Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tota Modimo o Amega ka Basadi?

A Tota Modimo o Amega ka Basadi?

“Boleo bo simologile ka mosadi, mme ka ntlha ya gagwe rotlhe re tshwanetse go swa.”—ECCLESIASTICUS, YA LEKGOLO LA BOBEDI LA DINGWAGA B.C.E.

“O ne wa dirisiwa ke diabolo: ke wena o simolotseng go ja mo setlhareng se se ileditsweng: ke wena wa ntlha mo go tloleng molao wa Modimo . . . O ne wa senya motlhofo setshwano sa Modimo e leng monna.”—TERTULLIAN, ON THE APPAREL OF WOMEN, YA LEKGOLO LA BOBEDI LA DINGWAGA C.E.

DITEMANA tseo tsa bogologolo ga di tswe mo Baebeleng. Ka makgolokgolo a dingwaga, di ile tsa dirisediwa go buelela tlhaolele kgatlhanong le basadi. Tota le gompieno, batho bangwe ba ba feteletsang dilo ba sa ntse ba umaka ditemana tsa bodumedi tse di buelelang go gatelela basadi, ba bolela gore mathata a batho a bakiwa ke basadi. A tota Modimo o ne a batla gore banna ba nyatse le go sotla basadi? Baebele ya reng? Mma re bone.

A Modimo o hutsitse basadi?

Nnyaa. Go na le moo, Modimo o ‘hutsitse’ “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo.” (Tshenolo 12:9; Genesise 3:14) Fa Modimo a ne a re Adame o tla “laola” mosadi wa gagwe, o ne a sa bontshe gore o batla gore monna a gatelele mosadi. (Genesise 3:16) O ne a bolelela pele fela ditlamorago tse di utlwisang botlhoko tsa boleo jwa banyalani ba ntlha.

Ka jalo, go sotliwa ga basadi ga se thato ya Modimo mme ke ditlamorago tsa go leofa ga batho. Baebele ga e tshegetse kgopolo ya gore basadi ba tshwanetse go duelela boleo jwa kwa tshimologong ka go gatelelwa ke banna.—Baroma 5:12.

A Modimo o bopile monna a le botlhokwa go feta mosadi?

Nnyaa. Genesise 1:27 ya re: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” Ka jalo, go tswa fela kwa tshimologong, batho—monna mmogo le mosadi—ba ne ba bopilwe ba kgona go bontsha dinonofo tsa Modimo. Le fa Adame le Efa ba ne ba na le botho jo bo sa tshwaneng e bile ba bopilwe ka tsela e e sa tshwaneng, boobabedi ba ne ba filwe ditaelo tse di tshwanang e bile ba na le ditshwanelo tse di tshwanang mo Modiring wa bone.—Genesise 1:28-31.

Pele ga fa Efa a bopiwa, Modimo o ne a re: ‘Ke tlile go direla [Adame] mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.’ (Genesise 2:18) A lefoko “motlatsi” le kaya gore monna o botlhokwa go feta mosadi? Nnyaa, ka gonne lefoko leno la Sehebera le ka ranolwa gape e le “mothusi” wa monna. Akanya ka tsela e ngaka le moidibatsi ba thusanang ka yone ka nako ya karo. A yo mongwe a ka kgona go dira tiro ya gagwe kwantle ga yo mongwe? Le e seng! A ngaka e botlhokwa thata, fela ka go bo e  le yone e arang? Nnyaa le e seng. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o bopile monna le mosadi gore ba dirisane mmogo, e seng gore ba gaisane.—Genesise 2:24.

Ke eng se se bontshang gore Modimo o amega ka basadi?

E re ka Modimo a ne a bonela pele se batho ba ba nang le boleo ba neng ba tla se dira, o ne a bontsha maikaelelo a gagwe a go sireletsa basadi. Fa mokwadi mongwe e bong Laure Aynard a bua ka Molao wa ga Moshe o o tlhomilweng mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E. mo bukeng ya gagwe ya La Bible au féminin (Baebele fa e Bua ka Basadi), a re: “Gantsi, fa Molao wa kgolagano o bua ka mosadi, o a bo o mo femela.”

Ka sekai, Molao o laela gore rre mmogo le mmè ba tshwanetse go tlotliwa. (Ekesodo 20:12; 21:15, 17) Gape o ne o laela gore basadi ba baimana ba tshwanetse go akanyediwa. (Ekesodo 21:22) Tota le gompieno, melao eo ya Modimo e e sireletsang basadi e farologana thata le ditshwanelo tsa basadi tsa semolao tse di leng gone mo dinageng di le mmalwa fela. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse di bontshang gore Modimo o amega ka basadi.

Molao o o Bontshang Kafa Modimo a Lebang Basadi ka Gone

Molao o Jehofa Modimo a neng a o naya setšhaba sa Baiseraele o ne o thusa batho—banna le basadi—gore ba solegelwe molemo mo mmeleng, o ba thusa gore ba nne ba le phepa mo boitsholong le gore ba nne le kamano e e gaufi le ene. Fa fela setšhaba se ne se reetsa le go nna kutlo se ne se nna “kwa godimo ga ditšhaba tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe.” (Duteronome 28:1, 2) Molao o ne o reng ka basadi? Ela tlhoko se se latelang.

1. Ba ne ba na le kgololesego. Go farologana le basadi mo ditšhabeng tse dintsi tsa bogologolo, basadi ba Baiseraele ba ne ba na le kgololesego e ntsi. Le fa monna a ne a neilwe boikarabelo jwa go nna tlhogo ya lelapa, mosadi ka tetla ya monna wa gagwe, o ne a ka ‘akanyetsa tshimo a bo a e bone’ a bo a jale ‘tshimo ya mofine.’ Fa a ne a na le bokgoni jwa go otlha le go loga, o ne a ka nna le kgwebo ya gagwe. (Diane 31:11, 16-19) Mo  Molaong wa ga Moshe, basadi ba ne ba tsewa e le batho ba ba nang le ditshwanelo.

Kwa Iseraeleng wa bogologolo, basadi ba ne ba na le kgololesego ya go nna le kamano le Modimo. Baebele e bua ka Hana yo o neng a rapela Modimo a mmolelela kgang nngwe e e mo amang a bo a dira maikano mo sephiring. (1 Samuele 1:11, 24-28) Mosadi mongwe go tswa kwa motseng wa Shunema o ne a tle a ye go bua le moporofeti Elisha ka malatsi a Sabata. (2 Dikgosi 4:22-25) Modimo o ne a dirisa basadi ba ba jaaka Debora le Huleda, gore ba nne baemedi ba gagwe. Se se kgatlhang ke gore, banna ba ba nang le maemo a a kwa godimo le baperesiti ba ne ba iketleeditse go batla kgakololo mo go bone.—Baatlhodi 4:4-8; 2 Dikgosi 22:14-16, 20.

2. Ba ne ba na le kgololesego ya go ithuta. E re ka basadi e ne e le karolo ya kgolagano ya Molao, ba ne ba lalediwa go reetsa fa Molao o balwa mme seno se ne se dira gore ba kgone go ithuta. (Duteronome 31:12; Nehemia 8:2, 8) Gape ba ne ba ka kgona go thapisiwa le go nna le seabe mo dikarolong tse di rileng tsa kobamelo. Ka sekai, basadi bangwe ba ne ba dira “tirelo e e rulagantsweng” kwa motlaaganeng mme ba bangwe ba ne ba opela mo khwaereng ya baopedi ba banna le basadi.—Ekesodo 38:8; 1 Ditiragalo 25:5, 6.

Basadi ba kwa Iseraele wa bogologolo ba ne ba nna le dikgwebo

Basadi ba le bantsi ba ne ba na le kitso le bokgoni jo bo neng bo tlhokega jwa go nna le kgwebo. (Diane 31:24) Go farologana le se se neng se tlwaelegile mo ditšhabeng tse dingwe ka nako eo—tse mo go tsone e neng e le rre fela yo o neng a ruta bomorwawe—mmè wa Moiseraele o ne a tshwanetse go nna le seabe mo go ruteng bana ba gagwe ba basimane go fitlha ba nna bagolo. (Diane 31:1) Ka jalo, ga go pelaelo gore basadi kwa Iseraeleng wa bogologolo ba ne ba rutegile.

3. Ba ne ba tlotliwa. Melao e e Lesome e ne e tlhalosa jaana ka tlhamalalo: “Tlotla rrago le mmago.” (Ekesodo 20:12) Mo dianeng tsa Kgosi e e botlhale e bong Solomone, re bala jaana: “Reetsa kotlhao ya ga rrago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.”—Diane 1:8.

Go bontsha gore Molao o tlotla basadi, o ne o akaretsa ditaelo tse di tlhamaletseng tsa kafa batho ba ba seng mo lenyalong ba tshwanetseng go  tshwarana ka teng. (Lefitiko 18:6, 9; Duteronome 22:25, 26) Monna yo o siameng o ne a tshwanetse go akanyetsa makoa a mosadi wa gagwe a mmele le a tlholego.—Lefitiko 18:19.

4. Ditshwanelo tsa bone di ne di tlotliwa. Mo Lefokong la gagwe, Jehofa o itlhalosa e le “rraagwe basimane ba ba se nang rre le moatlhodi wa batlholagadi.” Ka mafoko a mangwe, e ne le Mosireletsi wa batho ba ditshwanelo tsa bone di neng di sa sirelediwe ke rre kgotsa monna. (Pesalema 68:5; Duteronome 10:17, 18) Ka jalo, mo lekgetlhong lengwe fa motlholagadi mongwe yo monna wa gagwe e neng e le moporofeti, a ne a tshwarwa makgwakgwa ke motho yo a neng a mo kolota, Jehofa o ne a tsenelela ka tsela ya kgakgamatso e le gore motlholagadi yoo a tswelele a tshela le gore a nne a na le seriti.—2 Dikgosi 4:1-7.

Pele ga Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Selofehade yo e neng e le tlhogo ya lelapa o ne a swa a se na morwa. Ka jalo, bomorwadie ba le batlhano ba ne ba kopa Moshe gore a ba neye “thuo” mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Jehofa o ne a ba naya se se fetang se ba neng ba se kopa. O ne a raya Moshe a re: “Ba neye thuo ya boswa mo gare ga bomorwarraagwe rraabone, mme o dire gore boswa jwa ga rraabone bo fetele mo go bone.” Mme go tloga ka nako eo, basadi kwa Iseraele ba ne ba ka rua boswa go tswa mo go borraabone ba bo ba bo fetisetsa mo baneng ba bone.—Dipalo 27:1-8.

Tsela e Modimo a Lebang Basadi ka Yone e a Sokamisiwa

Mo Molaong wa ga Moshe, basadi ba ne ba na le maemo a a tlotlegang e bile ditshwanelo tsa bone di ne di tlotliwa. Le fa go ntse jalo, go tloga ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., Bojuda bo ne jwa simolola go tlhotlhelediwa ke setso sa Segerika, se se neng se tseela basadi kwa tlase.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Tlhaolele ya Basadi mo Mekwalong ya Bogologolo.”

Ka sekai, mmoki mongwe wa Mogerika e bong Hesiod (wa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E.) o ne a latofatsa basadi ka gore mathata otlhe a batho a bakwa ke bone. Mo lebokong la gagwe la Theogony, o ne a bua ka “morafe o o kotsi wa basadi o o tshelang fa gare ga banna go ba bakela matshwenyego a mantsi.” Kgopolo eno e ne ya ata thata mo Bojudeng mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E. Talmud e e neng ya simolola go kwalwa go tloga ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. go ya pele, e ne ya tlhagisa banna jaana: “Lo se ka lwa bua thata le basadi, ka gonne seo se tla dira gore kgabagare lo wele mo boitsholong jo bo sa siamang.”

Go ralala makgolo a dingwaga, go sa tshepiwe gono ga basadi go ile ga ama thata seabe se basadi ba nang le sone mo setšhabeng sa Bajuda. Mo motlheng wa ga Jesu, ba ne ba setse ba sa tlhole ba letlelelwa go tsena mo dikarolong tse dingwe tsa tempele mme ba letlelelwa go tsena fela mo Lolwapeng lwa Basadi. Banna e ne e le bone fela ba ba rutiwang bodumedi, mme go ka direga  gore basadi ba ne ba kgaoganngwa le banna mo disinagogeng. Talmud e nopola Rabi mongwe a re: “Ope fela yo o rutang morwadie Torah [Molao], o mo ruta matlhabisaditlhong.” Ka go sokamisa tsela e Modimo a lebang dilo ka yone, baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba dira gore banna ba bantsi ba nyatse basadi.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a bona tlhaolele e e ntseng jalo e e neng e theilwe mo dingwaong. (Mathaio 15:6, 9; 26:7-11) A dithuto tseo di ne tsa tlhotlheletsa tsela e a neng a tshwara basadi ka yone? Re ka ithuta eng mo tseleng e a neng a itshwara ka yone le mo tseleng e a neng a ikutlwa ka yone? A Bokeresete jwa boammaaruri bo tliseditse basadi kgololesego? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.