Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Coverdale le Baebele ya Ntlha e e Feletseng e e Gatisitsweng ka Seesemane

Coverdale le Baebele ya Ntlha e e Feletseng e e Gatisitsweng ka Seesemane

 Coverdale le Baebele ya Ntlha e e Feletseng e e Gatisitsweng ka Seesemane

BAEBELE ya ntlha e e feletseng e e gatisitsweng ka Seesemane e ne e sa bontshe leina la motho yo o e ranotseng. Motho yoo e ne le Miles Coverdale, mme thanolo ya gagwe e ne ya gololwa ka 1535. Ka nako eo, tsala ya gagwe e bong William Tyndale o ne a le kwa kgolegelong ka ntlha ya tiro e a neng a e dira ya go ranola Baebele. Ka ngwaga o o latelang, Tyndale o ne a atlholelwa loso a bo bolawa.

Bontlhanngwe jwa thanolo ya ga Coverdale bo ne bo theilwe mo thanolong ya ga Tyndale. Coverdale o ne a atlega jang go gatisa thanolo ya gagwe a bo a tila go atlholelwa loso fa baranodi ba bangwe ba Baebele bone ba ile ba bolaelwa seno? Ke eng se Coverdale a neng a se fitlhelela kwa bofelong?

Peo e a Jalwa

Miles Coverdale o ne a tsholelwa kwa Yorkshire, kwa Engelane, mo e ka nnang ka 1488. O ne a ithuta kwa Yunibesithing ya Cambridge mme o ne a tlhomiwa go nna moruti wa Katoliki ya Roma ka 1514. Kgatlhego ya gagwe ya go tlisa diphetogo mo kerekeng e ne ya tsosolosiwa ke mokatisi wa gagwe e bong Robert Barnes. Barnes o ne a tshaba a tswa kwa Engelane ka 1528. Dingwaga di le 12 moragonyana baeteledipele ba kereke ba ne ba fisetsa Modiradiphetogo yono mo koteng.

Ka 1528, Coverdale o ne a setse a simolotse go rera mo kerekeng, a rera kgatlhanong le ditlwaelo tsa Katoliki tse di sa thewang mo Dikwalong tse di jaaka go obamela ditshwantsho go ipolela maleo le go keteka Mmisa. E re ka botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing, o ne a tswa kwa Engelane a bo a ya kwa dikarolong dingwe tsa Yuropa, kwa a neng a nna dingwaga di ka nna supa gone.

Coverdale o ne a nna le William Tyndale kwa Hamburg, Jeremane. E re ka bobedi jono bo ne bo batla go gatisa Baebele e e neng e ka balwa ke batho botlhe, ba ne ba dira mmogo. Mo lobakeng lono, Coverdale o ne a ithuta go le gontsi ka botswerere jwa go ranola Baebele mo go Tyndale.

Nako ya Diphetogo

Go sa le jalo, dilo di ne di ntse di fetoga kwa Engelane. Ka 1534, Kgosi Henry VIII o ne a bontsha phatlalatsa gore o ne a le kgatlhanong le taolo ya mopapa wa Katoliki kwa Roma. Gape o ne a rata kgopolo ya gore Baebele e ranolelwe mo Seesemaneng gore e kgone go balwa ke batho botlhe. Kgabagare, Coverdale o ne a simolola tiro eo ya go ranola. Coverdale e ne e le setswerere mo puong ya Seesemane mme o ne a se na kitso ya dipuo jaaka tsala ya gagwe Tyndale, mokatisi wa gagwe yo a neng a le seleta mo puong ya Sehebera le ya Segerika. Coverdale o ne a tokafatsa thanolo ya ga Tyndale, a dirisa dikgatiso tsa Selatine le Sejeremane.

Baebele ya ga Coverdale e ne ya gatisiwa kwa dikarolong dingwe tsa Yuropa ka 1535, ngwaga pele ga fa Tyndale a bolawa. Baebele eo e ne e na le molaetsa o o kwadilweng mo ditsebeng tsa ntlha, o o neng o tlotla Kgosi Henry, le go bua sentle ka ene. Coverdale o ne a tlhomamisetsa Henry gore o ne a sa tsenya dintlha tsa ga Tyndale tse di tlhagelelang kwa tlase mo Baebeleng eo, tse go neng go tsewa gore di ne di baka dikgogakgogano e le ka go bo di ne di senola dithuto tsa Kereke ya Katoliki tse di sa thewang mo Dikwalong. Mme Henry o ne a bontsha gore o dumalana le go gatisiwa ga Baebele eo. Dilo di ne tsa simolola go fetoga.

Ka 1537, go ne ga gatisiwa dikgatiso tse pedi tse disha tsa Baebele ya ga Coverdale kwa Engelane. Mo go one ngwaga oo, Kgosi Henry o ne a letlelela  go dirisiwa ga thanolo e e bidiwang Baebele ya ga Matthew, e e neng e le dithanolo tsa ga Tyndale le Coverdale di kopane, e e gatisitsweng kwa Antwerp.

Go ise go ye kae, mogakolodi yo mogolo wa kgosi, e bong Thomas Cromwell, yo o neng a engwe nokeng ke Cranmer, Mobishopomogolo wa kwa Canterbury, o ne a bona go tlhokega gore Baebele ya ga Matthew e tokafadiwe. Ka jalo, o ne a boa a kopa Coverdale gore a e tokafatse. Kgosi Henry o ne a neela tetla ya go gatisiwa ga thanolo e ntšha ka 1539 mme a laela gore dikhopi tsa kgatiso eo—e e bidiwang Great Bible ka ntlha ya bogolo jwa yone—di bewe mo dikerekeng tsotlhe gore batho botlhe ba kgone go di bala. Baebele eno e ne ya amogelwa ka boitumelo jo bogolo mo nageng yotlhe.

Boswa jo Coverdale a bo Tlogetseng

Morago ga loso lwa ga Henry VIII, le morago ga gore Edward VI yo o neng a mo tlhatlhama e nne kgosi, Coverdale o ne a tlhomiwa go nna bishopo wa kwa Exeter ka 1551. Le fa go ntse jalo, fa Kgosigadi Mary wa Mokatoliki a tlhatlhama Edward mo bogosing ka 1553, Coverdale o ne a patelesega go tshabela kwa Denmark. Moragonyana o ne a fudugela kwa Switzerland, kwa a neng a tswelela ka tiro ya gagwe gone. Gape o ne a gatisa dikgatiso di le tharo tsa Seesemane tse di itsegeng e le Tesetamente e Ntšha tse di nang le mokwalo wa Selatine o o neng o diretswe go thusa baruti.

Sengwe se se neng se sa lebelelwa mo Baebeleng ya ga Coverdale ke gore leina la Modimo le ne le sa tlhage le kwadilwe e le “Jehofa.” Tyndale o ne a dirisa leina la Modimo ka makgetlho a a fetang 20 mo thanolong ya gagwe ya Dikwalo Tsa Sehebera. Mo bukeng ya Coverdale and His Bibles, J. F. Mozley o ne a re: “Ka 1535 Coverdale o ne a gana go dirisa lefoko [Jehofa] gotlhelele.” Mme moragonyana o ne a tsenya leina la Modimo, Jehofa, ka makgetlho a le mararo mo kgatisong ya Great Bible.

Le fa go ntse jalo, Baebele ya ga Coverdale e ne e le nngwe ya Dibaebele tsa ntlha tsa Seesemane tse di neng di na le Thaterakeramatone—ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tsa leina la Modimo—mo tsebeng ya yone ya ntlha. Se se tlhomologileng ka yone ke gore e ne e le Baebele ya ntlha e mo go yone dibuka tse go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa tsone di neng tsa bewa mmogo ka fa tlase ga setlhogo sa dintlha tse di oketsegileng go na le gore di bewe fa gare ga dibuka tsa Dikwalo Tsa Sehebera.

Bontsi jwa dipolelwana le mafoko a a tlhomologileng a ga Coverdale a ne a tswelela go dirisiwa ke baranodi ba ba neng ba latela. Polelwana e e reng “mo mogogorong wa moriti wa loso” e e mo go Pesalema 23, temana 4 ke sekai sa seo. Porofesa S. L. Greenslade a re, polelwana e e reng “bopelonomi jwa lorato” mo temaneng ya 6, ke “lefoko le le bontshang pharologano magareng ga tsela e Modimo a ratang batho ka yone le lorato lo lo tlwaelegileng kgotsa bopelotlhomogi.” New World Translation of the Holy Scriptures—With References e dirisa lefoko le le tshwanang e bo e oketsa ka ntlha e e kwa tlase: “Kgotsa, ‘lorato lo lo ikanyegang.’”

Buka ya The Bibles of England ya re Great Bible ya ga Coverdale “e ne e le matswela a matsapa otlhe a a dirilweng a go ranola Baebele ya Seesemane . . . go tloga ka letsatsi le Tyndale a neng a simolola go ranola Tesetamente e Ntšha ka lone.” Tota e bile, e ne e le thanolo ya ga Coverdale e e neng ya thusa gore batho ba motlha wa gagwe ba ba buang Seesemane ba kgone go bala Baebele.

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

kafa molemeng, Thaterakeramatone mo tsebeng ya ntlha ya kgatiso ya 1537

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo source: From The Holy Scriptures of the Olde and Newe Testamente With the Apocripha by Myles Coverdale

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

From the book Our English Bible: Its Translations and Translators