Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kwa Melelwane e sa Kgaoganyeng Batho Teng

Kwa Melelwane e sa Kgaoganyeng Batho Teng

 Kwa Melelwane e sa Kgaoganyeng Batho Teng

Basupi ba ga Jehofa ba lwela go fedisa dikgoreletsi tse di kgaoganyang ditšhaba. Ba tsaya tsia molaomotheo wa mafoko a Jesu a neng a a raya barutwa ba gagwe: “Lona lotlhe lo bakaulengwe.” (Mathaio 23:8) Seo se ne sa bonala sentle mo mafelong a mabedi a Basupi ba obamelang kwa go one—la kwa Portugal le la kwa Spain.

TOROPO e e ageletsweng ka dipota ya kwa Valença do Minho kwa bokone jwa Portugal, e ne ya agiwa mo metlheng e e kotsi. Dipota tsa yone di kafa ntlheng ya Noka ya Minho, e e leng molelwane wa Spain le Portugal. Kwa moseja ga noka go na le toropo ya Tui e e kwa Spain, e kwa go yone go nang le kereke e kgolo e e lebegang jaaka kago ya phemelo. Dikago tse dikgolo tsa phemelo tsa kwa Tui le Valença di agilwe ka lekgolo la bo17 la dingwaga fa naga ya Spain e ne e lwa le ya Portugal.

Ka 1955, go ne ga fedisiwa dikgoro tsa melelwane le mafelo a go duedisa makgetho a dithoto tse di tsenang mo dinageng tseno ka bobedi tse di mo lekgotleng la Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa. Mme go kopanya ditšhaba go kaya se se fetang go tlosa dikgoro tsa melelwane. Go ama le megopolo le dipelo. Kwa Valença, go na le kago e nnye e ntle, e e bontshang kafa batho ba ditšhaba tse di sa kopanang ba ka kopanngwang ka teng. Ke lefelo la kobamelo—Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa—e e dirisiwang ke phuthego ya Basupi ba ba buang Se-Spain le ya ba ba buang Sepotokisi.

Kgang eno e simologile ka 2001, fa Basupi ba kwa Tui ba ne ba tlhoka Holo ya Bogosi e ntšha. Ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo dikagong tse ba neng ba di hirile mme ba ne ba se na madi a a lekaneng go aga holo e ntšha. Tota le dikago tse di hirisiwang di ne di tlhoka madi a mantsi a ba neng ba sa kgone go a duela ka gonne phuthego ya bone e ne e le nnye. Ka jalo, Basupi bano ba Ba-Spain ba ne ba kopa bakaulengwe ba bone ba Bapotokisi ba kwa Valença gore ba dirise holo ya bone, e e neng e le dikilometara di se kae fela go tswa kwa bogareng jwa motse wa Tui.

Eduardo Vila, mongwe mo Phuthegong ya Tui kwa Spain o gakologelwa jaana: “Re ne ra tlotla ka tshwetso eo kwa pokanong e re neng re e tshwere ka December 2001. Fa ke tswa kwa pokanong eo, ke ne ka lemoga gore Jehofa o ne a tlhotlheleditse dipelo  tsa bakaulengwe ba rona ba kwa Portugal. Ba ne ba ithontshitse dilo tse dintsi gore ba age Holo e ntle ya Bogosi mme go ne go nonotsha tumelo go bona gore ba ne ba iketleeleditse go re letla go e dirisa le bone.”

Américo Almeida, Mosupi mongwe wa kwa Portugal yo o neng a le teng kwa pokanong eo a re: “Re ne ra amogela bakaulengwe ba ba buang Se-Spain mo Holong ya rona ya Bogosi. Re ne re dumela gore Jehofa o ne a tla segofatsa thulaganyo eno, mme ra dira tshwetso e rotlhe re neng re dumalana ka yone.” Basupi ba ba tswang mo matlhakoreng a mabedi a molelwane ba dirisana sentle. Paolo wa kwa Valença a re: “Go ka lebega go sa tlwaelega, mme gone ga re lemoge le gore re batho ba dinaga tse di farologaneng. Rotlhe re bakaulengwe.”

Dingwe tsa dilo tsa ntlha tse baeng ba di bonang mo Holong ya Bogosi ke ditshupanako tse pedi tse di tshwanang tse di mo loboteng lo lo kwa morago mme di bontsha dinako tse di sa tshwaneng. Nako ya kwa Spain e kwa pele ga ya Portugal ka ura e le nngwe, mme pharologanyo eno ya dinako ke yone fela e farologanyang ditlhopha tseno tse pedi tse di dirisang Holo ya Bogosi. Fa kago eno e ne e tlhoka go tlhabololwa, Komiti ya Kago ya Kgaolo ya kwa Spain e ne ya okamela badiri ba ba matlhagatlhaga ba diphuthego ka bobedi. Paolo o gakologelwa jaana: “Bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba ba nang le bokgoni ba ne ba tsamaya dikilometara di le 160 go tswa kwa Spain ba tla go re thusa. Porojeke eno e ne ya nonotsha lorato lo diphuthego tseno tse pedi di ratanang ka lone.”

Mma re sekaseke sekai sa bobedi sa dikgwetlho  tsa go fedisa dikgoreletsi tse di kgaoganyang batho.

Ba Seoposengwe mo Mokgatšheng o o Kgaoganeng

Puigcerdá ke toropo ya kwa Spain e e mo molelwaneng wa Spain le Fora. E mo gare ga mokgatšha o o nang le mmu o o nonneng o o dikologilweng ke dithaba tse di goletseng kwa godimo tsa Pyrenees. Mokgatšha ono o o bidiwang Cerdaña, o kile wa bo o le karolo ya Spain o feletse. Mme mo tumalanong ya kagiso e e neng e bidiwa Tumalano ya kwa Pyrenees e e neng ya dirwa ka 1659, naga ya Spain e ne ya naya Fora halofo ya mokgatšha ono.

Gompieno batho ba kwa Fora ba reka dilwana kwa Puigcerdá, toropo e kgolo e e mo mokgatšheng ono. Mme fa e sa le ka 1997, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Puigcerdá le bone ba ile ba letla bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Fora gore ba dirise Holo ya bone ya Bogosi. Mo go one ngwaga oo, Basupi ba kwa Fora ba ne ba tshwanelwa ke go tswa mo lefelong le ba neng ba le hirile. Motho o ne a ka tsamaya ura yotlhe ka koloi a ya kwa Holong ya Bogosi ya kwa Fora e e neng e le gaufi, mme ka dikgwedi tsa mariga gantsi tselana e e mo thabeng e e goletseng kwa godimo e batsamai ba ka e dirisang go ya kwa holong, e a bo e thibilwe ke kapoko.

Fa Basupi ba kwa Fora ba tlhalosa gore ba tlhoka lefelo le ba ka tshwarelang dipokano kwa go lone ka potlako, gone fela foo Basupi ba kwa Spain ba ne ba ba letla go dirisa Holo ya bone ya Bogosi. Mosupi wa mo lefelong leo e bong Prem a re: “Bakaulengwe botlhe ba mo Spain ba ne ba itumelela mogopolo wa gore re dirise holo ya rona le bone. Re ne re ikutlwa jalo ka ntlha ya thapiso e e tswang mo Dikwalong, e re neng re e neilwe fa dingwaga di ntse di feta. Dibeke di se kae morago ga moo, re ne ra simolola go dirisa Holo ya Bogosi le bone mme jaanong go fetile dingwaga di le 13 re ntse re e dirisa mmogo.”

Eric, yo e leng molebedi mo phuthegong ya Sefora o tlhalosa jaana: “Puigcerdá e ne e le lefelo le le siametseng gore Holo ya Bogosi e re e dirisang e nne mo go lone. Mme ke sa ntse ke gopola tsela e e lorato e phuthego ya kwa Spain e neng ya re amogela ka yone. Ba ne ba kgabisitse holo ya bone ka ngata e tona ya malomo e bile go na le mokwalo o o reng, ‘Re a lo amogela, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang.’”

Eric o oketsa jaana: “Batho ba ne ba akanya gore go tswalwa ga Holo ya rona ya Bogosi kwa Fora go ne go raya gore phuthego ga e tlhole e le teng. Mme go ise go ye kae, batho ba ne ba lemoga gore re sa ntse re le teng ka ntlha ya go rera ga rona ka metlha—mo go neng go akaretsa go tsamaisa dipampitshana tse di neng di laletsa batho kwa dipokanong tsa rona tsa kwa Spain. Batho ba ba kgatlhegang ba itumelela go ya kwa holong e e kwa Spain. Mo godimo ga moo, go dirisa holo le bakaulengwe ba rona ba kwa Spain go dirile gore re atamalane. Pele re kopana, re ne re itse gore go na le phuthego ya Se-Spain ka kwa ga molelwane mme re ne re sa bonane go le kalo. E re ka jaanong re bonana ka metlha, ga re tlhole re ikutlwa re le kwa thoko thata mo mokgatšheng ono wa thaba o o kwa kgakala.”

 A go farologana ga ditso go ne ga baka mathata ape? Mosupi mongwe wa Mofora yo o mo dingwageng tsa bo80 a re: “Fa ke ne ke utlwa gore dipokano tsa rona di ne di tlile go tshwarwa ka kwa ga molelwane wa Spain, ke ne ka tshwenyega go se kae. Mme e re ka bakaulengwe ba kwa Puigcerdá ba ne ba re amogela e bile ba le botsalano, phetogo eno e ne ya se ka ya baka bothata bope. Go na le moo, e ile ya nna tshono ya go bontsha gore batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba seoposengwe.”

Go Tlhomiwa ga Kgolagano e e Seoposengwe le go Feta

Bathei ba lekgotla la dinaga tse di kopaneng tsa Yuropa ba ne ba re dinaga tseno di ne di “ikemiseditse go tlhoma kgolagano e e seoposengwe le go feta fa gare ga ditšhaba tsa Yuropa.” Go tlosiwa ga dikgoro tsa melelwane ka bo1980 le ka bo1990 go ne ga dirwa ka boikaelelo jwa go potlakisa thulaganyo eno. Le fa go ntse jalo, gape go tshwanetse ga tlosiwa mo megopolong moya o o kgaoganyang ditšhaba.

Basupi ba ga Jehofa ba dira ka natla go fedisa moya wa go tlhaola batho ka lotso le go se tshepane. Ba tlhaloganya gore ba solegelwa molemo ke go bo ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng le gore “Modimo ga a na tlhaolele.” (Ditiro 10:34) Kwa dikopanong tsa bone tsa ditšhabatšhaba le kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi, ba bone gore ‘ruri go molemo e bile go a itumedisa fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!’ (Pesalema 133:1) Basupi ba kwa Valença le Puigcerdá ba ba ileng ba nna seoposengwe le bakaulengwe ba bone ba mo dinageng tsa boagelani, ba bontsha boammaaruri jwa seo.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Go ka lebega go sa tlwaelega, mme gone ga re lemoge le gore re batho ba dinaga tse pedi. Rotlhe re bakaulengwe”

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

“Porojeke eno e ne ya nonotsha lorato lo diphuthego tseno tse pedi di ratanang ka lone”

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

“A bo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” PESALEMA 133:1

[Setshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Motse wa Tui le Noka ya Minho, fa di bonwa go tswa kwa toropong ya Valença do Minho e e ageletsweng ka dipota

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go tlhabololwa ga Holo ya Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dithaba tsa Pyrenees le mokgatšha wa Cerdaña

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bagolwane ba babedi ba diphuthego tse pedi—ya Se-Spain le ya Sefora—tse di kopanelang mo Holong ya Bogosi ya kwa Puigcerdá