KA April 2006, mo makwalodikgannyeng go ralala lefatshe go ne ga nna le pego e e gakgamatsang e e bontshang gore setlhopha sa bakanoki bangwe se batla go gatisa mokwalo wa bogologolo o o sa tswang go bonwa bosheng jaana o o nang le setlhogo se se reng “Efangele ya ga Judase.” Ditlhogo tseno di ne di bontsha gore bakanoki ba akanya gore mokwalo ono o fetola gotlhelele tsela e re lebang Judase, morutwa yo o neng a oka Jesu ka yone. Go ya ka bone, tota Judase e ne e le mogaka, moaposetoloi yo o neng a tlhaloganya Jesu sentle thata, yo o neng a dira gore Jesu a bolawe ka gonne Jesu a ne a mo kopile go dira jalo.

A mokwalo ono o ka ikanngwa? Fa e le gore go ntse jalo, a o senola kitso nngwe e e neng e fitlhegile malebana le batho ba ba kileng ba tshela ba ba jaaka Judase Isekariota, Jesu Keresete kgotsa Bakeresete ba bogologolo? A mokwalo ono o tshwanetse wa ama tsela e re tlhaloganyang Bokeresete ka yone?

GO RIBOLOLWA GA “EFANGELE YA GA JUDASE”

Go sa ntse go sa tlhomamisege gore “Efangele ya ga Judase” e bonwe jang. Go na le gore mokwalo ono o ribololwe kgotsa o kwalwe ke baithutamarope, o ne wa bonala fela kwa marekisetsong a dilo tsa bogologolo kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1970 kgotsa mo masimologong a bo1980 go sa itsiwe gore o tswa kae. Go ka direga gore o bonwe kwa Egepeto ka 1978 mo lebitleng le le se nang sepe, gongwe mo teng ga logaga. E ne e le nngwe ya mekwalo e menè e e mo teng ga codex (buka nngwe ya bogologolo) e e kwadilweng ka Se-Coptic (puo e e tswang mo Seegepetong sa bogologolo.)

Fa codex eno e ne e sena go tlosiwa kwa tlelaemeteng e e omileng ya kwa Egepeto, kwa e neng e bolokilwe gone ka makgolokgolo a dingwaga, e ne ya simolola go senyega ka bonako. Bakanoki ba le mmalwa ba ne ba bontshiwa codex go sekaenyana ka 1983; mme madi a e neng e rekisiwa ka one a ne a le kwa godimo thata mme ga ya ka ya rekwa. E re ka codex e ne e sa tlhokomelwe e bile e sa bolokiwa sentle, mo dingwageng tse di latelang morago ga foo, e ne ya senyega ka bonako le go feta. Ka 2000, e ne ya rekwa ke morekisi mongwe wa dilo tsa bogologolo wa kwa Switzerland. Kgabagare o ne a e naya setlhopha sa bomankge ba ba mo lefatsheng lotlhe ba ba berekang ka fa tlase ga kaelo ya Foundation for Ancient Art le National Geographic Society, ba ba ileng ba newa tiro ya go baakanya codex e e neng e setse e ngathogana ka dikarolwana tse dinnye. Gape  setlhopha seno se ne sa leka le go bona gore codex e na le dingwaga di le kae ba bo ba e ranola.

Carbon-14 e e leng thulaganyo e e tlhomamisang gore dilo di na le dingwaga di le kae e ne ya bontsha gore codex eno e ka tswa e le ya lekgolo la boraro kgotsa la bonè la dingwaga C.E. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba akanya gore mokwalo ono wa Coptic wa “Efangele ya ga Judase” o ile wa ranolwa go tswa mo Segerikeng sa ntlhantlha pelenyana thata ga nako eo. “Efangele ya ga Judase” e ne ya kwalwa leng e bile e ne ya kwalelwa kae?

“EFANGELE YA GA JUDASE”—EFANGELE YA MOTLHA WA BOKENOSETIKI

Lekgetlho la ntlha fa go umakiwa mokwalo o o bidiwang “Efangele ya ga Judase” e ne e le mo mekwalong ya ga Irenaeus, mokwadi mongwe wa bofelo jwa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., yo o neng a ipitsa Mokeresete. Mo bukeng nngwe e e bidiwang Against Heresies, Irenaeus o kwala jaana ka nngwe ya ditlhopha tse dintsi tse a leng kgatlhanong le dithuto tsa tsone: “Ba bolela gore Judase wa mooki o ne a itse dilo tseno sentle e bile e re ka e le ene fela a neng a itse boammaaruri, o ne a kgona go dira tiro ya go oka ya masaitseweng. Ka ene, dilo tsotlhe, tse di mo lefatsheng le tse di kwa legodimong, di ne tsa tlhakatlhakanngwa. Ba tlhalosa hisitori ya mofuta ono e e seng boammaaruri, e ba reng ke Efangele ya ga Judase.”

“Ga se Efangele e e kwadilweng mo motlheng wa ga Judase ke mongwe yo a neng a mo itse”

Irenaeus o ne a ikaeletse thata go ganetsa dithuto tse di farologaneng tsa Bakeresete ba Bakenosetiki ba ba neng ba iphaka gore ba na le kitso e e kgethegileng. Bokenosetiki ke lefoko le le tlhalosang ditlhopha tse dintsi, tse nngwe le nngwe ya tsone e tlhalosang “boammaaruri” ka tsela ya yone. Bakenosetiki ba ile ba rotloetsa dithuto tsa bone tse di theilweng mo mekwalong ya bone, e e ileng ya anama mo lekgolong la bobedi la dingwaga C.E.

Gantsi mekwalo e e ntseng jalo ya Bakenosetiki e tlhalosa gore baaposetoloi ba ba tumileng ba ga Jesu ba ne ba sa tlhaloganye molaetsa wa gagwe le gore go na le thuto ya sephiri e Jesu a neng a e fetisa e e neng ya tlhaloganngwa ke ba le mmalwa fela ba ba tlhophilweng. * Bangwe ba Bakenosetiki bao ba ne ba dumela gore lefatshe le batho ba nnang mo go lone ke kgolegelo. Ka jalo, totatota “modimo yo o bopileng dilo” wa Dikwalo tsa Sehebera e ne e le modimo yo o kwa tlase, yo o neng a sa tshwane le medimo e e itekanetseng. Motho yo o nang le “kitso” ya boammaaruri o tla tlhaloganya “sephiri” seno mme o tla tswa mo mmeleng wa gagwe wa tlholego.

“Efangele ya ga Judase” e theilwe mo tumelong eno. E simolola ka mafoko ano: “Seno ke sephiri se Jesu a se boleletseng Judase Isekariota, mo malatsing a le robedi, malatsi a le mararo pele ga fa a keteka Tlolaganyo.”

A codex eno ke one mokwalo o Irenaeus a neng a kwala ka one, o ka makgolo a dingwaga go neng go akanngwa gore o latlhegile? Marvin Meyer, mongwe wa setlhopha sa ntlha se se neng sa sekaseka le go ranola codex eno, a re “tlhaloso e khutshwane ya ga Irenaeus e tsamaisana sentle le mokwalo o o leng teng wa Se-Coptic o o nang le setlhogo se se reng Efangele ya ga Judase.”

KAFA JUDASE A TLHALOSIWANG KA TENG MO EFANGELENG ENO—KGANG YA MORUTHUTHA GARE GA BAKANOKI

Mo “Efangeleng ya ga Judase,” Jesu o tshega barutwa ba gagwe ka go ba sotla ka go bo ba sa tlhaloganye sentle se a se buang. Mme Judase ke ene fela mo baaposetoloing ba le 12 yo o bontshang gore o tlhaloganya Jesu sentle. Ka jalo, Jesu o mmolelela “masaitseweng a bogosi” mo sephiring.

Setlhopha sa ntlha sa bakanoki ba ba ileng ba ranola “Efangele ya ga Judase” se ne se tlhotlhelediwa thata ke se Irenaeus a se buileng. Mo thanolong ya bone, Jesu o rata Judase thata e re ka e le morutwa yo o tlhaloganyang masaitseweng e bile a “fitlha” mo “bogosing.” Baaposetoloi ba ba tsieditsweng ba ne ba tla bona mongwe yo a ka emisetsang Judase mme o ne a tla nna “moya wa bo13” o o neng o tla gaisa [barutwa ba bangwe] botlhe ka gonne Jesu a re, “lo tla ntsha setlhabelo monna yo o nkapesitseng.”

 Bakwadi ba dibuka tsa bone di rekwang thata ba ba jaaka Bart Ehrman le Elaine Pagels, ba gape e leng bakanoki ba ba tumileng ba Bokeresete le Bokenosetiki jwa bogologolo, ba ile ba gatisa ka bonako ditshekatsheko le ditlhaloso tsa bone tsa “Efangele ya ga Judase” e e neng e tshwana le thanolo ya setlhopha sa ntlha. Le fa go ntse jalo, ka bonako morago ga foo, seo se ne sa tshwenya bakanoki ba bangwe, ba ba jaaka April DeConick le Birger Pearson. Ba ne ba bolela gore e re ka National Geographic Society e ne e batla go tlhaga e le nosi mo metsweding ya tshedimosetso, e ile ya itlhaganela go gatisa mokwalo oo wa bogologolo. Mo godimo ga moo, ba akanya gore ga go a ka ga latelwa thulaganyo e e tlwaelegileng ya go sekaseka mokwalo oo.

DeConick le Pearson ba ba neng ba bereka ba le bosi, ba ne ba swetsa ka gore dikarolo dingwe tse di botlhokwa tsa codex e e sa felelang ga di a ranolwa sentle ke bakanoki ba nako e e fetileng. Go ya ka thanolo ya ga DeConick ya mokwalo o o baakantsweng, Jesu o bitsa Judase “Ledimona la Bo13,” e seng “moya wa bo13.” * Gape Jesu o bolelela Judase ka tlhamalalo gore a ka se ka a tsena mo “bogosing.” Go na le gore a ‘gaise’ barutwa ba bangwe botlhe, Jesu o raya Judase a re: “O tla palelwa go ba feta botlhe. Ka gonne o tla ntsha monna yo o nkapesang setlhabelo.” Go ya ka DeConick “Efangele ya ga Judase” ke sengwe se se itlhametsweng se se sotlang baaposetoloi botlhe. Tshwetso ya makgaolakgang e DeConick le Pearson e ba e dirileng ke gore mo “Efangeleng ya ga Judase,” Judase ga se mogaka.

RE KA ITHUTA ENG MO “EFANGELENG YA GA JUDASE”?

E ka tswa ba bolela gore Judase wa efangele eno e ne e le mogaka kgotsa ledimona, ga go na ope mo bakanoking ba ba sekasekileng mokwalo ono yo o bolelang gore o na le tshedimosetso e e boammaaruri ya hisitori. Bart Ehrman o tlhalosa jaana: “Ga se Efangele e e kwadilweng ke Judase, kgotsa e go tweng e kwadilwe ke ene. . . . Ga se Efangele e e kwadilweng mo motlheng wa ga Judase ke mongwe yo a neng a mo itse. . . Ka jalo, ga se buka e e tla re nayang tshedimosetso e e oketsegileng ka se tota se diragetseng mo motlheng wa ga Jesu.”

“Efangele ya ga Judase” ke mokwalo wa Bakenosetiki wa lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., o kwa tshimologong o neng o kwadilwe ka Segerika. Bakanoki ba sa ntse ba sa tlhomamisege gore a “Efangele ya ga Judase” e e sa tswang go bonwa e tshwana le mokwalo o Irenaeus a neng a bua ka one. Mme “Efangele ya ga Judase” e neela bosupi bo le bongwe fela jo bo botlhokwa jwa gore go na le nako e ka yone “Bokeresete” bo neng bo kgaogane ka ntlha ya makoko a mantsi le dithuto tse di neng di ganetsana. Go na le gore “Efangele ya ga Judase” e ganetse Dikwalo, tota e bontsha kafa ditlhagiso tsa baaposetoloi di leng boammaaruri ka gone, tlhagiso e e jaaka ya ga Paulo e e mo go Ditiro 20:29, 30 e e reng: ‘Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.’

^ ser. 11 Gantsi diefangele tseno di rewa ka batho ba go dumelwang gore ba ne ba tlhaloganya dithuto tsa ga Jesu tsa boammaaruri botoka, jaaka go ntse ka “Efangele ya ga Thomase” le “Efangele ya ga Maria Magadalena.” Fa diefangele tseno di kopane tsotlhe, ke mekwalo e e ka nnang 30 ya bogologolo.

^ ser. 18 Bakanoki ba ba dumelang gore Judase ke ledimona mo mokwalong ono—ledimona le le tlhaloganyang Jesu botoka go na le barutwa ba bangwe—ba tlhalosa kafa tlhaloso eno e tshwanang ka teng le tsela e madimona a go buiwang ka one mo dipegong tsa Diefangele tsa Baebele a itseng Jesu sentle ka teng.—Mareko 3:11; 5:7.

Ga go na ope mo bakanoking ba ba sekasekileng mokwalo ono yo o bolelang gore o na le tshedimosetso e e boammaaruri ya hisitori