Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Itsise Batho Leina la Modimo ka Seswahili

Go Itsise Batho Leina la Modimo ka Seswahili

“Seswahili.” Puo eno e dira gore batho ba le bantsi ba akanye ka Afrika le diphologolo tsa naga tse di tsamayatsamayang mo sekgweng sa Serengeti. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se kgatlhang ka Seswahili le batho ba ba se buang.

SESWAHILI ke puo e e buiwang ke batho ba ba kana ka dimilione di le 100 mo dinageng tse di ka nnang 12 go ralala bogare le botlhaba jwa Afrika. * Ke puo ya naga kgotsa ya semolao mo dinageng di le mmalwa, tse di jaaka Kenya, Tanzania le Uganda. Mme mo dinageng tse di gaufi, ke puo e e buiwang ke batho ba le bantsi, e leng selo se se dirang gore batho ba dikgaolo tse di farologaneng ba kgone go dira kgwebo mmogo le go buisana motlhofo.

Seswahili se nnile le seabe sa botlhokwa mo go direng gore batho ba kwa Afrika Botlhaba ba nne seoposengwe. Ka sekai, kwa Tanzania fela, go buiwa bobotlana dipuo tsa merafe di le 114. Akanya fela o tsamaya dikilometara di le 40 go ya go di le 80 go tswa kwa o nnang gone o bo o kopana le batho ba ba buang puo e e farologaneng gotlhelele le e o e buang! Mme mo maemong mangwe batho botlhe ba ba buang puo e e rileng ba nna mo metsaneng e le mmalwa fela. O ne o tla buisana jang le bone? Seo se ka dira gore o lemoge botlhokwa jwa go bua puo e e tshwanang.

Hisitori ya Seswahili

Go dumelwa gore puo ya Seswahili e ile ya buiwa go tloga mo e ka nnang ka lekgolo la bolesome la dingwaga. E ile ya nna puo e e kwalwang mo lekgolong la bo16 la dingwaga. Batho ba ba ithutang go bua Seswahili ba lemoga ka bonako gore mafoko a le mantsi a tshwana  le a Searabia ka tsela nngwe. Tota e bile, mafoko a Seswahili a a ka nnang diperesente di le 20 a tswa mo puong ya Searabia mme bontsi jwa a mangwe a tswa mo dipuong tsa mo Afrika. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ka dingwaga di le makgolo a le mmalwa, Seswahili se ne se kwalwa ka mokwalo wa Searabia.

Gompieno, Seswahili se kwalwa ka mokwalo wa Seroma. Go ile ga direga eng? Ke ka ntlha yang fa go ile ga dirwa phetogo? Go bona karabo, re tshwanetse go boela morago kwa bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, fa barongwa ba ntlha ba kwa Yuropa ba ne ba goroga kwa Afrika Botlhaba, ba ikaeletse go bolelela baagi ba koo molaetsa wa Baebele.

Lefoko la Modimo le Goroga la Ntlha Kwa Afrika Botlhaba

Ka 1499, ka nako e Vasco da Gama a neng a tsaya loeto lwa gagwe lo lo tumileng go ralala karolo e e kwa borwa jwa Afrika, barongwa ba Bapotokisi ba ne ba isa bodumedi jwa Katoliki kwa Afrika Botlhaba ka go aga lefelo la barongwa kwa Zanzibar. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di le 200, batho ba ba neng ba ganetsa ba mo lefelong leo ba ne ba leleka Bapotokisi mmogo le batho ba ba ipitsang Bakeresete.

Go ne go tla tsaya dingwaga di le 150 pele ga Lefoko la Modimo le rerwa gape kwa Afrika Botlhaba. Mo lekgetlhong leno, le ne la isiwa koo ke morongwa wa Mojeremane e bong Johann Ludwig Krapf. Fa a goroga kwa Mombasa, kwa Kenya, ka 1844, bontsi jwa batho ba ba neng ba nna mo lobopong lwa Afrika Botlhaba ba ne ba le mo bodumeding jwa Bomoseleme, fa batho ba le bantsi ba ba neng ba nna kgakala le lobopo bone ba ne ba ngaparetse ditumelo tsa bone tsa setso tsa go obamela dilo tsa tlholego. Krapf o ne a dumela gore go botlhokwa gore batho botlhe ba nne le Baebele.

Ka bonako fela fa Krapt a sena go goroga o ne a simolola go ithuta Seswahili. Ka June 1844, o ne a simolola tiro e e thata ya go ranola Baebele. Ka maswabi, mo kgweding e e latelang o ne a welwa ke masetlapelo—mosadi wa gagwe yo a neng a nyalane le ene ka dingwaga di le pedi, o ne a tlhokafala mme malatsi a se kae morago ga foo ga tlhokafala leseanyana la bone la mosetsana. Le fa a ne a hutsafaditswe ke seno, o ne a tswelela ka tiro e e botlhokwa ya go ranola Baebele. Ka 1847, go ne ga gatisiwa dikgaolo tse tharo tsa buka ya Genesise mme ya nna kgatiso ya ntlha e e gatisitsweng ka Seswahili.

Thanolo ya ga Johann Krapf ya 1847 ya Genesise 1:1-3 ya Seswahili

Krapf e ne e le motho wa ntlha go dirisa mokwalo wa Seroma go na le go dirisa mokwalo o o tlwaelegileng wa Searabia fa a kwala Seswahili. Mangwe a mabaka a a ileng a a tlhalosa a go bo a sa dirisa mokwalo wa Searabia e ne e le gore “go dirisa ditlhaka tsa Searabia go ne go tla nna thata mo bathong ba kwa Yuropa” ba moragonyana ba neng ba tla ithuta puo eo le gore “mokwalo wa Seroma o ne o tla dira gore go nne motlhofo gore ‘baagi ba ithute dipuo tsa kwa Yuropa.’” Bangwe ba ile ba nna ba dirisa mokwalo wa Searabia ka dingwaga di le dintsi; dikarolo dingwe tsa Baebele di ile tsa gatisiwa ka one. Le fa go ntse jalo, go dirisa mokwalo wa  Seroma go ile ga dira gore go nne motlhofo gore batho ba le bantsi ba ithute Seswahili. Ga go pelaelo gore barongwa ba le bantsi le batho ba bangwe ba ba neng ba ithuta Seswahili ba ne ba itumelela phetogo eno e e dirilweng fela thata.

Mo godimo ga gore Krapf e ne e le motho wa ntlha go simolola go ranolela Lefoko la Modimo mo puong ya Seswahili, o ne a thaya motheo o baranodi ba ba neng ba tla tla morago ga gagwe ba neng ba tla o dirisa. O ne a gatisa buka ya ntlha ya thutapuo ya Seswahili mmogo le dikishinare ya puo eo.

Leina la Modimo ka Seswahili

Karolo ya Mathaio kgaolo 1 ka puo ya Seswahili ka mokwalo wa Searabia, 1891

Mo kgatisong ya ntlha ya dikgaolo tsa ntlha tse tharo tsa buka ya Genesise, leina la Modimo le ile la ranolwa fela e le “Modimo Mothatayotlhe.” Le fa go ntse jalo, go ya kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, banna ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba goroga kwa Afrika Botlhaba mme ba tswelela ka tiro ya go ranolela Baebele yotlhe mo puong ya Seswahili. Bangwe ba bone e ne e le Johann Rebmann, William Taylor, Harry Binns, Edward Steere, Francis Hodgson le Arthur Madan.

Sengwe se se tlhomologileng ka dingwe tsa dithanolo tseo tsa bogologolo ke gore di ne di tsentse leina la Modimo, e seng fela mo mafelong a le mmalwa mme gotlhe mo Dikwalong Tsa Sehebera! Batho ba ba neng ba ranola kwa Zanzibar ba ne ba ranola leina la Modimo e le “Yahuwa,” mme ba ba neng ba le kwa Mombasa ba ne ba le ranola e le “Jehova.”

Ka 1895, Baebele e e feletseng e ne e setse e le teng ka Seswahili. Mo masomeng a a latelang a dingwaga, go ne ga nna le dithanolo tse dingwe di le mmalwa, le fa dingwe tsa tsone di ile tsa se ka tsa anamisiwa thata. Fa dingwaga tsa lekgolo la bo20 la dingwaga di simologa, go ile ga dirwa maiteko a magolo gore puo ya Seswahili e tshwane kwa Afrika Botlhaba. Seno se ne sa dira gore go gatisiwe kgatiso ya Baebele ya Swahili Union Version ka 1952 e leng thanolo e e neng ya dirisiwa thata. Gape seno se ne sa dira gore leina “Yehova” e nne thanolo e e amogelwang thata ya leina la Modimo ka Seswahili.

Serapa se se nang le leina la Modimo e bong Jehofa, mo tsebeng e e simololang mo kgatisong ya Swahili Union Version

Ka maswabi, fa dithanolo tseo tsa bogologolo di kgaotsa go gatisiwa, leina la Modimo le lone le ne la nyelela. Dingwe tsa dithanolo tse disha di ile tsa le tlosa gotlhelele, fa tse dingwe tsone di ne tsa le tlogela mo mafelong a le mmalwa fela. Ka sekai, mo go Union Version leina la Modimo le ne le tlhaga ka makgetlho a le 15 fela mme mo thanolong ya yone e e tokafaditsweng ya 2006, leina leo le fitlhelwa ka makgetlho a le 11 fela. *

Dithanolo tsa bogologolo tse di bontshang leina la Modimo le ranotswe e le “Yahuwa” le “Jehova”

Le fa thanolo eo e ntshitse leina la Modimo mo e ka nnang gongwe le gongwe mo le tshwanetseng go tlhaga gone, e na le sengwe se se botlhokwa. Mo go nngwe ya ditsebe tse di simololang, go na le polelwana e e bonalang sentle e e tlhalosang gore leina la Modimo ke Jehofa. Seno se thusitse batho ba ba batlang boammaaruri gore ba bone leina la Rraarona yo o kwa legodimong mo Dibaebeleng tsa bone.

Le fa go ntse jalo, ga go felele foo. Ka 1996, go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Seswahili. Eno ke thanolo  ya ntlha ya Seswahili e e ileng ya busetsa leina la ga Jehofa mo mafelong a le 237 go tloga mo go Mathaio go fitlha go Tshenolo. Morago ga foo, ka 2003 go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e leng Baebele e e feletseng ka Seswahili. Go tloga ka nako eo go fitlha jaanong, go gatisitswe palogotlhe ya dikhopi di ka nna 900 000 tsa dikgatiso tsa yone ka Seswahili.

Leina la Modimo ga le tlhole le fitlhegile ka gore le emisediwe ka direto tse di rileng kgotsa ka gore le tseelwe kwa tlase ka go dira gore le bonwe fela mo tlhalosong e e mo ketapeleng. Gone jaanong, fa batho ba ba peloephepa ba bula Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seswahili, ba atamalana thata le Jehofa nako nngwe le nngwe fa ba bala leina leo mo go lengwe la makgetlho a a fetang 7 000 a le tlhagang mo go one.

Gape mo thanolong eno go ne ga lwelwa gore go dirisiwe puo ya Seswahili sa gompieno e e tlhaloganyesegang motlhofo e bile e kgona go bonwa ke batho botlhe ba ba buang Seswahili kwa Afrika Botlhaba. Mo godimo ga moo, bontsi jwa diphoso tse di neng di dirilwe mo Dikwalong mo dithanolong tse dingwe tse dintsi di ile tsa tlosiwa. Ka ntlha ya seo, mmadi a ka tlhomamisega gore o bala “mafoko a a nepileng a boammaaruri” a a tlhotlheleditsweng ke Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo.—Moreri 12:10.

Batho ba le bantsi ba itumelela go dirisa “Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo” ka Seswahili

Batho ba le bantsi ba ile ba tlhalosa kafa ba anaanelang Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seswahili ka gone. Vicent, moreri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa wa dingwaga di le 21 o ne a re, “Ke ne ka itumelela gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisitse Seswahili se se motlhofo le gore e buseditse leina la ga Jehofa mo mafelong a le neng le ntshitswe mo go one.” Frieda, mmè wa bana ba le bararo, o akanya gore thanolo eno e dirile gore go nne motlhofo gore a tlhalosetse batho ba bangwe boammaaruri jwa Baebele.

Go fetile dingwaga tse di fetang 150 go tloga ka nako ya fa go ne go dirwa maiteko a ntlha a go ranolela Lefoko la Modimo mo puong ya Seswahili. Jesu o ne a re o ‘bonaditse leina la ga Rraagwe.’ (Johane 17:6) E re ka jaanong Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 76 000 ba ba buang Seswahili kwa bogare le kwa botlhaba jwa Afrika ba dirisa Thanolo ya Lefatshe le Lesha, ba itumelela go nna le seabe mo go itsiseng batho botlhe leina la ga Jehofa.

^ ser. 3 Seswahili se buiwa ka ditsela tse di farologaneng mo dinageng tseno.

^ ser. 18 Le fitlhelwa mo go Genesise 22:14; Ekesodo 6:2-8 (ka makgetlho a le mabedi); 17:15 (e le Yahweh); Baatlhodi 6:24; Pesalema 68:20; 83:18; Isaia 12:2; 26:4; 49:14; le mo go Jeremia 16:21.