Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tse di Fetileng Di ka Se Fetolwe

Ditiragalo Tse di Fetileng Di ka Se Fetolwe

Ka June 14, 2007, Estonian National Post Office e ne ya rebola setempe seno sa poso sa segopodiso, se se bontshitsweng kafa mojeng. Fa se rebolwa go ne ga dirwa kitsiso eno: “Setempe seno se se godisitsweng sa segopodiso se rebotswe go nna segopodiso sa batho ba ba ileng ba bolawa ka nako ya fa Ba-Estonia ba ne ba gailwa mo pusong ya ga Stalin.” Mo gare ga dingwaga tsa 1941 le 1951, Ba-Estonia ba ba diketekete ba ne ba fudusiwa ka dikgoka.

DITIRAGALO tse di fetileng di ka se fetolwe. Ke sekapuo se se itsegeng thata kwa Estonia mme go na le dikapuo tse di tshwanang kwa dinageng tse dingwe. Ee, ke boammaaruri gore re ka se fetole se se diragetseng mo nakong e e fetileng mme re ka kgona go ithuta sengwe mo go sone. Kgosi e e botlhale ya kwa Iseraele wa bogologolo e bong Solomone o ne a re: “Ke bone seno sotlhe fa ke akanya ka dilo tse di dirwang mo lefatsheng leno, lefatshe le mo go lone banna bangwe ba nang le taolo mme ba bangwe ba tshwanelwa ke go boga kafa tlase ga bone.”—Moreri 8:9, Today’s English Version.

Go ile ga nna le bosupi jo bo nonofileng jwa mafoko ano a Baebele masome a dingwaga a a fetileng kwa Estonia, mmogo le kwa dikarolong tse dintsi tsa Yuropa Botlhaba. Puso ya batho e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba ba se nang molato ba fudusiwe ka dikgoka go ya kwa dinageng tse di kgakala go ya go nna koo kgotsa go ya go nna bagolegwa kwa dikampeng tsa pogisetso.

Go ya ka bakwalahisitori ba lefelo leo, batho ba ba fetang 46 000 ba ne ba fudusiwa ka dikgoka go tswa kwa nageng e nnye eno mo gare ga dingwaga tsa 1941 le 1951. Ba le bantsi ba ile ba fudusiwa ka ntlha ya go nna le seabe mo dipolotiking, ba bangwe ka ntlha ya setso sa bone kgotsa boemo jwa bone. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa bone, ba ne ba fudusiwa ka ntlha ya bodumedi jwa bone.

Batho ba ba Boifang Modimo ba a Tlhaselwa

Go ya ka patlisiso nngwe e e gatisitsweng ke Baanamisi ba Dikgang ba Tartu University ka 2004, mokwalahisitori e bong Aigi Rahi-Tamm o ne a re: “Go tloga ka 1948 go fitlha ka 1951, Basupi ba ga Jehofa ba le 72 ba ile ba tshwarwa, go akaretsa le batho ba ba amanang le bone. Le fa go ntse jalo, go ne ga logiwa maano a go fudusa batho ba bantsi mme mo bosigong jwa April 1, 1951, maano ao a ile a diragadiwa e seng fela kwa Dinageng Tsa Baltic mme gape le kwa Moldova, Ukraine bophirima le kwa Belorussia.”

Pele ga 1951, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Estonia ba ne ba tshwarwa, ba gatelelwa mo maikutlong, ba botsolodiwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Go bonala letsholo leno le lesha la go fudusa batho ka dikgoka e ne e le maiteko a magolo a go fedisa Basupi ba ga Jehofa gotlhelele kwa Estonia.

Letlha la April 1, 1951, le tlhagelela mo setempeng se se umakilweng kwa tshimologong. Palo ya 382 e e mo setempeng e kaya palo ya Basupi le bana ba bone ba ba neng ba fudusiwa ka dikgoka ka letsatsi leo. Palo eno e akaretsa bangwe ba losika  le baagelani bangwe ba e neng e se Basupi. Ka letsatsi leo, batho ba ne ba tshwarwa go ralala naga yotlhe. Mo bosigong joo, batho ba ba neng ba tshwarwa—bagolo le bana—ba ne ba tsenngwa mo dikolotsaneng tsa terena tse di tsenyang diphologolo, ba isiwa kwa Siberia.

Ella Toom

Ella Toom, * yo ka nako eo a neng a le dingwaga di le 25, e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa a gakologelwa nako ya fa a ne a botsolodiwa a re: “Modiredimogolo mongwe o ne a leka go ntshosa mme a ntaela gore ke tlogele go rera. Gape o ne a mpotsa jaana: ‘A o batla go tshela? Kgotsa a o batla go swa le Modimo wa gago kwa sekgweng sa Siberia?’” Le fa go ntse jalo, Ella o ne a tswelela go rera dikgang tse di molemo ka bopelokgale. O ne a romelwa kwa Siberia mme a fudusediwa kwa dikampeng tsa pogisetso tse di farologaneng ka sebaka sa dingwaga di ka nna thataro.

Mongwe wa batho ba bantsi ba ba neng ba fudusiwa ka dikgoka kwantle ga go seka e ne e le Mosupi mongwe yo mosha e bong Hiisi Lember. Fa a gakologelwa se se diragetseng ka April 1, 1951, o tlhalosa jaana: “Ba ne ba tla bosigo re sa ba lebelela gotlhelele, ba bo ba re laela jaana: ‘Lo na le metsotso e le 30. Phuthang dilo tsa lona!’” Ba ne ba ba tsaya Hiisi le morwadie wa dingwaga di le thataro bosigo ba sa bonwe ke ope ba ba isa kwa seteisheneng sa terena. Terena e e modumo e ne ya tsamaya e ema mo seteisheneng sengwe le sengwe e tsaya Basupi ba bangwe. “Re ne ra latlhelwa mo kolotsaneng ya terena e e tsenyang diphologolo. Se se itumedisang ke gore boloko jwa diphologolo bo ne bo omeletse; fa go ne go sa nna jalo, go ne go ka bo go le thata go ema mo go jone. Re ne re ntse jaaka diphologolo tse di tsentsweng di le dintsi mo sepalanngweng.”

Loeto loo lwa terena lo lo setlhogo lwa dibeke tse pedi lo ne lo utlwisa botlhoko thata. Materoko a ne a tletse thata e bile a le leswe. Bagolo mmogo le bana ba ne ba tlontlolotswe ka ditsela tsotlhe. Bangwe ba bone ba ne ba lela mme ba gana go ja. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ne ba kgothatsana le go thusana ka go opela dipina tsa kobamelo le go abelana dijo tse ba neng ba na le tsone. Ba ne ba romelwa kwa lefelong le ba neng ba tla nnela ruri kwa go lone mme ba ne ba bolelelwa gore ba ka se boe.

Hiisi Lember le morwadie e bong, Maaja

Hiisi o gakologelwa jaana kemonokeng e e lorato e a neng a e amogela mo badumeding ka ene ka nako e e thata eno: “Kwa seteisheneng sengwe, terena ya rona e ne ya ema gaufi le terena e e neng e tswa kwa Moldova. Go tswa mo loboteng lwa letoroko la terena, re ne ra utlwa monna mongwe a botsa gore re bomang e bile re ya kae. Re ne ra tlhalosa gore ga re itse gore re ya kae le gore re Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang kwa Estonia. Basupi ba bangwe ba ba mo tereneng e e tswang kwa Moldova ba ne ba utlwa motlotlo wa rona. Ba ne ba re latlhelela lofo e kgolo ya borotho le di-prune, ba di latlhela ka phatlha e e mo letorokong.” O ne a oketsa jaana: “Ka nako eo, re ne ra simolola go tlhaloganya gore go na le palo e ntsi thata ya Basupi ba ga Jehofa ba ba phuthilweng—go tswa kwa direpaboliking tsotlhe tsa Soviet Union!”

Basetsana ba babedi ba basha ba ba Basupi e bong Corinna le monnawe Ene, ba ne ba kgaogantswe le mmaabone ka dingwaga tse di fetang thataro. Mmaabone, yo le ene e leng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a tshwarwa pelenyana ga bone mme o ne a isitswe kwa kampeng ya pogisetso. Morago ga foo, mo bosigong joo jo bo setlhogo jwa April, basetsana ba babedi ba basha bano ba ne ba tsewa ka dikgoka kwa legaeng la bone mme ba tsenngwa mo letorokong. Corinna o gakologelwa jaana ka boitumelo: “Mo tereneng, Mosupi mongwe yo o nang le bana ba babedi o ne a ithaopa go re tlhokomela mme a re tlhomamisetsa gore re tla nna mmogo jaaka lelapa le ene le bana ba gagwe.”

Go ne ga direga eng fa ba goroga kwa ba neng ba  ya gone? Letsatsi morago ga go goroga kwa nageng e e tsididi ya Siberia, go ne ga simololwa “kgwebo ya makgoba” e e digang motho seriti. Banna bangwe go tswa mo dipolaseng tse di farologaneng ba ne ba tla go tlhopha babereki ba ba tla berekang mo dipolaseng tsa bone. Corinna o gakologelwa jaana: “Re ne ra ba utlwa ba ngangisana ba re: ‘Wena o setse o na le mokgweetsi wa terekere. Yo ke wa me,’ kgotsa, ‘Nna ke setse ke tsere ba babedi ba ba godileng. Le wena o tshwanetse go tsaya bangwe ba ba godileng.’”

Corinna le Ene e ne e le basetsana ba ba pelokgale. Moragonyana ba ne ba re: “Re tlhologeletswe mmè thata, e bile re eletsa thata go mo tlamparela ka lorato gape!” Le fa go ntse jalo, ba ne ba nna ba nonofile mo tumelong e bile ba kgona go dira metlae. Corinna o oketsa jaana: “Ka tsela nngwe, go botoka go bo mmè a sa re bona ka gonne ka dinako tse dingwe re ne re tshwanelwa ke go bereka kwa ntle mo serameng re sa apara diaparo tse di tshwanetseng.”

Ga go na pelaelo gore batho ba ba se nang molato ba kwa Estonia le go sele ba ile ba direlwa tshiamololo thata mme Basupi ba ga Jehofa ke bangwe ba bone. (Bona lebokoso la setlhogo se se reng “‘Pogisego e Kgolo’ E e Sa Lebalesegeng.”) Le fa ba ile ba tshwarwa makgwakgwa le go bogisiwa jalo mo nakong e e fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Estonia ba sa ntse ba le matlhagatlhaga e bile ke batho ba ba itumetseng.

Isagwe e e Itumedisang e e Tlang

Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa o tlhoile tshiamololo. Ya re: “Mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno, mongwe le mongwe yo o dirang ka go tlhoka tshiamiso, ke selo se se makgapha mo go Jehofa Modimo wa gago.” (Duteronome 25:16) Le fa Modimo a ile a letlelela boikepo mo nakong e e fetileng, go ise go ye kae o tla fedisa tshiamololo le boikepo. Mopesalema a re: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo. Mme ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:10, 11.

Ee, re emetswe ke isagwe e e itumedisang! Le fa re sa kgone go fetola dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng, re ka kgona go dira sengwe go tlhomamisa gore re nna le isagwe e e itumedisang. Atamalana le Modimo mme o bone gore o ka itumelela jang isagwe eo e e itumedisang fa go tla bo go rena tshiamo ya mmatota.—Isaia 11:9.

^ ser. 10 Kgang ya botshelo jwa ga Ela Toom e tlhaga mo makasineng wa Tsogang! wa April 2006, tsebe 20-24.

Ene le mogolowe e bong Corinna