Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba kgatlhegela tatelano ya bone ya losika?

Dipego tsa tatelano ya losika di ne di le botlhokwa go bona gore batho e ne e ba morafe ofe le go itse gore malapa a bone a amana jang. Gape di ne di le botlhokwa fa go ne go arolwa dinaga le fa go abiwa boswa. Tatelano ya losika lwa ga Mesia e ne e le nngwe ya dipego tse di botlhokwa thata. Bajuda ba ne itse sentle gore Mesia o ne a tshwanetse go tlhaga mo losikeng lwa ga Dafide yo e neng e le wa lotso lwa Juda.—Johane 7:42.

Mo godimo ga moo, mokanoki mongwe e bong Joachim Jeremias a re: “e re ka boperesiti le go nna Molefi e ne e le boswa . . . go ne go le botlhokwa thata go boloka losika lo sa tlhakanngwa le a mangwe.” Basadi ba Baiseraele ba ba neng ba nyalwa ke batho ba ba tswang mo malapeng a baperesiti ba ne ba tshwanetse go neela bosupi jwa lotso lwa bone e le gore boperesiti bo tswelele bo “itshekile e bile bo le phepa.” Mo motlheng wa ga Nehemia, botlhe mo malapeng a Balefi ba ba neng “ba batla lokwalo lwa bone lwa maina, gore ba tlhomamise tlhatlhamano ya bone ya masika phatlalatsa, mme ya se ka ya bonwa,” ba ne ba tsewa ba sa tshwanelege.—Nehemia 7:61-65.

Mo godimo ga moo, Molao wa ga Moshe o ne o re “ga go na morwa ope wa dikgora” kgotsa “Moamona ope kgotsa Momoabe ope yo o tla tsenang mo phuthegong ya ga Jehofa.” (Duteronome 23:2, 3) Ka ntlha ya seo, Jeremias o oketsa ka gore, “e le gore motho a ka dirisa ditshwanelo tsa gagwe o ne a tshwanetse go neela bosupi jwa bagologolwane ba gagwe, mme seo se dira gore re swetse ka gore . . . tota le Moiseraele fela o ne a itse bagologolwane ba gagwe le gore ke wa lotso lofe mo go di le lesome le bobedi.”

Bajuda ba ne ba kwala le go boloka tatelano ya bone ya losika jang?

Bakwadi ba Diefangele, Mathaio le Luke, ba ne ba kwala ka botlalo tatelano ya losika lwa bagologolwane ba ga Jesu. (Mathaio 1:1-16; Luke 3:23-38) Dipego tse dingwe tsa tatelano ya losika le tsone di ne tsa bolokiwa sentle. Ka sekai, fa midrash ya Sejuda kgotsa kgatiso e e nang le dikakgelo e bua ka Hillel, rabi mongwe wa mo motlheng wa ga Jesu ya re: “Kwa Jerusalema go ne ga fitlhelwa momeno wa tatelano ya losika, o mo go one go neng go kwadilwe gore Hillel e ne e le wa losika lwa ga Dafide.” Mo bukeng ya gagwe ya The Life, rahisitori mongwe wa Mojuda wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus, o ne a bolela fa bagologolwane ba gagwe e le baperesiti le gore mmaagwe e ne e le “wa losika lwa bogosi.” O ne a re o fitlhetse tshedimosetso eno e “kwadilwe mo dipegong tsa batho botlhe.”

Mo bukeng ya gagwe ya Against Apion, Josephus o ne a re setšhaba sa gagabo se ne sa naya “banna ba maemo a kwa godimo” tiro ya go tlhokomela dipego tsa malapa a baperesiti. The Jewish Encyclopedia ya re: “Go lebega dipego tseno di ne tsa newa modiredimogolo yo o kgethegileng mme kgotla e e neng ya tlhomiwa kwa Jerusalema e ne e araba dipotso tsotlhe tse di malebana le tatelano ya losika.” Bajuda ba e neng e se baperesiti ba ne ba kwadisiwa kwa metseng ya borraabone. (Luke 2:1-5) Go bonala bakwadi ba Diefangele ba ne ba dirisa tshedimosetso e ba neng ba e bona mo mafelong a go neng go bolokilwe dipego tsa tatelano ya losika kwa go one. Gape go lebega malapa le one a ne a ipolokela dipego tsa one.