Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ithute mo Lefokong la Modimo

A Baebele e Bolelela Isagwe Pele?

A Baebele e Bolelela Isagwe Pele?

Setlhogo seno se botsa dipotso tse o ka tswang o kile wa di botsa se bo se bontsha gore o ka bona dikarabo tsa tsone kae mo Baebeleng ya gago. Basupi ba ga Jehofa ba ka itumelela go tlotla ka dikarabo tseno le wena.

1. A dipolelelopele tsa Baebele di na le tshedimosetso e e tlhomameng?

Modimo Mothatayotlhe ke ene fela yo o ka kgonang go bonela isagwe pele ka botlalo. (Amose 3:7) Ka sekai, fa e sa le mo metlheng ya bogologolo, o ne a bolelela pele go tla ga mongwe yo o bidiwang Mesia kgotsa Keresete. Mesia e ne e tla bo e le setlogolwana sa monna yo o ikanyegang e bong Aborahame. E ne e tla nna mmusi yo o neng a tla dira gore batho ba ba kutlo ba boe ba nne le botshelo jo bo itekanetseng ba sa lwale. (Genesise 22:18; Isaia 53:4, 5) Motho yono Yo o Solofeditsweng o ne a tla tswa kwa Bethelehema.—Bala Mika 5:2.

Jesu o ne a itshupa e le ene Mesia. Dingwaga di feta 700 pele a tsholwa, Baebele e ne ya bolelela pele gore Mesia o ne a tla tsholwa ke kgarebane le gore o ne a tla nyadiwa. O ne a tla ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo ka ntlha ya maleo a ba le bantsi mme o ne a tla fitlhwa le bahumi. (Isaia 7:14; 53:3, 9, 12) Gape dingwaga di feta 500 pele go diragala, Baebele e ne ya bolelela pele gore o ne a tla tsena mo Jerusalema a palame tonki le gore o ne a tla okwa ka dipapetlana di le 30 tsa selefera. Dilo tseno tsotlhe di ne tsa direga.—Bala Sekarea 9:9; 11:12.

2. A Modimo o bolelela pele matlha a a rileng?

Baebele e ne ya bolelela pele ngwaga o Mesia a neng a tla bonala ka one dingwaga di feta 500 pele ga moo. Nako e e neng e tla feta pele a bonala e ne e balwa ka dibeke tsa dingwaga, mo go rayang gore “beke” nngwe le nngwe e ne e le boleele jwa dingwaga di le supa. Go ne go tla feta dibeke tseo di le 7 le tse 62, tse di neng di tla dira palogotlhe ya dibeke tsa dingwaga di le 69. Tseo e ne e tla nna dingwaga di le 483. Lobaka loo lwa dingwaga lo ne lwa simologa leng? Go ya ka Baebele, lobaka loo lo ne lwa simologa fa motlhanka wa Modimo Nehemia a goroga kwa Jerusalema a bo a simolola go aga motse sesha. Hisitori ya kwa Peresia ya re e ne e le ka 455 B.C.E. (Nehemia 2:1-5) Jesu o ne a kolobediwa go nna Mesia dingwaga di le 483 moragonyana, ka ngwaga wa 29 C.E., one ngwaga o o neng o boleletswe pele.—Bala Daniele 9:25.

  3. A dipolelelopele tsa Baebele di a diragadiwa gompieno?

Jesu o ne a bolelela pele ditiragalo tse di botlhokwa tsa motlha wa rona. Polelelopele ya gagwe e umaka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, jo bo tla namolang batho botlhe ba ba ratang Modimo mo mathateng a lefatshe. Bogosi bo tla fedisa tsamaiso yotlhe ya dilo e e boikepo e re tshelang mo go yone.—Bala Mathaio 24:14, 21, 22.

Dipolelelopele tsa Baebele di tlhalosa ka botlalo metlha ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Baebele e ne ya senola gore go farologana le se se neng se ka solofelwa mo motlheng wa tlhabologo, batho ba ne ba tla senya lefatshe. Matshwenyego a a bakiwang ke dintwa, tlhaelo ya dijo, dithoromo tsa lefatshe le malwetse a leroborobo a ne a tla oketsega. (Luke 21:11; Tshenolo 11:18) Batho ba ne ba ka se tlhole ba tshela ka melao ya boitsholo. Mo metlheng eno e e thata, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo ditšhabeng tsotlhe.—Bala Mathaio 24:3, 7, 8; 2 Timotheo 3:1-5.

4. Batho ba tla nna le isagwe e e ntseng jang?

Go na le dilo tse di molemo tse Modimo Mothatayotlhe a tla di direlang batho ba ba ikanyegang. Jesu Keresete e bong Mesia le ba ba tlhophilweng, ba tla busa lefatshe ba le kwa legodimong. Ba bopa puso ya Bogosi, e e tla busang ka dingwaga tse di sekete. Baswi ba tla tsosiwa mme ba tla nna le tshono ya go bolelwa ba tshwanelwa ke botshelo jo bo sa khutleng. Mo godimo ga moo, Bogosi bo tla fodisa mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo. Bolwetse le loso di tla bo di sa tlhole di le teng.—Bala Tshenolo 5:10; 20:6, 12; 21:4, 5.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona tsebe 23-25 le 197-201 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e bontshitsweng fano.