Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

“Letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase” le gantsi go buiwang ka lone mo bukeng ya Ekesodo ke eng?

Go ya ka pego ya Baebele, matsela a mogope a ka one go neng go dirilwe dipota le kgoro ya motlaagana, lefelo la kobamelo la Iseraele wa bogologolo, a ne a dirilwe ka “tlhale e e bobududu le boboa jo bo fetoletsweng mo mmaleng o o bobududu jo bo mokgona jo bohibitswana le letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase le leloba le le boleta le le otlhilweng.” (Ekesodo 26:1; 38:18) “Diaparo tse di boitshepo” tsa baperesiti le tsone di ne di tshwanetse go dirwa ka “letsela le le bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase.”—Ekesodo 28:1-6.

Bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase, jo gape bo neng bo itsege ka gore ke kermes, e ne e le dae e e ntshang mmala o o bohibidu jo bo galotseng kgotsa jo bo letlhololo. Dae eno e ne e ntshiwa mo ditshenekeging tse di namagadi tse di bidiwang Coccidae. Ditshenekegi tseno tse di se nang diphuka di nna mo setlhareng sa moakere sa kermes (Quercus coccifera), se se tlwaelegileng kwa Botlhabagare le kwa Lotshitshing lwa Mediterranean. Mmala o mohibidu o fitlhelwa mo maeng a a mo ditshenekeging tseno tse di namagadi. Fa tshenekegi eno e na le mae mo go yone, e kgomarela mo matlhareng le mo dikalaneng tsa setlhare sa moakere sa kermes mme e lebega jaaka moretlwa e le bogolo jwa nawa. Fa di sena go phuthwa di bo di thugiwa, ditshenekegi tseno di ntsha mmala o mohibidu o o ka kopanngwang le metsi o bo o dirisiwa go fetola matsela mmala. Rahisitori wa Moroma e bong Pliny yo Mogolwane o ne a umaka bohibidu jo bo letlhololo jwa khokhase, mme a re ke mongwe wa mebala e e neng e tseelwa kwa godimo thata mo motlheng wa gagwe.

Ke bakwadi bafe ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ba neng ba le teng ka Pentekosete ya 33 C.E.?

Mo banneng ba le robedi ba ba kwadileng karolo eno ya Dikwalo, go ka direga gore ke ba le barataro ba ba neng ba le teng.

Go ya ka pego ya Ditiro, Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa tloga mo Jerusalema, mme nnang lo letetse se Rara a se solofeditseng.” (Ditiro 1:4) Pego eo e bontsha gore batho ba ba neng ba tla kwala Baebele e bong Mathaio, Johane le Petere ba ne ba ikobela taelo eo mme ba phuthega le barutwa ba bangwe “mo lefelong le le lengwe fela.” Bomorwarraagwe Jesu ka mmaagwe le bone ba ne ba le teng. (Ditiro 1:12-14; 2:1-4) Ba le babedi ba bone e bong Jakobe le Jude (Judase), moragonyana ba ne ba kwala dibuka tse pedi tsa Baebele tse di bidiwang ka maina a bone.—Mathaio 13:55; Jakobe 1:1; Jude 1.

Mo Efangeleng ya gagwe, Mareko o bua ka lekawana le le neng la tshaba mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa ka jone. Go bonala sentle gore lekawana leno e ne e le ene Mareko ka gonne barutwa ba bangwe botlhe ba ne ba setse ba tlogetse Jesu. (Mareko 14:50-52) Ka jalo, go lebega Mareko e ne e le mongwe wa barutwa ba ntlha, mme go ka direga gore o ne a le teng ka Pentekosete.

Bakwadi ba bangwe ba babedi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse di tlhotlheleditsweng e ne e le Paulo le Luke. Ka Pentekosete ya 33 C.E., Paulo o ne a ise a nne molatedi wa ga Keresete. (Bagalatia 1:17, 18) Go bonala Luke le ene a ne a seyo ka gonne o ne a sa ikakaretse mo ‘basuping ba ba boneng ka matlho’ bodiredi jwa ga Jesu.—Luke 1:1-3.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ditshenekegi tse go neng go dirwa dae ka tsone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of SDC Colour Experience (www.sdc.org.uk)

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Petere a neela puo ka Pentekosete ya 33 c.e.