa. Ke eng se se neng sa dira gore Paulo a tlhomamisege ka seo? Lebaka le lengwe e ne e le bosupi jwa basupi ba le bantsi ba ba boneng tiragalo eo ka matlho. Jesu yo o tsositsweng o ne a bonala mo bathong ba ba farologaneng (go akaretsa le Paulo ka boene), mo ditlhopheng tse dinnye le e leng mo boidiiding jwa batho ba le 500, ba go se nang pelaelo gore bontsi jwa bone ba ne ba belaela fa ba utlwa dikgang tsa gore Jesu o tsositswe mo baswing! (Luke 24:1-11) Bontsi jwa batho ba ba boneng tiragalo eno ka matlho ba ne ba sa ntse ba tshela mo motlheng wa ga Paulo mme ba ne ba ka bodiwa go tlhomamisa gore a tota a seo se diragetse. (1 Bakorintha 15:6) Mosupi a le mongwe kgotsa ba le babedi ba ka itlhokomolosiwa motlhofo mme e seng bosupi jwa batho ba ba boneng ka matlho ba le 500 kgotsa go feta.

Ela tlhoko gape gore Paulo o umaka ka makgetlho a le mabedi gore loso, go fitlhwa le go tsosiwa ga ga Jesu e ne e le “go ya ka Dikwalo.” Ditiragalo tseo di ne di tlhomamisa gore boporofeti jo bo mo Dikwalong Tsa Sehebera jo bo buang ka Mesia bo diragaditswe, ka jalo bo bontsha gore ruri Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng.

Le fa go ne go na le bosupi jwa batho ba ba boneng tiragalo eo ka matlho le jwa Dikwalo, go ne go sa ntse go na le batho ba ba neng ba belaela gore Jesu o tsositswe mo baswing. Bangwe ba ne ba re barutwa ba gagwe ba utswitse mmele wa gagwe mme morago ga foo ba bo ba re ba mmone fa a tsosiwa. Le fa go ntse jalo, barutwa ba ne ba se na maatla kgotsa tlhotlheletso ya go fenya balebedi ba Baroma ba ba neng ba eme fa pele ga lebitla. Ba bangwe ba bolela gore makgetlho a go bolelwang gore Jesu o ne a bonala ka one e ne e le dipono fela. Sengwe se se thulanang le kgopolo eo ke  gore Jesu o ne a bonala mo bathong ba le bantsi ka dinako tse di farologaneng.—Luke 24:36-39.

Mme gape ba bangwe ba bolela gore tsogo e ne e le leano le le logilweng ke barutwa. Mme mosola wa go dira jalo e ne e tla nna ofe? Go neela bosupi ka tsogo go ne ga dira gore barutwa ba sotliwe, ba bogisiwe le go bolawa. Ke eng se se neng se tla dira gore ba itsenye mo kotsing e kana kana e le fela go tshegetsa maaka? Mo godimo ga moo, ba ne ba neela bosupi jwa bone pele kwa Jerusalema, fa pele ga baganetsi ba bone, ba ba neng ba tla dirisa tshono epe fela go ba pega molato.

Tsogo ke yone e e neng ya dira gore barutwa ba nne le bopelokgale jwa go neela bosupi ka Morena wa bone le fa ba ne ba bogisiwa mo go setlhogo. Boammaaruri jwa tsogo e ne ya nna selo sa konokono mo tumelong ya Bakeresete. Bakeresete ba bogologolo ga ba a ka ba tsenya matshelo a bone mo kotsing, e le fela gore ba neele bosupi ka morutisi yo o botlhale yo o neng a bolawa. Ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba bolelele batho ka go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing ka gonne seo se ne se bontsha gore e ne e le Keresete, Morwa Modimo, motho yo o maatla, yo o tshelang yo o neng a ba ema nokeng le go ba kaela. Go tsosiwa ga gagwe go ne go kaya gore le bone ba ne ba tla tsosiwa mo baswing. Tota fa e le gore Jesu o ne a sa tsosiwa, go ne go ka bo go se na Bokeresete. Fa Jesu a ne a sa tsosiwa, gongwe re ka bo re ile ra se ka ra utlwa ka ene.

Gone mme, go tsosiwa ga ga Keresete go kaya eng mo go rona gompieno?

^ ser. 5 Mo Baebeleng, lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tsogo” fa le tsewa fela jaaka le ntse le kaya “go ema gape.” Go kaya gore motho o busediwa mo botshelong gape, a boa a nna le popego ya gagwe e e tlhomologileng, botho jwa gagwe jo bo tlhomologileng le dikgakologelo tsa gagwe tse di tlhomologileng.

^ ser. 13 “Ba ba lesome le bobedi” ke tsela e nngwe ya go bua ka “baaposetoloi,” le fa ka nakwana morago ya loso lwa ga Judase Isekariota, go ne go na le baaposetoloi ba le 11 fela. Mo lekgetlhong lengwe le Jesu a tlhageletseng mo go bone ka lone, go ka tswa go ne go na le ba le lesome fela ba ba neng ba emela ba le 12, ka gonne Thomase o ne a seyo.—Johane 20:24.