Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Bobedi

Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Bobedi

 Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Bobedi

Se Tota Mekwalo ya Letsopa e se Bontshang

Seno ke setlhogo sa bobedi sa tse pedi tse di tlhagang mo dimakasineng tse di latelanang tsa Tora ya Tebelo tse di tlotlang ka dipotso tsa bakanoki mabapi le kgang ya gore Jerusalema wa bogologolo o ne a senngwa leng lantlha. Ditlhogo tseno tse pedi di naya dikarabo tsa dipotso tse di akabaditseng babadi bangwe, mme dikarabo tseno di diretswe dipatlisiso ka kelotlhoko e bile di theilwe mo Baebeleng.

KAROLO YA NTLHA E NE YA BUA KA DINTLHA TSE DI LATELANG:

▪ Bakwalahisitori ba e seng ba bodumedi ba re Jerusalema o sentswe ka 587 B.C.E. *

▪ Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontsha gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E.

▪ Bakwalahisitori ba e seng ba bodumedi ba theile ditshwetso tsa bone mo mekwalong ya bakwalahisitori ba bogologolo le mo lenaaneng la ga Ptolemy.

▪ Mekwalo mengwe ya bakwalahisitori ba bogologolo e na le diphoso tse di masisi mme ga se ka dinako tsotlhe e tsamaisanang le dipego tse di mo matlapanakwalelong a letsopa. *

BAEBELE ya re Bajuda ba ne ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona “go fitlha dingwaga di le masome a supa di wela fela jaaka go ne go boletse lefoko la MORENA ka Jeremia.” Ba ne ba gololwa leng? Ka “ngwaga wa ntlha wa [go busa ga] ga Kurose kgosi ya Peresia.” (2 Ditiragalo 36:21, 22, New International Version) Baebele e dumalana le metswedi ya hisitori e e seng ya bodumedi gore Bajuda ba ne ba boa kwa botshwarwa fa Kurose a sena go fenya Babelona a bo a ba golola, ba bo ba boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. E re ka Baebele e bua ka tlhamalalo gore ba ne ba fetsa dingwaga di le 70 kwa botshwarwa, ba tshwanetse ba bo ba ile ba ya botshwarwa ka 607 B.C.E.

Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bakanoki ba re Jerusalema o sentswe ka 587 B.C.E. Seo se tla bo se raya gore Bajuda ba ile ba nna kwa botshwarwa dingwaga di le 50 fela. Ke ka ntlha yang fa ba sweditse ka go rialo? Ba theile dipalo tsa bone mo mekwalong ya bogologolo ya cuneiform e e tlhalosang dintlha ka Nebukadenesare II le batlhatlhami ba gagwe.1 Bontsi jwa mekwalo eno e ne e kwadilwe ke batho ba ba tshetseng mo motlheng wa go senngwa ga Jerusalema kgotsa pele fela ga foo. Mme gone dipalo tseno tse di supang ngwaga wa 587 B.C.E. di boammaaruri go le kana kang? Ke eng se tota mekwalo eno e se bontshang?

Go araba dipotso tseo, sekaseka mefuta e le meraro ya mekwalo e gantsi bakanoki ba thayang mabaka a bone mo go yone: (1) Dipego tsa ditiragalo tsa kwa Babelona, (2) matlapanakwalelo a dipego tsa madi le (3) matlapanakwalelo a thutodinaledi.

 Dipego tsa ditiragalo tsa kwa Babelona.

Ke eng? Dipego tsa ditiragalo tsa kwa Babelona ke matlapanakwalelo a mo go one go kwadilweng ka ditiragalo tsa botlhokwa mo hisitoring ya kwa Babelona.2

Baitse ba reng? Moitse mongwe yo mogolo wa mekwalo ya cuneiform e bong R. H. Sack, a re dipego tseo tsa ditiragalo di na le pego e e sa felelang ya ditiragalo tsa botlhokwa. * O ne a re borahisitori ba tshwanetse go tlhatlhoba “metswedi e mengwe gape . . . ka tsholofelo ya gore ba tla bona se tota se diragetseng.”

Ke eng se mekwalo e se bontshang? Go na le tshedimosetso e e tlhaelang mo hisitoring e e kwadilweng mo dipegong tsa ditiragalo tsa kwa Babelona.3 (Bona lebokose le le fa tlase.) Ka jalo, go a utlwala go bo go ka bodiwa potso eno, Ditshwetso tse di theilweng mo pegong e e sa felelang jalo di ka ikanngwa go le kana kang?

Matlapanakwalelo a dipego tsa madi.

Ke eng? Bontsi jwa matlapanakwalelo a dipego tsa madi a motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona ke ditlankana tsa semolao. Matlapanakwalelo ano a ne a kwadilwe matlha go ya ka gore ke letsatsi la bokae la kgwedi efe ya ngwaga wa bokae fa e sa le kgosi e e busang e simolola go busa. Ka sekai, letlapanakwalelo lengwe le bontsha gore kgwebo nngwe e diragetse ka “Nisane, ka letsatsi la bo27, ka ngwaga wa bo11 wa ga Nebukaderesare [yo gape a bidiwang Nebukadenesare II], kgosi ya Babelona.”4

Fa kgosi e swa kgotsa e tlosiwa mo setulong go bo go tsena e ntšha, dikgwedi tse di setseng mo ngwageng wa go busa ga kgosi ya ntlha di ne di tsewa e le dikgwedi tsa ngwaga o motlhatlhami a tsenang mo pusong ka one. *5 Ka mafoko a mangwe, go tlhatlhamana ga dikgosi go ne go direga mo ngwageng o le mongwe wa khalendara ya Sebabelona. Ka jalo, go a utlwala gore matlapanakwalelo a ngwaga o motlhatlhami a tseneng mo pusong ka one a tshwanetse go nna le letlha la dikgwedi tsa morago ga kgwedi ya bofelo ya kgosi e e sa tswang go busa.

Baitse ba reng? R. H. Sack o ne a tlhatlhoba matlapanakwalelo a le mmalwa a dipego tsa madi a motlha  wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona. Ka 1972, Sack o ne a kwala gore mekwalo e mesha e e sa gatisiwang ya British Museum e e neng e le mo diatleng tsa gagwe “e ne e sa dumalane gotlhelele” le ditshwetso tse di neng di dirilwe mo nakong e e fetileng malebana le go tlhomiwa ga ga Amel-Marduk (yo gape a bidiwang Evil-merodach) e le kgosi mo boemong jwa ga rraagwe e bong Nebukadenesare II.6 Ka tsela efe? Sack o ne a itse gore matlapanakwalelo a ne a bontsha gore Nebukadenesare II o ne a sa ntse a busa mo kgweding ya borataro ya ngwaga wa gagwe wa bofelo (wa bo43). Mme matlapanakwalelo ano a a neng a sa tswa go kwalololwa sesha a ngwaga o kgosi e e latelang e bong Amel-Marduk a tlhomilweng ka one, e ne e le a kgwedi ya bonè le ya botlhano ya ngwaga o go neng go tsewa gore Nebukadenesare II o ne a sa ntse a busa ka one.7 Go ne go bonala sentle gore tshedimosetso eno e ne e sa dumalane.

Ke eng se mekwalo e se bontshang? Go na le tshedimosetso e nngwe gape e e sa dumalaneng malebana le go tlhatlhamana ga dikgosi. Ka sekai, mekwalo e bontsha gore Nebukadenesare II o ne a sa ntse a busa mo kgweding ya gagwe ya bolesome—dikgwedi di le thataro morago ga nako e go dumelwang gore motlhatlhami wa gagwe o simolotse go busa ka yone.8 Go na le tshedimosetso e e sa dumalaneng fela jalo malebana le go tlhatlhamana ga ga Amel-Marduk le motlhatlhami wa gagwe e bong Neriglissar.9

Ke ka ntlha yang fa go sa dumalane ga tshedimosetso eno go le masisi? Jaaka go umakilwe pelenyana, e re ka tshedimosetso ya hisitori e e kwadilweng mo dipegong tsa ditiragalo tsa kwa Babelona e sa felela, seo se raya gore re ka tswa re se na pego e e feletseng ya tatelano ya ditiragalo.10 A go ka tswa go na le ba bangwe ba ba busitseng fa gare ga dikgosi tseo? Fa e le gore go ntse jalo, motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona o ne o tla tshwanelwa ke go okediwa ka dingwaga tse dingwe. Ka jalo, dipego tsa ditiragalo tsa kwa Babelona le fa e le matlapanakwalelo a dipego tsa madi ga a neye bosupi jo bo ka tlhomamisang gore Jerusalema o sentswe ka 587 B.C.E. *

Matlapanakwalelo a thutodinaledi.

Ke eng? Ke matlapanakwalelo a cuneiform a a nang le tlhaloso ya gore letsatsi, ngwedi, dipolanete le dinaledi di ne di eme fa kae mo loaping mmogo le tshedimosetso ya hisitori e e jaaka gore kgosi e e rileng e ne e le mo ngwageng wa yone wa bokae e busa. Ka sekai, tayari ya thutodinaledi e e bontshitsweng fa tlase e na le pego ya phifalo ya ngwedi e e diragetseng ka kgwedi ya ntlha ya ngwaga wa ntlha wa puso ya ga Kgosi Mukin-zeri.11

Baitse ba reng? Baitse ba a dumalana gore Bababelona ba ne ba na le ditšhate tse di nang le tshedimosetso e ntsi le manaane a thutodinaledi a a neng a ba thusa go fopholetsa gore diphifalo di ne di ka direga leng.12

A mme Bababelona ba ne ba kgona go balela kwa morago go bona gore diphifalo di ne di diragetse leng mo nakong e e fetileng? Porofesa John Steele a re: “Go ka direga gore diponelopele dingwe tsa bogologolo di ka tswa di ile tsa dirwa ka go balela kwa morago ka  nako ya fa mokwalo o ne o kwalwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.)13 Porofesa David Brown, yo o dumelang gore ditšhate tsa thutodinaledi di ne di akaretsa diponelopele tse di dirilweng pele fela ga ditiragalo tse go kwadilweng ka tsone, o dumela gore go ka direga gore dingwe tsa diponelopele tseno tota e ne e le “matlha a bakwadi ba a boneng ka go balela kwa morago mo lekgolong la bo4 la dingwaga BC le moragonyana.”14 Fa e le gore matlha ano a bonwe ka go balela kwa morago, a tota a ka ikanngwa ka botlalo go se na bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng?

Tota le fa phifalo ya ngwedi e ile ya direga ka letlha le le rileng, a seno se kaya gore tshedimosetso ya hisitori e mokwadi wa letlapanakwalelo a reng e diragetse ka letlha leo e boammaaruri? Ga se ka metlha go leng jalo. Mokanoki mongwe e bong R. J. van der Spek o tlhalosa jaana: “Batho ba ba neng ba kgobokanya tshedimosetso eno e ne e le balepadinaledi e seng borahisitori.” A re dikarolo tsa matlapanakwalelo tse di nang le dipego tsa hisitori “ke tshedimosetso e e sa tlhomamang,” e bile o tlhagisa gore tshedimosetso e e ntseng jalo ya hisitori e tshwanetse “go dirisiwa ka kelotlhoko.”15

Ke eng se mekwalo e se bontshang? Mma re sekaseke sekai sa VAT 4956. Mola wa ntlha mo letlapanakwalelong leno wa re: “Ngwaga wa bo37 wa ga Nebukadenesare, kgosi ya Babelona.”16 Go tswa foo, le na le ditlhaloso tse di feletseng tsa gore ngwedi le dipolanete di ne di eme fa kae fa di bapisiwa le dinaledi tse di farologaneng le digopa tsa dinaledi. Gape go kwadilwe ka phifalo e le nngwe ya ngwedi. Bakanoki ba re ditlhaloso tseo tsotlhe ke tsa se se diragetseng ka 568/567 B.C.E., se se ka rayang gore ngwaga wa bo18 wa ga Nebukadenesare II, fa a ne a senya Jerusalema, e ne e le 587 B.C.E. Mme a ditshupiso tseno tsa thutodinaledi di naya bosupi jo bo tlhatswang pelo ka ngwaga wa 568/567 B.C.E. fela?

Letlapanakwalelo leno le umaka phifalo ya ngwedi e fa go balwa go neng ga fitlhelwa gore e diragetse ka letsatsi la bo15 la kgwedi ya boraro ya Bababelona e e bidiwang Simanu. Ke boammaaruri gore phifalo nngwe ya ngwedi e ne ya direga mo kgweding eno ya Bababelona ka letsatsi le le tsamaisanang le July 4 (mo khalendareng ya ga Julius) ka 568 B.C.E. Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le phifalo e nngwe ya ngwedi dingwaga di le 20 moragonyana, ka July 15, 588 B.C.E.17

Fa e le gore ngwaga wa bo37 wa ga Nebukadenesare II e ne e le 588 B.C.E., go tla bo go raya gore ngwaga wa gagwe wa bo18 e ne e le 607 B.C.E.—one ngwaga o tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontshang gore Jerusalema o sentswe ka one! (Bona  lenaane la ditiragalo tsa botlhokwa le le fa tlase.) A mme VAT 4956 e naya bosupi jo bongwe jo bo tlhomamisang gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E.?

Kwantle ga phifalo e e umakilweng fa godimo, letlapanakwalelo leno le na le makgetlho a le 13 a mo go one go tlhalosiwang gore ngwedi o ne a eme fa kae, le a le 15 a a tlhalosang gore dipolanete di ne di eme fa kae fa di bapisiwa le dinaledi dingwe kgotsa digopa tsa dinaledi.18 Gape go na le makgetlho a le robedi a mo go one go umakwang dilekanyo tsa nako fa gare ga go tlhaba le go phirima ga letsatsi le go tlhaba le go phirima ga ngwedi.18a

E re ka kgang ya gore ngwedi o ne a eme fa kae e le yone e ka ikanngwang thata, babatlisisi ba ile ba sekaseka ka kelotlhoko makgetlho ano a le 13 a a mo go VAT 4956 a mo go one go tlhalosiwang gore ngwedi o ne a eme fa kae. Ba ile ba sekaseka tshedimosetso eo ba dirisa thulaganyo ya khomputara e e kgonang go bontsha gore dinaledi tsa legodimo di ne di eme fa kae  ka letlha le le rileng mo nakong e e fetileng.19 Patlisiso ya bone e ne ya senola eng? Le fa makgetlho ano a a bontshang gore ngwedi o ne a eme fa kae a sa tsamaisane otlhe le ngwaga wa 568/567 B.C.E., makgetlho otlhe a le 13 a tsamaisana le se ba se fitlheletseng malebana le gore ngwedi o ne a eme fa kae dingwaga di le 20 pele ga foo ka ngwaga wa 588/587 B.C.E.

Letlapanakwalelo le le bontshitsweng mo lebokoseng le le mo ditsebeng tseno le na le lengwe la makgetlho a mo go one go nang le tlhaloso ya gore ngwedi o ne a eme fa kae e e tsamaisanang botoka le ngwaga wa 588 B.C.E. go feta wa 568 B.C.E. Mo moleng wa bo3 mo letlapanakwalelong leo, re fitlhela gore ngwedi o ne a eme ka tsela e e rileng “mo bosigong jwa di9 [tsa Nisanu].” Le fa go ntse jalo, bakanoki ba ntlha ba ba ileng ba re tiragalo eno e diragetse ka 568 B.C.E. (ka 567 go ya ka thutodinaledi) ba ile ba dumela gore ka 568 B.C.E. ngwedi o ne a eme ka tsela eo ka “di8 tsa Nisanu e seng ka di9.” Go tshegetsa kgang ya gore letlapanakwalelo leno le bua ka tiragalo ya 568 B.C.E., ba ne ba tsaya gore mokwadi o ne a dirile phoso mme a kwala “9” mo boemong jwa “8.”20 Mme tsela e go tlhalosiwang ka yone mo moleng wa bo3 gore ngwedi o ne a eme fa kae e tsamaisana sentle le Nisanu 9 ya 588 B.C.E.21

Go bonala sentle gore bontsi jwa tshedimosetso ya thutodinaledi e e mo letlapanakwalelong la VAT 4956 e bontsha gore ngwaga wa bo37 wa ga Nebukadenesare II e ne e le 588 B.C.E. Ka jalo, seno se tshegetsa kgang ya gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E.—fela jaaka Baebele e bontsha.

Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Ikanya Baebele?

Gone jaanong bontsi jwa borahisitori ba e seng ba bodumedi ba dumela gore Jerusalema o ile a senngwa ka 587 B.C.E. Le fa go ntse jalo, bakwadi ba Baebele e bong Jeremia le Daniele ba bontsha sentle gore Bajuda ba ile ba ya botshwarwa ka dingwaga di le 70 e seng 50. (Jeremia 25:1, 2, 11; 29:10; Daniele 9:2) Tshedimosetso eo e tshegetsa ka botlalo kgang ya gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E. Jaaka bosupi jo bo fa godimo bo bontsha, tshwetso eo e tshegediwa ke metswedi mengwe ya tshedimosetso e e seng ya Baebele.

Baitse ba e seng ba bodumedi ba ile ba tsosa dipelaelo kgapetsakgapetsa malebana le gore a Baebele e boammaaruri. Le fa go ntse jalo, nako le nako fa go bonwa bosupi jo bo oketsegileng, bo supa gore Baebele e boammaaruri. * Ba ba ikanyang Baebele ba na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo. Ba theile se ba se dumelang mo bosuping jwa gore Baebele e boammaaruri mo dikgannyeng tsa hisitori, tsa saense le tsa boporofeti. Bosupi joo bo ba tlhotlheletsa go dumela gore Baebele e bua boammaaruri fa e re ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) Ke eng fa o sa sekaseke bosupi joo ka bowena? Le wena o ka nna wa dira tshwetso e e tshwanang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go tlhalosa matlha. Mo setlhogong seno, B.C.E. e kaya “Pele ga Motlha o o Tlwaelegileng [Before the Common Era].”

^ ser. 14 Ela tlhoko: Ga go ope wa baitse ba e seng ba bodumedi ba ba umakilweng mo setlhogong seno yo o dumelang gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E.

^ ser. 18 Dingwaga tse dikgosi tsa Babelona di neng di busa ka tsone di ne di balwa go simolola ka Nisane go fitlha ka Nisane. Fa kgosi e ne e ka swa pele e wetsa ngwaga wa yone wa go busa, motlhatlhami wa yone o ne a tsena mo pusong gore a wetse ngwaga wa kgosi e e suleng. Ngwaga oo o ne o tsewa e le ngwaga o motlhatlhami a tsenang mo pusong ka one mme a ise a tlhomiwe semolao. Ka jalo, ngwaga wa ntlha wa puso ya kgosi e ntšha o ne o simolola ka Nisane o o latelang.

^ ser. 21 Go na le matlapanakwalelo a dipego tsa madi a dingwaga tsotlhe tse go dumelwang gore ke tsa dikgosi tsa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona. Fa re kopanya dingwaga tse dikgosi tseno di busitseng ka tsone re bo re balela kwa morago go simolola ka kgosi ya bofelo ya Mmusomogolo o Mosha wa Babelona e bong Nabonidase, re fitlhela gore ngwaga o Jerusalema a sentsweng ka one ke 587 B.C.E. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono wa go bala matlha o ka nepa fa e le gore kgosi nngwe le nngwe e ne e tlhatlhama e nngwe go se na kgosi epe e e busang fa gare ga tsone.

^ ser. 36 Fa o batla dikai tse di tlhomameng, bona kgaolo 4 le 5 ya buka ya BibelaA Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Tšhate mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

DIPEGO TSA DITIRAGALO TSA KWA BABELONA—HISITORI E E SA FELELANG

Dipego tsa ditiragalo tsa kwa Babelona di tlhalosa ditiragalo tsa dingwaga di le 35 fela tsa motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona o go dumelwang gore o tsere dingwaga di ka nna 88.

NGWAGA O GO SA BEGWANG DITIRAGALO TSA ONE

NGWAGA O GO BEGILWENG DITIRAGALO TSA ONE

BM 21901

BM 21946

BM 35382

MOTLHA WA MMUSOMOGOLO O MOSHA WA BABELONA

BAPERESIA

Nabopolassar

Nebukadenesare II

Amel-Marduk

Nabonidase

Neriglissar

Labashi-Marduk

BM 25127

BM 22047

BM 25124

[Metswedi ya Ditshwantsho]

BM 21901 and BM 35382: Photograph taken by courtesy of the British Museum; BM 21946: Copyright British Museum; BM 22047, 25124, 25127: © The Trustees of the British Museum

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

TAYARI YA THUTODINALEDI YA BM 32238

Letlapanakwalelo leno le na le pego ya diphifalo tsa ngwedi, mme le kwadilwe morago ga phifalo ya bofelo e e diragetseng dingwaga di ka nna 400 morago ga ya ntlha. E re ka mokwadi a sa bona ditiragalo tseno tsotlhe, a ka tswa a dirisitse dipalo go bona gore diphifalo tsa bogologolo di diragetse leng. Ntle le fa go na le bosupi jo bongwe jo bo tlhomamisang ditshwetso tsa gagwe, dipalo tseno e ka se nne motswedi o o ikanyegang wa tshedimosetso ya tatelano ya ditiragalo.

[Motswedi wa Setshwantsho]

© The Trustees of the British Museum

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]

KE ENG SE TOTA SE KWADILWENG MO LETLAPANAKWALELONG LA VAT 4956?

Ke eng fa e le kgang ya moruthutha? Mola wa boraro wa letlapanakwalelo leno wa re mo “bosigong jwa di9” mo kgweding ya ntlha (Nisanu/Nisane), “ngwedi o ne a le sekgala sa kubita e le 1 kwa pele ga ß Virginis.” Le fa go ntse jalo, ka 1915 Neugebauer le Weidner ba ne ba kwala malebana le ngwaga wa 568 B.C.E. (o o ka kayang gore Jerusalema o sentswe ka 587 B.C.E.) ba re “ngwedi o ne a le sekgala sa kubita e le 1 kwa pele ga naledi eno ka Nisane 8, e seng ka Nisane 9.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Le fa go ntse jalo, ngwedi o ne a eme mo lefelong lone leo ka 588 B.C.E. ka Nisane 9, se se supang gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E.

A e tshwanetse go nna letsatsi la bo9 kgotsa la bo8?

(1) Jaaka go bontshitswe mo setshwantshong se se mo tsebeng e e fetileng, letshwao la Se-Akkad la palo ya 9 le bonala sentle.

(2) Fa Neugebauer le Weidner ba ne ba kwalolola mokwalo wa letlapanakwalelo leno la cuneiform ba ne ba fetola “9” ba mo dira “8.”

(3) Ntlha e e kwa tlase ke yone fela e e bontshang gore go ne go na le “9” mo mokwalong wa ntlhantlha.

(4) Tota le mo thanolong ya bone ya Sejeremane ba ne ba kwala “8.”

(5) Ka 1988, Sachs le Hunger ba ne ba gatisa mokwalo ono fela jaaka o ntse, o na le “9.”

(6) Le fa go ntse jalo, mo thanolong ya bone ya Seesemane, ba ne ba bontsha phetogo e e dirilweng, ba re go tsentswe “di9” ka “phoso mo boemong jwa: di8.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

bpk/​Vorderasiatisches Museum, SMB/​Olaf M. Teßmer

 [Lebokoso mo go tsebe 28]

Dintlha Tsa Setlhogo sa “Jerusalema wa Bogologolo o Sentswe Leng?—Karolo ya Bobedi”

1. Cuneiform ke mofuta wa mokwalo o mo go one mokwadi a neng a gatelela matshwao a a farologaneng mo letlapanakwalelong la letsopa le le metsi a dirisa pene e e motswi e e nang le ntlhana e e khutlotharo.

2. Assyrian and Babylonian Chronicles, e e kwadilweng ke A. K. Grayson, ya gatisiwa ka 1975, ya gatisiwa gape ka 2000, tsebe 8.

3. Motlha wa Mmusomogolo o Mosha wa Babelona o simologile ka lekgolo la bosupa B.C.E., fa Mmusomogolo wa Babelona o ne o busiwa ke losika lwa dikgosi lwa Bakaladia. Mmusi wa ntlha e ne e le Nabopolassar, rraagwe Nebukadenesare II. Motlha oo o ne wa fela fa kgosi ya bofelo, Nabonidase, a ne a thankgolwa mo pusong ke Kgosi Kurose wa kwa Peresia ka 539 B.C.E.

4. Neo-Babylonian Business and Administrative Documents, e e kwadilweng ke Ellen Whitley Moore, ya gatisiwa ka 1935, tsebe 33.

5. Archimedes, Volume 4, New Studies in the History and Philosophy of Science and Technology, “Observations and Predictions of Eclipse Times by Early Astronomers,” e e kwadilweng ke John M. Steele, ya gatisiwa ka 2000, tsebe 36.

6. Amel-Marduk 562-560 B.C.—A Study Based on Cuneiform, Old Testament, Greek, Latin and Rabbinical Sources. With Plates, e e kwadilweng ke Ronald H. Sack, ya gatisiwa ka 1972, tsebe 3.

7. Letlapanakwalelo la BM 80920 le la BM 58872 a dirilwe mo kgweding ya bonè le ya botlhano ya ngwaga o Evil-merodach a simolotseng go busa ka one. A gatisitswe ke Sack mo kgatisong ya Amel-Marduk 562-560 B.C.—A Study Based on Cuneiform, Old Testament, Greek, Latin and Rabbinical Sources. With Plates, tsebe 3, 90, 106.

8. Letlapanakwalelo le le kwa British Museum (BM 55806) ke la kgwedi ya bolesome ya ngwaga wa bo43.

9. Letlapanakwalelo la BM 75106 le la BM 61325 ke a kgwedi ya bosupa le ya bolesome ya ngwaga o go tsewang gore e ne e le one wa bofelo (wa bobedi) wa puso ya ga kgosi Evil-merodach. Le fa go ntse jalo, letlapanakwalelo la BM 75489 ke la kgwedi ya bobedi ya ngwaga o Neriglissar, motlhatlhami wa gagwe, a tseneng mo pusong ka one.—Catalogue of the Babylonian Tablets in the British Museum, Bolumo VIII, (Tablets From Sippar 3) e e kwadilweng ke Erle Leichty, J. J. Finkelstein, le C.B.F. Walker, ya gatisiwa ka 1988, tsebe 25, 35.

Catalogue of the Babylonian Tablets in the British Museum, Bolumo VII, (Tablets From Sippar 2) e e kwadilweng ke Erle Leichty le A. K. Grayson, ya gatisiwa ka 1987, tsebe 36.

Neriglissar—King of Babylon, e e kwadilweng ke Ronald H. Sack, ya gatisiwa ka 1994, tsebe 232. Kgwedi e e mo letlapanakwalelong ke Ajaru (kgwedi ya bobedi).

10. Akanya ka sekai sa ga Neriglissar. Mokwalo mongwe o o gabilweng mo dipegong tsa segosi wa re e ne e le “morwa Bêl-shum-ishkun,” e leng “kgosi ya Babelona.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Mokwalo o mongwe o bitsa Bêl-shum-ishkun o re ke “ngwana wa kgosi yo o botlhale.” Lefoko la puo ya ntlhantlha le le ranotsweng e le “ngwana wa kgosi” e leng rubû, gape ke sereto se se kayang “kgosi, mmusi.” E re ka go bonala sentle gore go na le tshedimosetso e e sa tsamaisaneng malebana le go busa ga ga Neriglissar le ga yo o busitseng pele ga gagwe e bong, Amel-Marduk, a “kgosi [eno] ya Babelona,” Bêl-shum-ishkun, e ka tswa e busitse ka lobaka lo lo rileng fa gare ga dikgosi tseno tse pedi? Moporofesa R. P. Dougherty o ne a dumela gore “bosupi jwa gore Neriglissar e ne e le wa losika lwa segosi bo ka se tlhokomologiwe.”—Nabonidus and Belshazzar—A Study of the Closing Events of the Neo-Babylonian Empire, e e kwadilweng ke Raymond P. Dougherty, ya gatisiwa ka 1929, tsebe 61.

11. Astronomical Diaries and Related Texts From Babylonia, Bolumo V, e e tlhabolotsweng ke Hermann Hunger, ya gatisiwa ka 2001, tsebe 2-3.

12. Journal of Cuneiform Studies, Bolumo 2, No. 4, 1948, “A Classification of the Babylonian Astronomical Tablets of the Seleucid Period,” e e kwadilweng ke A. Sachs, tsebe 282-283.

13. Astronomical Diaries and Related Texts From Babylonia, Bolumo V, tsebe 391.

14. Mesopotamian Planetary Astronomy-Astrology, e e kwadilweng ke David Brown, ya gatisiwa ka 2000, tsebe 164, 201-202.

15. Bibliotheca Orientalis, L N° 1/2, Januari-Maart, 1993, “The Astronomical Diaries as a Source for Achaemenid and Seleucid History,” e e kwadilweng ke R. J. van der Spek, tsebe 94, 102.

16. Astronomical Diaries and Related Texts From Babylonia, Bolumo I, e e kwadilweng ke Abraham J. Sachs, e weditswe le go tlhabololwa ke Hermann Hunger, ya gatisiwa ka 1988, tsebe 47.

 17. Babylonian Eclipse Observations From 750 BC to 1 BC, e e kwadilweng ke Peter J. Huber le Salvo De Meis, ya gatisiwa ka 2004, tsebe 186. Go ya ka VAT 4956, phifalo eno e ne ya diragala ka di15 tsa kgwedi ya boraro ya Bababelona, mo go kayang gore kgwedi ya Simanu e simolotse malatsi a le 15 pele ga foo. Fa e le gore phifalo eno e diragatse ka July 15, 588 B.C.E. go ya ka khalendara ya ga Julius, go tla bo go raya gore letsatsi la ntlha la kgwedi ya Simanu e ne e le June 30/July 1, 588 B.C.E. Ka jalo, go tla bo go raya gore kgwedi ya ntlha ya Bababelona (Nisanu) e simolotse ngwaga o mosha, dikgwedi di le pedi pele ga foo, ka May 2/3. Le fa ka tlwaelo ngwaga wa phifalo eno o ne o ka simolola ka April 3/4, letlapanakwalelo la VAT 4956 mo moleng wa bo6 la re go ne ga tsenngwa kgwedi e nngwe (mo khalendareng) morago ga kgwedi ya bolesome le bobedi (ya bofelo) ya (Addaru) ya ngwaga o o tlileng pele ga oo. (Letlapanakwalelo leno la re: “di8 tsa kgwedi ya XII2 [kgwedi ya bo13].”) Ka jalo, seno se ne sa dira gore ngwaga o mosha o se ka wa simolola go fitlha ka May 2/3. Ka ntlha ya lebaka leno, letlha la phifalo eno la 588 B.C.E. le dumalana sentle le tshedimosetso e e mo letlapanakwalelong.

18. Go ya ka kgatiso ya Berichte über die Verhandlungen der Königl. Sächsischen Gesellschaft der Wissenschaften zu Leipzig (Reports Regarding the Discussions of the Royal Saxonian Society of Sciences at Leipzig); Bolumo 67; May 1, 1915; mo setlhogong sa “Ein astronomischer Beobachtungstext aus dem 37. Jahre Nebukadnezars II” (An Astronomical Observer’s Text of the 37th Year Nebuchadnezzar II), e e gatisitsweng ke Paul V. Neugebauer le Ernst F. Weidner, tsebe 67-76, go na le makgetlho a le 13 a mo go one go tlhalosiwang gore ngwedi o ne a eme fa kae fa a bapisiwa le naledi nngwe kgotsa le segopa sa dinaledi. Gape ba dirile lenaane la makgetlho a le 15 a a tlhalosang gore dipolanete di ne di eme fa kae. (Tsebe 72-76) Le fa letshwao la mokwalo wa cuneiform la ngwedi le bonala sentle, mangwe a matshwao a maina a dipolanete le gore di ne di eme fa kae ga a bonale sentle. (Mesopotamian Planetary Astronomy—Astrology, e e kwadilweng ke David Brown, ya gatisiwa ka 2000, tsebe 53-57) Ka ntlha ya seo, ditlhaloso tsa gore dipolanete di ne di eme fa kae di ka fopholediwa le go tlhalosiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. E re ka go le motlhofo go bona gore ngwedi o ne a eme fa kae, go ka itsiwe ka nepo gore dinaledi tse dingwe tsa magodimo tse di umakilweng mo VAT 4956 e bile di amana le ngwedi di ne di eme fa kae ka matlha a a rileng.

18a. Makgetlho ano a mo go one go neng go lebiwa gore ngwedi o eme fa kae ke selekanyo sa nako, ka sekai, sa go tloga ka nako ya go phirima ga letsatsi go fitlha ka nako ya go phirima ga ngwedi ka letsatsi la ntlha la kgwedi le ka dinako tse dingwe tse pedi moragonyana mo kgweding eo. Bakanoki ba ile ba amanya dilekanyo tseno tsa nako le matlha a khalendara. (“The Earliest Datable Observation of the Aurora Borealis,” e e kwadilweng ke F. R. Stephenson le David M. Willis, mo kgatisong ya Under One Sky—Astronomy and Mathematics in the Ancient Near East, e e tlhabolotsweng ke John M. Steele le Annette Imhausen, ya gatisiwa ka 2002, tsebe 420-428) Bakanoki ba bogologolo ba ne ba tlhoka mofuta mongwe wa tshupanako gore ba kgone go lekanya nako jalo. Go lekanya nako jalo go ne go ka se ka ga ikanngwa. (Archimedes, Volume 4, New Studies in the History and Philosophy of Science and Technology, “Observations and Predictions of Eclipse Times by Early Astronomers,” e e kwadilweng ke John M. Steele, ya gatisiwa ka 2000, tsebe 65-66) Ka fa letlhakoreng le lengwe, go bona gore ngwedi o ne a eme fa kae fa a bapisiwa le dinaledi tse dingwe tsa magodimo go ne go dirwa ka nepo.

19. Fa go ne go sekasekwa go ne go dirisiwa thulaganyo ya khomputara ya thutodinaledi e e bidiwang TheSky6™. Mo godimo ga moo go ne go dirisiwa le thulaganyo ya mahala e e tseneletseng ya khomputara ya Cartes du Ciel/Sky Charts (CDC) le thulaganyo e e bontshang matlha e e neng e abilwe ke U.S. Naval Observatory. E re ka matshwao a mantsi a mokwalo wa cuneiform a gore dipolanete di ne di eme fa kae a ka fopholediwa le go tlhalosiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng, matshwao ano ga a ka a dirisiwa mo patlisisong eno go bona gore tayari eno ya thutodinaledi e ne e lebisitse mo ngwageng ofe.

20. Berichte über die Verhandlungen der Königl. Sächsischen Gesellschaft der Wissenschaften zu Leipzig (Reports Regarding the Discussions of the Royal Saxonian Society of Sciences at Leipzig); Bolumo 67; May 1, 1915; “Ein astronomischer Beobachtungstext aus dem 37. Jahre Nebukadnezars II, (-567/66)” (An Astronomical Observer’s Text of the 37th Year Nebuchadnezzar II), e e gatisitsweng ke Paul V. Neugebauer le Ernst F. Weidner, tsebe 41.

21. Mola wa boraro wa letlapanakwalelo la VAT 4956 wa re: “Ngwedi o ne a le sekgala sa kubita e le 1 [kgotsa didikerii di le 2] kwa pele ga ß Virginis.” Patlisiso e e umakilweng pelenyana e ne ya bontsha gore ka Nisanu 9, ngwedi o ne a le 2°04ʹ kwa pele ga naledi ya ß Virginis e bile a le 0° kwa tlase ga yone. Go ne go tsewa gore tshedimosetso eno e tsamaisana sentle.

[Tšhate mo go tsebe 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

VAT 4956 E SUPA GORE JERUSALEMA O SENTSWE KA NGWAGA OFE

—KA 587 B.C.E. KGOTSA KA 607 B.C.E.?

▪ Letlapanakwalelo leno le tlhalosa ditiragalo tsa thutodinaledi tse di diragetseng ka ngwaga wa bo37 wa puso ya ga Kgosi Nebukadenesare II.

▪ Nebukadenesare II o ne a senya Jerusalema ka ngwaga wa bo18 wa puso ya gagwe.—Jeremia 32:1.

Fa e le gore ngwaga wa bo37 wa puso ya ga Nebukadenesare II e ne e le 568 B.C.E., go raya gore Jerusalema o ne a senngwa ka 587 B.C.E.

610 B.C.E.

600

590

580

570

560

Fa e le gore ngwaga wa bo37 wa puso ya gagwe e ne e le 588 B.C.E., go raya gore Jerusalema o ne a senngwa ka 607 B.C.E., letlha le le bontshiwang ke tatelano ya ditiragalo tsa Baebele.

▪ VAT 4956 e supa ka tsela e e tlhatswang pelo gore Jerusalema o sentswe ka 607 B.C.E.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

Photograph taken by courtesy of the British Museum