Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Se lo Ka se Dirang Fa lo Na le Dikoloto

Se lo Ka se Dirang Fa lo Na le Dikoloto

Giannis: * “Kgwebo ya me e ne ya phutlhama ka nako ya mathata a ikonomi kwa Gerika, ka jalo re ne re sa tlhole re kgona go duela sekoloto sa ntlo ya rona le dikoloto tsa dikarata tsa rona. Ke ne ke tlhorega boroko ka ntlha ya go ngomoga pelo.”

Katerina: “Re tsere matsapa go aga ntlo ya rona, mme go ne go nkutlwisa botlhoko thata go akanya gore e tlile go re latlhegela. Nna le Giannis re ne re ngangisana ka makgetlho a le mantsi malebana le kafa re ka rarabololang mathata a sekoloto sa rona ka teng.”

DIKOLOTO di ka baka mathata mo lelapeng le e leng go le thuba. Ka sekai, mmatlisisi mongwe e bong Jeffrey Dew, o fitlhetse gore banyalani ba ba nang le dikoloto ga ba fetse nako e ntsi ba le mmogo, ba lwa thata e bile gantsi ga ba itumela. Fa dikomano tse ba ngangisanang ka tsone di bapisiwa le tse ba nang le tsone ka ntlha ya dikoloto le madi, gantsi tsa dikoloto tsone di tsaya nako e telele e bile di dira gore ba goane le go itaana, mme gantsi di ka dira gore ba omane ka dilo tse dingwe. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo selo se segolo se se bakang tlhalo kwa United States e le dikomano tsa madi.

Dikoloto tse dintsi di ka baka mathata a botsogo a a jaaka go tlhoka boroko, go opiwa ke tlhogo, ditlhabi tsa mo maleng, go tlhaselwa ke pelo, le go tshwenyega thata mo maikutlong. Mosadi yo o bidiwang Marta a re: “Monna wa me e bong Luís, o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong ka ntlha ya dikoloto tsa rona mo a neng a robala letsatsi lotlhe. Monna yo ka metlha ke neng ke ikaegile ka ene o ne a sa tlhole a na le maatla.” Batho ba bangwe ga ba kgone go itshokela go ngomoga pelo. Ka sekai, BBC News e ne ya bega gore, mosadi mongwe kwa borwabotlhaba jwa India o ne a ipolaya ka ntlha ya go sa duele sekoloto sa madi a a adimileng a a kana ka R7 000. O ne a adimile madi gore a duelele kalafi ya bana ba gagwe.

Go tweng fa lelapa la lona le gateletswe mo maikutlong  ka ntlha ya dikoloto? Mma re sekaseke dikgwetlho dingwe tse di tlwaelegileng tse banyalani ba lebanang le tsone fa ba rarabolola mathata a dikoloto mme re sekaseke melaometheo ya Baebele e e ka go thusang go lepalepana le tsone.

KGWETLHO 1: Re pegana molato.

Lukasz o dumela jaana: “Ke ne ka pega mosadi wa me molato wa gore o reka dilo tse re sa di tlhokeng fa ene a ne a ngongorega ka gore o ka bo a na le madi a a lekaneng fa nkabo ke na le tiro e ke e berekang ngwaga otlhe.” Banyalani ba ka dira jang gore dikoloto di se ka tsa ba kgaoganya?

Tsela ya go atlega: Dirisanang mmogo go lwantsha sekoloto.

Ga go kitla go thusa go ntshetsa bogale mo molekaneng wa gago—le fa e se wena o dirileng gore lo nne le sekoloto. E re ka lo setse lo na le dikoloto, gongwe kgakololo eno ya Baebele e e mo go Baefeso 4:31 e tla lo thusa: “A kgakalo yotlhe ya letlhoo le bogale le tšhakgalo le go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona mmogo le bosula jotlhe.”

Lwantshang sekoloto mme lo se ka lwa lwantshana. Monna mongwe yo o bidiwang Stephanos o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba ileng ba dirisana ka teng, “Re ne re leba sekoloto sa rona e le mmaba.” Tirisanommogo e e ntseng jalo e tsamaisana le Diane 13:10 e e reng: “Motho o baka ntwa ka boikgodiso, mme go na le botlhale mo go ba ba gakololanang.” Go na le gore o nne le moya wa boikgodiso wa go leka go rarabolola dilo o le nosi, buang ka kgololesego ka mathata a madi mme lo bo rarabolola bothata lo le mmogo.

Bana ba lona le bone ba ka nna ba thusa. Rre mongwe yo o bidiwang Edgardo wa kwa Argentina o tlhalosa se lelapa la gagwe le ileng la se dira: “Morwaake yo o mmotlana o ne batla baesekele e ntšha, mme re ile ra mo tlhalosetsa lebaka la go bo re ka se kgone go mo e rekela. Go na le moo, re ne ra mo naya baesekele e e neng e le ya ga rremogoloagwe, mme o ne a itumelela go e palama fela thata. Ke ithutile botlhokwa jwa go dirisana mmogo re le lelapa.”

LEKANG SENO: Dirang nako ya go bua ka dikoloto tsa lona ka kgololesego e bile lo ritibetse. Amogelang diphoso dipe fela tse lo ka tswang lo di dirile. Mme go na le gore lo nne lo bua ka dilo tsa nako e e fetileng, lekang go dumalana ka melaometheo e e ka lo kaelang mo ditshwetsong tse lo tla di dirang mo isagweng tse di amanang le madi.—Pesalema 37:21; Luke 12:15.

KGWETLHO 2: Go lebega go sa kgonege go tswa mo sekolotong.

Enrique o gakologelwa jaana: “Ke ne ke na le sekoloto se segolo se se bakilweng ke kgwebo ya me, mme se ile sa dirwa maswe le go feta ke mathata a ikonomi a kwa Argentina. Gape mosadi wa me o ne a tlhoka go dirwa karo. Ke ne ke akanya gore nka se tswe mo sekolotong seo, go ntse jaaka e kete ke tshwerwe ke bobi jwa segokgo.” Monna mongwe yo o bidiwang Roberto wa kwa Brazil, o ne a latlhegelwa ke madi otlhe a a neng a a bolokile fa a ne a simolola kgwebo mme o ne a kolota dibanka di le 12. A re: “Ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong go kopana le ditsala tsa me. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe.”

O ka dira eng fa o ikutlwa o kgobegile marapo thata, o ikutlwa o le molato kgotsa o tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya dikoloto tsa gago?

Tsela ya go atlega: Laola madi a gago.

 *

1. Itse gore o na le madi a kana kang. Boloka rekoto ya madi a a leng teng le a o a dirisitseng dibeke di le pedi—kgotsa kgwedi, fa e le gore seo se ka go thusa. Mo lenaaneng leo tsenya ditshenyegelo tse di jaaka lekgetho, inshorense kgotsa diaparo, e leng ditshenyegelo tse o sa di dueleleng ka metlha mme o dirise madi a o a amogelang kgwedi le kgwedi go di duelela.

2. Oketsa lotseno lwa gago. O ka bereka nako e e oketsegileng kwa tirong, wa ruta moithuti mongwe, wa dirisa dilo tse o kileng wa di dirisa kgotsa wa dira tiro e o itlosang bodutu ka yone go nna kgwebo ya kwa gae. Tlhagiso: Ela tlhoko gore o se ka wa letla tiro go kgoreletsa dilo tse di botlhokwa thata tse di jaaka thulaganyo ya dilo tsa semoya.

Batlang ditsela tse di ka lo thusang go lebana le dikoloto lo le lelapa

3. Fokotsa ditshenyegelo tsa gago. Reka selo fela fa o se tlhoka e seng fela ka gonne se rekisiwa. (Diane 21:5) Enrique yo o nopotsweng fa godimo a re: “Go molemo go leta pele o reka, ka gonne go tla go thusa go dira tshwetso ya gore a tota o tlhoka selo seo kgotsa o se batla fela.” Fa tlase fano go na le dintlha tse di oketsegileng tse di ka thusang.

  • Bonno: Fa go kgonega, fudugela kwa lefelong le o tla duelang madi a a kwa tlase ka kgwedi kwa go  lone. Fokotsa madi a ditshenyegelo ka go dirisa motlakase, metsi le dilo tse di thuthafatsang sentle.

  • Dijo: Itseele dijo tsa motshegare kgotsa dijo tse di motlhofo go na le go reka dijo ka metlha. Dirisa dithekete tsa go reka dijo o bo o reke dilo tse di rekisiwang ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Joelma yo o nnang kwa Brazil a re: “Ke reka maungo le merogo ka madi a a kwa tlase fa ke di reka mo marekisetsong a a mo mebileng pele ba tswala.”

  • Sepalangwa: Rekisa dikoloi tse o sa di diriseng, mme o boloke e o nang le yone e le mo boemong jo bo siameng go na le go potlakela go reka ya modiro o mosha. Dirisa sepalangwa sa botlhe kgotsa tsamaya ka dinao fa go kgonega.

Fa o sena go fokotsa ditshenyegelo, o tla kgona go dirisa madi a a setseng ka tsela e e molemo.

4. Sekaseka sekoloto sa gago mme o tseye kgato. Sa ntlha, bona gore o tla duela morokotso o o kana kang mo sekolotong sengwe le sengwe, dituelo, gore madi a o tla a duelang fa o duela thari a tla oketsega go le kana kang le gore o tla dira eng fa e le gore o setse o saletse kwa morago ka go duela. Sekaseka mafoko a a dirisitsweng mo foromong ya go adima madi le rasiti ya sekoloto sa gago ka kelotlhoko, e re ka batho ba ba kolotiwang ba ka go tsietsa. Ka sekai, mokgatlho mongwe wa tirelo ya go adima madi ka nakwana wa kwa United States o ne wa tlhalosa gore morokotso wa bone ke diperesente di le 24, fa tota e ne e le diperesente tse di fetang 400.

Sa bobedi, batla tsela e o ka duelang dikoloto tsa gago ka yone. Tsela e nngwe ke go simolola ka go duela sekoloto sa madi a a kwa godimo pele. Tharabololo e nngwe ke go duela pele dikoloto tse dinnye, ka gonne fa o sa amogele dirasiti tse dintsi tsa sekoloto ka kgwedi go ka nna ga dira gore o ikutlwe botoka. Fa o na le sekoloto se o duelang morokotso o o kwa godimo mo go sone, go ka nna molemo fa o ka dira kadimo e ntšha e e nang le morokotso o o kwa tlase gore o kgone go duela sekoloto se o nang le sone.

Sa bofelo, fa o sa kgone go duela dikoloto tsa gago, leka go buisana le batho ba o ba kolotang gore lo dire dithulaganyo tse dingwe tsa go duela. O ka kopa go okelediwa nako ya go duela sekoloto kgotsa wa kopa go duela morokotso o o kwa tlase. Batho bangwe ba o ba kolotang ba ka nna ba bo ba iketleeleditse go fokotsa madi a o a kolotang fa o ka kgona go duela madi a a kwa tlase otlhe. Ikanyege mme o nne maitseo fa o tlhalosa seemo sa gago sa madi. (Bakolosa 4:6; Bahebera 13:18) Kwala ditumalano dipe fela tse lo di dirang fa fatshe. Le fa kopo ya gago ya ntlha e sa atlega, ikemisetse go tswelela o kopa gore ba fetole tsela e o duelang ka yone fa go tlhokega.—Diane 6:1-5.

Gone ke boammaaruri gore o tla tlhoka go nna tekatekano fa o ntse o laola madi a gago. Tota le e leng dithulaganyo tse di molemo di ka senyega ka ntlha ya mabaka a o sa kgoneng go a laola, e re ka gantsi madi a ‘itirela diphuka jaaka tsa ntsu a bo a fofela ntlheng ya magodimo.’—Diane 23:4, 5.

LEKANG SENO: Fa o sena go kwala kafa o tla lekanyetsang madi a gago ka teng, tlotlang kafa mongwe le mongwe wa lona a ka fokotsang ditshenyegelo ka teng kgotsa a ka oketsang lotseno lwa lelapa ka teng. Fa lo bona kafa mongwe le mongwe a dirang matsapa ka gone, go ka thusa gore lo dirisane mmogo go lwantsha sekoloto.

  KGWETLHO 3: Dikoloto di dira gore re se ka ra akanya ka dilo tse dingwe.

Mathata a go lebana le dikoloto a ka dira gore re se ka ra akanya ka dilo tse di botlhokwa tsa botshelo. Monna mongwe yo o bidiwang Georgios o ne a re: “Bothata jo bogolo jo re neng re na le jone e ne e le gore re ne re tlhomile mogopolo thata mo dikolotong tsa rona. Dilo tse di neng di tshwanetse go nna tse di tlang pele di ne di sa tlhole di le botlhokwa.”

Tsela ya go atlega: Leba madi ka tsela e e tshwanetseng.

Le fa o ka tswa o dira maiteko a magolo, o ka duela batho ba o ba kolotang ka dingwaga di le dintsi. Fa o ntse o tsweletse ka go duela dikoloto tsa gago, o ka tlhopha kafa o tla lebang seemo sa gago ka teng. Go na le gore re nne re akantse ka madi kgotsa kafa re a tlhokang ka teng, go molemo gore re tseye tsia kgakololo eno ya Baebele: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:8.

Kgotsofalo e lere boitumelo jo dithoto di ka se bo lereng

Go kgotsofalela seemo sa gago sa madi go dira gore o “tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) “Dilo tse di botlhokwa thata” tseno di akaretsa kamano ya gago le Modimo le ba lelapa la gago. Georgios yo o nopotsweng fa godimo a re: “Le fa gone re ise re fetse go duela dikoloto tsa rona tsotlhe ga re tlhole re tlhoma mogopolo thata mo go tsone. Gone jaanong re itumetse mo lenyalong la rona e re ka re fetsa nako e ntsi le bana ba rona, le rona re le mmogo le go dira dilo tsa semoya mmogo.”

LEKANG SENO: Kwala dilo tse di o di tsayang di le botlhokwa mme o sa kgone go di reka. Go tswa foo, bona kafa o ka oketsang nako le maatla a o a dirisang mo go sengwe le sengwe se o se kwadileng mo lenaaneng la gago.

Mathata a dikoloto a baka kgatelelo ya maikutlo mme go lebana le one go tlhoka go itima dilo dingwe; le fa go ntse jalo diphelelo tsa gone di molemo. Monna mongwe yo o bidiwang Andrzej wa kwa Poland, o dumela jaana: “Fa ke utlwa gore mosadi wa me o ne a adimetse modiri ka ene madi a mantsi kwa bankeng, mme morago ga foo motho yoo a nyelela a sa mo duela, seo se ne sa dira gore go nne bosula tota mo lelapeng la rona.” Le fa go ntse jalo, fa a gopola kafa ene le mosadi wa gagwe ba ileng ba tsibogela kgang eo ka gone, a re: “Tota go ile ga dira gore re atamalane thata—e seng ka ntlha ya bothata ka bojone mme e le ka go bo re ne re dirisana mmogo go bo rarabolola.”

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 17 Go bona dikakantsho tse di oketsegileng, bona setlhogo sa motseletsele se se reng “Kafa o ka Laolang Madi ka Teng” mo makasineng wa Tsogang! ya September 2011 o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

IPOTSE JAANA . . .

  • Nka thusa jang lelapa la me go tswa mo sekolotong?

  • Re ka dira jang gore sekoloto e se ke ya nna selo sa botlhokwa kgotsa sa senya kamano ya rona?