Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bopelonomi bo Botlhokwa mo Modimong

Bopelonomi bo Botlhokwa mo Modimong

MOSHA mongwe wa kwa Japane o ne a amiwa ke bopelonomi jwa monnamogolo mongwe yo o neng a le bonolo. Monna yono, yo e neng e le morongwa, o ne a na le dingwaga di le mmalwa a le mo nageng eno e e kwa Asia e bile o ne a ise a itse Sejapane sentle. Le fa go ntse jalo, beke nngwe le nngwe o ne a etela lekawana leno kwa gagabo go tlotla le ene ka Baebele. O ne a nyenya e bile a le botsalano fa a araba ka bopelotelele dipotso tse dintsi tse moithuti yo mosha yono a neng a batla go itse dikarabo tsa tsone.

Bopelonomi jo morongwa yono yo o godileng a neng a bo bontsha ke sengwe se lekawana leno le ka se se lebaleng. Lekawana leno le ne la akanya jaana, ‘Fa e le gore Baebele e dira gore motho a nne pelonomi a bo a nne lorato jaana, ruri ke tshwanetse go ithuta yone.’ Seno se ne sa mo rotloetsa go ithuta ka sengwe se a sa se itseng gotlhelele. Ee, bopelonomi bo ama pelo ya motho e bile bo mo tlhotlheletsa go feta kafa mafoko a ka dirang ka gone.

Nonofo e Batho ba Bopilweng Ba na Le Yone

Go tlwaelegile gore re nne pelonomi mo bathong ba re atamalaneng le bone ka losika. Le fa go ntse jalo, bopelonomi ke nonofo ya botlhokwa e Modimo a nang le yone. Jesu o ne a re Rraagwe yo o kwa legodimong ga a bontshe fela batho ba ba mo ratang bopelonomi mme o bo bontsha le “mo go ba ba sa lebogeng.” Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba etse Modimo ka go bontsha bopelonomi: ‘Lo itekanele, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.’—Luke 6:35; Mathaio 5:48; Ekesodo 34:6.

Batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa Modimo, ba kgona go bontsha nonofo eno ya bopelonomi. (Genesise 1:27) Ee, re ka kgona go etsa Modimo le go ithuta go nna pelonomi mo bathong ba bangwe ba e seng ba masika a rona. Baebele e tlhalosa bopelonomi e le nngwe ya dinonofo tse moya o o boitshepo wa Modimo kgotsa maatla a gagwe a a dirang o di tlhagisang. (Bagalatia 5:22) Ka jalo, motho a ka kgona go lwela go nna le yone fa a ntse a ithuta mo go oketsegileng ka Modimo, Mmopi le fa a simolola go atamalana le ene.

E re ka bopelonomi e le sengwe se motho a bopilweng a na le sone e bile Modimo a bo tseela kwa godimo thata, go a utlwala go bo Modimo a re bolelela gore re ‘nne pelonomi mongwe go yo mongwe.’ (Baefeso 4:32) Gape re gakololwa jaana: “Lo se ka lwa lebala go tshola baeng,” kgotsa “go nna pelonomi mo bathong ba lo sa ba itseng.”—Bahebera 13:2, ntlha e e kwa tlase mo go NW.

Mo lefatsheng la gompieno le mo go lone batho ba sa bontsheng bopelonomi e bile ba sa lebogeng, a go a kgonega gore re nne pelonomi mo bathong ba bangwe tota le ba re sa ba itseng? Ke eng se se ka re thusang go dira jalo? Tota e bile, ke eng fa re tshwanetse go amega ka gone?

Nonofo e e Botlhokwa mo Modimong

Se se kgatlhang ke gore, fa moaposetoloi Paulo a sena go bua ka go bontsha batho ba re sa ba itseng bopelonomi, o ne a tswelela ka gore: “Ka go dira jalo bangwe ba ne ba amogela baengele ba sa itse.” A o ka leka go akanya gore o ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka newa tshono ya go amogela baengele? Mo mafokong a Paulo a neng a a bua o ne a oketsa ka gore “ba sa itse.” Ka mafoko a mangwe, o ne a raya gore fa re itlwaeditse go bontsha ba bangwe bopelonomi, go akaretsa le batho ba re sa ba itseng, re ka nna ra segofadiwa ka ditsela tse re neng re sa di lebelela.

Bontsi jwa dithanolo tsa Baebele tse di nang le ditshupiso di amanya mafoko a ga Paulo le dipego tse di mo go Genesise kgaolo 18 le 19 tse di buang ka Aborahame le Lote. Mo makgetlhong oomabedi, re bala ka baengele ba ba ileng ba tla kwa go bone e le batho ba ba sa ba itseng ba ba tlileng ka melaetsa e e botlhokwa. Mo kgannyeng ya ga Aborahame, molaetsa e ne e le ka ga go diragadiwa ga  tsholofetso ya Modimo ya gore o tla nna le morwa mme mo kgannyeng ya ga Lote, e ne e le ka ga go gololwa mo tshenyegong e e neng e tla tlela motse wa Sodoma le Gomora.—Genesise 18:1-10; 19:1-3, 15-17.

Fa o bala ditemana tse di umakilweng fa godimo, o tla ela tlhoko gore Aborahame le Lote ba ne ba nna pelonomi mo bathong ba ba neng ba feta ka tsela ba ba neng ba sa ba itse. Gone ke boammaaruri gore mo motlheng wa ditiragalo tsa Baebele, go amogela batho ba ba tsayang maeto le bafeti ka tsela—e ka tswa e le ditsala, ba losika kgotsa batho ba o sa ba itseng—go ne go tlwaelegile e bile e le boikarabelo jwa mongwe le mongwe. Tota e bile, Molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele gore ba tlhokomele batho ba e seng Baiseraele ba ba nnang mo nageng ya bone ka dilo tse ba di tlhokang. (Duteronome 10:17-19) Le fa go ne go ntse jalo, go lebega Aborahame le Lote ba ile ba dira se se fetang se moragonyana molao o neng o tlhoka gore ba se dire. Ba ne ba dira maiteko a a oketsegileng go bontsha batho ba ba sa ba itseng bopelonomi mme ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya seo.

Bopelonomi jwa ga Aborahame ga bo a ka jwa tlisetsa ene fela masego ka gore a nne le morwa mme bo ne jwa a tlisetsa le rona. Ka tsela efe? Aborahame le morwawe e bong Isake ba ile ba nna le seabe sa botlhokwa mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo. Ba ile ba nna batho ba botlhokwa thata mo losikeng lo Mesia e bong Jesu a neng a tla tswa mo go lone. Mme ditiro tsa bone tsa boikanyegi di ne di tshwantshetsa tsela e Modimo a neng a tla dira gore batho ba gololwe ka yone ka lorato lwa gagwe le ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang.—Genesise 22:1-18; Mathaio 1:1, 2; Johane 3:16.

Dipego tseo di bontsha sentle gore Modimo o lebeletse eng mo bathong ba a ba ratang le gore o tseela nonofo ya bopelonomi kwa godimo go le kana kang. Ga se sengwe se o ka se bontshang fela fa o rata e bile ke nonofo e e botlhokwa mo Modimong.

Go Bontsha Bopelonomi go re Thusa go Itse Modimo Botoka

Baebele e tlhalosa gore mo motlheng wa rona batho ba le bantsi e tla nna “ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego.” (2 Timotheo 3:1-3) Ga go pelaelo gore o kopana le batho ba ba ntseng jalo letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, leo ga se lebaka la gore re tlogele go bontsha ba bangwe bopelonomi gotlhelele. Bakeresete ba gakololwa jaana: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe.”—Baroma 12:17.

Re ka bontsha bopelonomi ka go nna pelotshweu. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe yo o ratang . . . o nna le kitso ya Modimo,” mme tsela e nngwe e re bontshang lorato lwa rona ka yone ke ka go bontsha ba bangwe bopelonomi. (1 Johane 4:7; 1 Bakorintha 13:4) Ee, go bontsha batho ba bangwe bopelonomi go dira gore re itse Modimo botoka e bile go dira gore re itumele le go feta. Jesu o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba pelonomi—gonne ba tla bona bopelonomi. Go itumela ba ba phepa mo  pelong—gonne ba tla bona Modimo.”—Mathaio 5:7, 8, Young’s Literal Translation.

Fa o sa tlhomamisege gore ke eng se se siameng se o ka se buang kgotsa o ka se dirang, bua kgotsa dira sengwe se se bontshang bopelonomi

Akanya ka sekai sa ga Aki, mmalelapa mongwe yo mosha wa Mojapane yo o nang le barwa ba le babedi. Fa mmaagwe a sena go tlhokafala a sa lebelela, o ne a tshwenyega thata mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe o ne a tshwenyega thata mo maikutlong mo a neng a tshwanelwa ke go bona ngaka. Go ise go ye kae, lelapa lengwe le ne la fudugela mo lefelong la bone. Rre wa lelapa leno o ne a sa tswa go tlhokafala mo kotsing mme mmè o ne a setse le bana ba bannye ba le batlhano. Aki o ne a utlwela lelapa leno botlhoko thata mo a neng a tsaya matsapa a go itsalanya le mmè yono le bana ba gagwe. E re ka Aki a ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona go thusa lelapa leno—a ba abela dijo, diaparo tse ba neng ba sa tlhole ba di dirisa le dilo tse dingwe—seo se ile sa mo thusa gore a se ka a tlhola a tshwenyega thata mo maikutlong. O ne a bona boammaaruri jwa se Baebele e se bolelang: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ee, go bontsha ba bangwe bopelonomi e ka nna sengwe se se molemo thata se o ka se dirang fa o tshwenyegile mo maikutlong.

Go “Adima Jehofa”

Go bontsha ba bangwe bopelonomi go tshwana le go “adima Jehofa”

Go bontsha ba bangwe bopelonomi ga go tlhoke madi a mantsi. E bile ga go tlhoke gore o nne le bokgoni kgotsa maatla. Gantsi go nyenya, go bua mafoko a a bontshang kutlwelobotlhoko, go thusa ka sengwe, go naya motho mpho e nnye go tswa pelong kgotsa go dira gore ba bangwe ba tsene fa pele ga gago fa o ntse o letile mo moleng go ka anaanelwa fela thata. Fa o sa tlhomamisege gore ke eng se se siameng se o ka se buang kgotsa o ka se dirang mo maemong a a rileng, bua kgotsa dira sengwe se se bontshang bopelonomi. Lekawana le le umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno le ne la amiwa thata ke bopelonomi jwa morongwa yo o godileng go feta se a neng a se bua. Ga go gakgamatse go bo go “rata bopelonomi” e le sengwe sa dilo tse Modimo a batlang baobamedi ba gagwe ba se dira!—Mika 6:8.

“Lefoko le le lengwe la bopelonomi le ka dira gore dikgwedi tse tharo tsa mariga di thuthafale.” Jaaka seane seno sa kwa Botlhaba se bolela, lefoko le le lengwe la bopelonomi le ka solegela batho molemo fela thata. Fa motho a dira jalo ka maitlhomo a a siameng e bile a rata Modimo, seo se ka itumedisa motho yo o bontshang bopelonomi le yo o bo bontshiwang. Le fa bopelonomi jwa gago bo sa anaanelwe, matsapa a o tsayang ga se a bophiri. Se o se dirang se botlhokwa mo Modimong. Baebele e re tlhomamisetsa gore fa re bontsha batho ba bangwe bopelonomi, tota re “adima Jehofa.” (Diane 19:17) Ke eng fa o sa batle ditshono tsa go bontsha batho ba o tshelang le bone bopelonomi?