Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Dumela Gore o Kile wa Tshela mo Nakong e e Fetileng?

A o Dumela Gore o Kile wa Tshela mo Nakong e e Fetileng?

“Go boa o tshela gape ke boammaaruri e bile ke boammaaruri gore batho ba ba tshelang ba kile ba tshela, ba swa ba bo ba tshela gape le gore baswi ba tswelela ba tshela.”—PLATO MOFILOSOFI WA MOGERIKA, WA LEKGOLO LA BOTLHANO LA DINGWAGA B.C.E., A NOPOLA “SOCRATES.”

“E re ka moya o tlhoka mmele o o ka tshelang mo go one mme one e se mmele, o ka tshela mo mebeleng e e farologaneng, o tswa mo mmeleng o mongwe o ya kwa go o mongwe.”—GIORDAN BRUNO, MOFILOSOFI WA MONTADIANA, WA LEKGOLO LA BO16 LA DINGWAGA C.E.

“Ga go na sepe se se suleng: go lebega e kete batho ba sule mme sengwe mo go bone se tswelela se tshela . . . go tswa foo karolo eo e e tswelelang e tshela e leba lefatshe e kete e lebile mo fensetereng ka gonne jaanong motho yoo o tla bo a le mo mmeleng o mongwe.”—RALPH WALDO EMERSON, MOKWADI WA DITLHAMO WA MOAMERIKA E BILE E LE MMOKI, WA LEKGOLO LA BO19 LA DINGWAGA C.E.

A O KILE wa ipotsa gore tota o mang? A o kile wa akanya gore o kile wa tshela mo nakong e e fetileng? Fa go ntse jalo, ga o esi. Go tloga bogologolo, batho ba ditso tse di farologaneng ba ile ba ipotsa dipotso tseo. Fa ba ntse ba batla dikarabo tsa dipotso tseo, bangwe ba ile ba simolola go dumela mo thutong ya go tsalwa o le setshedi se sesha. Eno ke kgopolo ya gore fa motho a swa, moya o o sa bonaleng o tswa mo mmeleng o bo o tsalwa sesha mo mmeleng o mongwe—e le motho, phologolo kgotsa le e leng semela—ka lekgetlho le le lengwe kgotsa ka makgetlho a le mmalwa a a latelanang.

 Le fa bangwe ba ka tswa ba dumela gore ke tlhaloso e e tshwanelang ya gore go direga eng ka rona fa re swa, re ka tlhomamisega jang gore seo se boammaaruri? Lefoko la Modimo e leng Baebele, la reng ka seno? Le fa go ntse jalo, sa ntlha re tshwanetse go ipotsa gore, Kgopolo eno e tswa kae?

Kgopolo ya go Tsalwa o le Setshedi se Sesha e Tswa Kae?

Go ya ka bakwalahisitori le bakanoki, baagi ba Babelona wa bogologolo, motse o o neng wa agiwa dingwaga tse di fetang 2 000 pele ga Keresete, ba ne ba simolola go dumela gore moya wa motho ga o swe. Mo bukeng ya gagwe ya The Religion of Babylonia and Assyria, Morris Jastrow yo Mmotlana o ne a bolela gore bothata jwa thuto ya bosasweng ke gore “baithutabodumedi ba Bababelona ba ne ba akanya thata ka kgopolo eno ya bosasweng.” O ne a re: Mo Bababeloneng, “loso e ne e le tsela ya go fetela kwa botshelong jo bongwe. Ga go pelaelo gore baithutabodumedi ba Bababelona ba ne ba simolola kgopolo eno ya gore moya ga o swe ka gonne ba ne ba sa dumele gore fa motho a swa ga a tlhole a le teng.”

Go tloga ka nako eo, thuto ya go fetela ga moya mo mmeleng o mosha e ne ya simolola le mo dikarolong tse dingwe tsa dinaga tsa bogologolo. Bafilosofi ba Baindia ba ne ba simolola tumelo ya gore botshelo jo motho a bo tshelang bo ama mmele o a tla tshelang mo go one mo botshelong jwa gagwe jo bo latelang. Bafilosofi ba Bagerika ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo le bone ba ne ba simolola go dumela mo thutong ya go tsalwa o le setshedi se sesha mme thuto eno e ne ya simolola go anama.

Mo motlheng wa rona, batho ba kwa dinageng tsa Bophirima ba ile ba nna le kgatlhego e kgolo mo thutong ya go tsalwa o le setshedi se sesha. Batho ba ba tumileng le basha ba kgatlhwa thata ke dikgopolo le ditlwaelo tsa bodumedi tsa kwa Botlhaba. Gompieno go na le dibuka le mafelo a mantsi a Internet a a buang ka dilo tse batho bangwe ba dumelang gore di ba diragaletse mo botshelong jo bo fetileng. Sengwe se se anameng thata mo dinageng di le dintsi ke se se bidiwang kalafi ya botshelo jo bo fetileng. E rotloetsa go dirisiwa ga kalafi ya go tshereanya motho go itse ka botshelo jo batho ba dumelang gore ba ne ba bo tshela mo nakong e e fetileng e le go tlhaloganya botsogo jwa bone jwa gone jaanong le tsela e ba itshwarang ka yone.

A Kgopolo ya go Tsalwa o le Setshedi se Sesha e Boammaaruri?

Le fa gone tumelo ya go tsalwa o le setshedi se sesha e simologile bogologolo, ga go pelaelo gore re tlhoka karabo ya potso eno e e botlhokwa—a e boammaaruri? Mme Bakeresete ba batla go itse gore a Baebele e bontsha gore tumelo eo e boammaaruri. (Johane 17:17) E re ka Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo e le Motswedi wa botshelo e bile e le “Mosenodi wa diphiri,” o senola dilo ka botshelo le loso tse gantsi batho ba sa di itseng. Re ka tlhomamisega gore Lefoko la gagwe e leng Baebele le tla re naya dikarabo tsa kgang eno.—Daniele 2:28; Ditiro 17:28.

Re ka kgona go bona dikarabo tsa Modimo motlhofo fa re letla gore Baebele e ipuelele. Ka sekai, mo go Genesise 3:19, re bona mafoko a Modimo a a buileng le Adame, fa Adame le Efa ba sena go tlola molao wa gagwe. Modimo o ne a re: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” Adame o ne a bopilwe ka lorole. Fa a swa, o ne a boela mo loroleng. Ke kafa Modimo a ileng a tlhalosa kgang eo ka gone. Ka jalo, fa motho a swa ga a tsalwe sesha e le motho o sele mme ga a tlhole a le gone. * Fela jaaka mogote le botsididi, go oma le go koloba, lesedi le lefifi e le dilo tse di sa tshwaneng, loso le botshelo le tsone ke dilo tse di sa tshwaneng. Batho ba ba suleng ba sule! Ke sengwe se se sa raraanang e bile se a tlhaloganyesega.

Ka jalo, go tshwanetse ga bo go na le mabaka mangwe a a dirang gore batho ba akanye gore ba gakologelwa dilo tse di diragetseng mo botshelong jwa bone jwa nako e e fetileng. Tsela e tlhaloganyo ya motho e berekang ka yone, go akaretsa le karolo e e kwa moragorago ya tlhaloganyo, kafa melemo e amang motho ka teng le kafa dilo tse di utlwisang botlhoko tse di diragaletseng motho di amang motho ka teng, dilo tseno tsotlhe ga di ise di tlhaloganngwe ka botlalo. Ditoro le dilo tse motho a akanyang gore di diragetse tse di theilweng mo tshedimosetsong e ntsintsi e e mo bobolokelong jwa boboko jwa rona di ka gakologelwa sentle jaana mo e leng gore di ka lebega di le boammaaruri. Mo  makgetlhong mangwe, meya e e boikepo e dira gore dilo tsa masaitseweng di lebege e le tsa mmatota.—1 Samuele 28:7-19.

Ke ga tlholego fela gore batho ba batle go tshela le go batla go itse ka isagwe. Mme keletso eo e tswa kae? Se se kgatlhang ke gore Baebele e bolela jaana ka Mmopi: “Gape o tlhomile bosakhutleng mo dipelong tsa batho.” (Moreri 3:11, New International Version) Ka jalo, batho ba na le keletso e kgolo ya go batla go tshelela ruri.

Fa e le gore Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, o tsentse keletso ya go tshelela ruri mo dipelong tsa batho, gape go a utlwala gore o tla tlhalosa gore keletso eo e tla kgotsofadiwa jang. Baebele e senola boikaelelo jwa Mmopi jo bo molemo jwa go segofatsa batho ba ba kutlo ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng e bong Kgosi Dafide o ne a re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Thuto ya botlhokwa ya Baebele e e amanang thata le boikaelelo jo bo nnetseng ruri jwa Modimo ke go tsosiwa ga baswi.—Ditiro 24:15; 1 Bakorintha 15:16-19.

Tsogo—Tsholofelo ya Baswi e go Nang le Bosupi ka Yone

Mo Baebeleng go na le dipego di le robedi tsa basupi ba ba boneng ka matlho fa go tsosiwa batho ba bo ba boa ba tshela mo lefatsheng. * Dipego tseno ke tsa go tsosiwa ga baswi e seng tsa go tsalwa o le setshedi se sesha. Batho ba ba neng ba tsosiwa ba ne ba lemogiwa ka bonako ke ba malapa le ditsala. Ga go na lekgetlho lepe le ka lone ba losika ba neng ba tshwanelwa ke go batla bana ba ba sa tswang go tsholwa, ba ba batla gongwe le gongwe le go leka go tlhomamisa gore a mongwe wa masea ao ke mongwe wa batho ba ba ba ratang, ba ba tshotsweng e le ditshedi tse disha.—Johane 11:43-45.

Go a gomotsa go itse gore Lefoko la Modimo le bontsha gore batho ba le bantsi ba ba suleng ba tla tsosiwa fa go tsosiwa baswi mo lefatsheng le lesha la Modimo, le le tla tlogang le emisetsa lefatshe leno le le boikepo. (2 Petere 3:13, 14) Gone jaanong, tsela ya go tshela ya batho ba ba dibilione e bolokilwe mo mogopolong o o sa lebaleng, o o itekanetseng wa ga Jehofa, Modimo yo o gakologelwang tota le maina a dinaledi tsotlhe! (Pesalema 147:4; Tshenolo 20:13) Fa a tsosetsa dikokomana tse dintsi mo lefatsheng la gagwe le lesha, ba tla kgona go latedisa ba masika a bone le go itse bagologolwane ba bone. A bo e le tsholofetso e e kgatlhang le e e itumedisang jang ne!

^ ser. 13 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 6 ya setlhogo se se reng “Baswi ba Kae?” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 18 Dipego tse robedi tse go kwadilweng ka tsone di mo go 1 Dikgosi 17:17-24; 2 Dikgosi 4:32-37; 13:20, 21; Luke 7:11-17; 8:40-56; Johane 11:38-44; Ditiro 9:36-42; 20:7-12. Fa o ntse o bala dipego tseno, ela tlhoko kafa batho bano ba ileng ba tsosiwa fa pele ga basupi ba bantsi ba ba boneng tiragalo eo ka teng. Pego ya borobongwe e tlhalosa ka go tsosiwa ga ga Jesu Keresete.—Johane 20:1-18.