Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ga go Kgonege!”—Seo se Kayang?

“Ga go Kgonege!”—Seo se Kayang?

 “Ga go Kgonege!”—Seo se Kayang?

TITANIC, e e neng ya simolola go dirisiwa ka 1912, e ne e le sekepe se segolo e bile e le sa manobonobo tota ka nako eo. E re ka se ne se dirilwe ka mekgwa e e tlhabologileng e e amanang le saense, go ne go tsewa gore se ka se “nwele.” Mme batho ba le bantsi ba a itse gore go ne ga diregang. Ka loeto lwa sone lwa ntlha, se ne sa itaagana le kgapetla e kgolo e e kwa North Atlantic se bo se nwela ka batho ba ka nna 1 500. Mo diureng di le mmalwa fela, sekepe se go neng go twe go ka se kgonege gore se nwele se ne sa nwela.

Mafoko “ga go kgonege” a ka kaya dilo di le dintsi. Re ka re sengwe ga se kgonege ka gonne re akanya gore ga re kgone go lebana le sone, go se fitlhelela kgotsa go se tlhaloganya. Nako nngwe go ne go lebega e kete dilo tse dintsi tsa thekenoloji tse di fitlheletsweng gompieno di ne di ka se kgonege ka gonne batho ba ne ba se na bokgoni jwa go di dira kgotsa ba sa akanye gore di tla tsamaya di nna teng. Go romela batho kwa ngweding, go romela sesutlhalefaufau kwa polaneteng ya Mars le go se laola o le mo lefatsheng, go tlhalosa tshedimosetso yotlhe e e ka ga dijini tsa motho le go bona ditiragalo tsa mo motseng kgotsa tsa lefatshe mo dikgannyeng—dilo tseno tsotlhe tse mo dingwageng di le 50 tse di fetileng di neng di tsewa di ka se kgonege, di a kgonega gone jaanong. Kgang eno e sobokantswe sentle ke Ronald Reagan yo e neng e le Poresidente ya kwa United States fa a ne a bua le setlhopha sa batho ba ba gatetseng pele mo dikarolong tse di farologaneng tsa saense: “Lona, ba lo nang le seabe mo kgatelopeleng ya thekenoloji, lo dirile gore dilo tse di neng di sa kgonege mo nakong e e fetileng di kgonege gompieno.”

A akantse ka kgatelopele e kgolo e e ntseng e direga, Porofesa John Brobeck o ne a akgela jaana: “Moitsesaense ga a ka ke a tlhola a bua a tlhatswegile pelo gore sengwe ga se kgonege. A ka bua fela a re go lebega go ka se kgonege. Mme a ka re ga go kgonege go tlhalosa sengwe ka kitso e re nang le yone gone jaanong.” Porofesa yono o ne a tswelela ka go re, “fa go na le sengwe se se sa kgonegeng, go tshwanetse ga nna le maatla mangwe a re sa a itseng mo go tsa thutotshelo kgotsa mo saenseng ya mmele wa motho. Mo Dikwalong tsa rona maatla ano a tlhalosiwa e le maatla a Modimo.”

Dilo Tsotlhe di a Kgonega mo Modimong

Bogologolo pele Porofesa Brobeck a bua mafoko ao, Jesu wa Nasaretha, yo o neng a tlhalosiwa e le monna yo mogolo go gaisa botlhe  yo o kileng a tshela, o ne a re: “Dilo tse di sa kgonegeng mo bathong di a kgonega mo Modimong.” (Luke 18:27) Moya o o boitshepo wa Modimo ke maatla a a nang le tlhotlheletso e kgolo thata mo lobopong. Ga o ka ke wa lekanngwa ka mekgwa epe fela ya thekenoloji. Moya o o boitshepo o ka dira gore re kgone go dira dilo tse di ka se kgonegeng ka maatla a rona fela.

Gantsi re iphitlhela re le mo maemong a a dirang gore re akanye gore go ka se kgonege gore re atlege go lepalepana le one. Ka sekai, motho yo re mo ratang a ka tlhokafala kgotsa re ka nna le mathata mo lelapeng la rona mo re ka akanyang gore re ka se kgone go tswelela ka botshelo. Gongwe botshelo jwa rona bo ngomola pelo mo re felelwang ke tsholofelo. Re ikutlwa re kgobegile marapo e bile re se na kgoro ya botso. Re ka dirang?

Baebele e re bolelela gore motho yo o nang le tumelo mo go Mothatayotlhe e bile a rapelela moya wa gagwe o o boitshepo fa a ntse a dira dilo tsotlhe tse di mo itumedisang, o tla bona thuso ya go fenya dikgoreletsi tse go lebegang a ka se di fenye. Ela tlhoko mafoko ano a ga Jesu a a tlhatswang pelo: “Ammaaruri ke a lo raya ka re le fa e le mang yo o rayang thaba eno a re, ‘Tsholetsega o bo o latlhelwe mo lewatleng,’ mme a sa belaele mo pelong ya gagwe mme a na le tumelo gore se a se buang se tlile go diragala, go tla mo diragalela fela jalo.” (Mareko 11:23) Ga go na boemo jo go ka se kgonegeng gore re bo itshokele kgotsa re lebane le jone fa re letla maatla a Lefoko la Modimo le moya wa gagwe gore o tlhotlheletse matshelo a rona.

Ka sekai, akanya ka monna yo o neng a na le dingwaga di le 38 a nyetse mme a swelwa ke mosadi ka ntlha ya bolwetse jwa kankere. O ne a utlwilwe botlhoko thata. O ne a akanya gore go ne go ka se kgonege gore a tshele mo boemong jo bo ntseng jalo. Go na le dinako tse ka tsone a neng a batla go swa go na le gore a tswelele a tshela kwantle ga gagwe. O ne a ikutlwa e kete o tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho. Fa a akanya ka gone a re o dumela gore go rapela Modimo le go bala Baebele letsatsi le letsatsi, mmogo le go batla kaelo ya moya wa Modimo, go ne ga mo thusa go itshokela se se neng se lebega se ka se kgonege.

Banyalani bangwe ba ne ba na le mathata a a masisi mo lenyalong la bone. Monna o ne a dirisa dikgoka e bile a na le mekgwa e mentsi e e sa siamang. Go ne go lebega go ka se kgonege gore mosadi wa gagwe a tshele sentle. Mosadi o ne a leka go ipolaya. Go tswa foo, monna o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Se a neng a se ithuta se ne sa mo thusa go tlogela mekgwa ya gagwe e e sa siamang le go laola bogale. Mosadi wa gagwe o ne a gakgamadiwa ke go bona a dira diphetogo tse a neng a akanya gore di ka se kgonege.

Monna mongwe o tlhalosa gore botshelo jo a neng a bo tshela jwa go dirisa diokobatsi le boitsholo jo bo sa siamang bo ne bo mo tshwenya thata mo maikutlong. A re: “Ke ne ke sa tlhole ke na le seriti.” O ne a rapela Modimo jaana a tlhoafetse: “Morena, ke a itse gore o teng. Tsweetswee nthuse!” Ka ntlha ya thapelo ya gagwe, o ne a felela a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a dira diphetogo tse di neng di ka lebega di ka se kgonege. A re: “Ga ke bolo go nna ke tlhorontshiwa ke go ikutlwa ke le molato e bile ke inyatsa. Ka dinako dingwe ke ne ke tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo le ne la nthusa go lwa le maikutlo ano a a tshwenyang. Fa ke tlhoregile boroko ke ne ke tle ke bue Ditemana tse ke di ithutileng tse ke neng ke di tshwere ka tlhogo. Di ne di nthusa go ntsha dilo tse di sa siamang mo mogopolong.” Gone jaanong monna yono o nyetse e bile o itumetse. Ene le mosadi wa gagwe ba matlhagatlhaga tota mo go thuseng batho ba bangwe go ikanya maatla a Lefoko la Modimo. Fa a ne a sa ntse a le lekau le le tshwenyegileng mo maikutlong, o ne a tsaya gore go ka se kgonege gore a tshele botshelo jo a bo tshelang gone jaanong.

Maitemogelo ano a bontsha gore ruri Lefoko la Modimo le maatla le gore moya o o boitshepo o ka kgona go dira dilo tse “di ka se kgonegeng” mo matshelong a rona. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa re, ‘Seo se tlhoka tumelo!” Ee, seo se boammaaruri.  Tota e bile, Baebele ya re “kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Le fa go ntse jalo, akanya ka seno: Tsala e e molemo, gongwe e le manejara mo bankeng kgotsa mongwe yo o nang le taolo o go raya a re: “Se tshwenyege. Fa o tlhoka sengwe, tla kwa go nna.” Ga go pelaelo gore o tla kgothadiwa ke tsholofetso eo. Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba a re swabisa. Gongwe maemo a tsala ya gago a ka fetoga a bo a palelwa ke go dira se a go solofeditseng sone. Fa tsala ya gago e ka swa, molemo otlhe kgotsa bokgoni jwa gagwe jwa go go thusa bo ne bo tla fela. Mme Modimo ene ga a ka ke a amiwa ke dilo tseno tse di diragalelang batho. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Ga go sepe se se sa kgonegeng mo Modimong.”Luke 1:37, The Jerusalem Bible.

“A o Dumela Seno?”

Ditiragalo di le mmalwa tse di bontshang gore mafoko ao a bofelo a boammaaruri di begilwe mo Baebeleng. Ela tlhoko dikai dingwe.

Mosadi wa dingwaga di le 90 yo o bidiwang Sara o ne a tshega fa a ne a bolelelwa gore o ne a tla tshola ngwana wa mosimane, mme setšhaba sa Iseraele se se neng sa nna teng se supa gore o ne a mo tshola. Monna mongwe o ne a komediwa ke tlhapi e kgolo, a nna mo go yone malatsi a le mararo a bo a tshela gore a kwale se se mo diragaletseng. Leina la gagwe e ne e le Jona. Luke yo e neng e le ngaka e e neng e itse pharologano fa gare ga motho yo o idibetseng le yo o suleng, o ne a bega ka lekawana le le bidiwang Yutiko le le neng la wa ka fensetere le tswa kwa phaposing e e kwa godimo mme la swa le fa go ntse jalo la tsosiwa. Ditiragalo tseno ga se ditlhamane. Go tlhatlhoba nngwe le nngwe ya dipego tseno go tla go tlhomamisetsa gore di boammaaruri.—Genesise 18:10-14; 21:1, 2; Jona 1:17; 2:1, 10; Ditiro 20:9-12.

Jesu o ne a bolelela tsala ya gagwe e bong Maratha mafoko ano a a gakgamatsang: “Mongwe le mongwe yo o tshelang e bile a supa tumelo mo go nna ga a kitla a swa ka gope.” Mo godimo ga tsholofetso eo e e lebegang e ne e ka se kgonege, Jesu o ne a botsa potso eno: “A o dumela seno?” Go sa ntse go le botlhokwa gore le rona re sekaseke potso eo gompieno.—Johane 11:26.

Go Tshelela Ruri mo Lefatsheng —A ga Go Kgonege?

Mo lokwalodikgannyeng longwe mo go neng go buiwa ka lobaka lo batho ba lo tshelang, bakwadi ba ne ba akgela jaana: “Go ka tswa go se kgakala gore re tshele lobaka lo loleele go feta kafa re tshelang ka teng gone jaanong—gongwe re tshelela ruri.” The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa gore kwantle ga mabaka a gore disele di a senyega, di a onala kgotsa gore go direga dilo dingwe mo mmeleng, ga go itsiwe se se bakang loso se se dirang gore mmele o onale o bo o kgaotse go dira. * Ya re: “Ga re tsofale ka gonne mebele ya rona e onala go na le moo go na le sengwe se se diregang mo go yone se se sa itsiweng.”

Le fa dilo tseno tsotlhe di kgatlha, Baebele e re naya lebaka le le utlwalang la go dumela gore re tla tshelela ruri e leng sengwe se saense e ka se re direleng sone. Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, Motswedi wa botshelo, o solofetsa gore “o tla kometsa loso ka bosaengkae.” (Pesalema 36:9; Isaia 25:8) A o dumela seno? Tsholofetso eo e tswa kwa go Jehofa, mme ga go kgonege gore a ake.—Tito 1:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Fa o batla go itse mo go oketsegileng ka botsofe le lobaka lo re lo tshelang, bona motseletsele wa ditlhogo tsa makasine wa Tsogang! wa May 2006 o o nang le setlhogo se se reng “O ka Kgona go Tshela Lobaka lo Loleele go le Kae?” o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

“Lo dirile gore dilo tse di neng di sa kgonege mo nakong e e fetileng di kgonege gompieno.”—RONALD REAGAN

[Mafoko a a mo go tsebe 28]

Fa go lebega go ka se kgonege gore o tshele sentle, o leba kwa go mang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

NASA photo