Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Borre ba ka Dira Jang Gore ba Nne ba Atamalane le Bomorwaabone?

Borre ba ka Dira Jang Gore ba Nne ba Atamalane le Bomorwaabone?

 Borre ba ka Dira Jang Gore ba Nne ba Atamalane le Bomorwaabone?

“PAPA, ke eng fa o itse dilo tse dintsi jaana?” A mosimanyana wa gago o kile a go gakgamatsa ka go go botsa potso e e ntseng jalo? O tshwanetse wa bo o ile wa ikutlwa o le motlotlo go bo o le rre. Mme fa e le gore morwao o ile a dira se se fetang seo—a dirisa kgakololo ya gago e e botlhale mme ya mo solegela molemo—kwantle ga pelaelo o ile wa itumela le go feta. *Diane 23:15, 24.

Le fa go ntse jalo, a morwao o sa ntse a go rata jaaka pele? Kgotsa a fa a ntse a gola go lebega a sa tlhole a go tseela kwa godimo jaaka pele? O ka dira jang gore o nne o atamalane le morwao fa a ntse a gola? Sa ntlha, mma re sekaseke dingwe tsa dikgwetlho tse borre ba lebanang le tsone.

Dikgwetlho Tse Tharo Tse di Tlwaelegileng

1. GO SE NNE LE NAKO: Mo dinageng tse dintsi, borre ke bone ba ba berekang gore ba tlise madi mo lapeng. Gantsi tiro ya bone e dira gore ba fetse nako e ntsi ba seyo mo lapeng. Kwa mafelong mangwe, borre ba dirisa nako e nnye thata ba na le bana ba bone. Ka sekai, patlisiso ya bosheng jaana ya kwa Fora, e ne ya bontsha gore borre ba koo ba dirisa palogare ya metsotso e e kwa tlase ga 12 ka letsatsi, ba tlhokometse bana ba bone.

SE O KA AKANYANG KA SONE: O fetsa nako e kana kang o na le morwao? Mo bekeng e le nngwe kgotsa tse pedi tse di tlang, ke eng fa o sa kwale lobaka lwa nako yotlhe e o e fetsang o na le ene letsatsi le letsatsi? O ka nna wa gakgamadiwa ke go bona gore o fetsa nako e kana kang o na le ene.

2. GO SE TLHOMELWE SEKAO SE SE MOLEMO: Borre bangwe ba ne ba sa nne thata le borraabone fa ba sa ntse ba gola. Jean-Marie yo o nnang kwa Fora a re: “Ke ne ke sa bonane thata le Rre.” Seo se amile Jean-Marie jang? A re: “Se mpaketse mathata a ke neng ke ise ke tsamaye ke akanye ka one. Ka sekai, ke thatafalelwa ke go nna le metlotlo e e agang le bomorwaake.” Borre ba bangwe bone ba itse borraabone sentle mme ga ba na kamano e e molemo le bone. Philippe wa dingwaga di le 43 a re: “Rre o ne a fitlhela go le boima go mpontsha lorato. Seo se dirile gore le nna ke thatafalelwe ke go bontsha morwaake lorato mme ke tshwanelwa ke go dira ka natla gore ke lo mmontshe.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: A o akanya gore kamano e o nang le yone le rraago e ama tsela e o tshwarang morwao ka yone? A o bona o na le mekgwa e e molemo kgotsa e e bosula ya ga rraago? Ke efe eo?

3. GO SE NEWE KGAKOLOLO E E MOLEMO: Mo ditsong dingwe, rre ga a nne le seabe se se kalo mo go godiseng bana. Luca yo o goletseng kwa nageng nngwe e e kwa Yuropa Bophirima a re: “Kwa ke goletseng teng, batho ba ne ba dumela gore go  godisa bana ke tiro ya basadi.” Mo ditsong tse dingwe, borre ba kgothalediwa fela gore ba otlhaye bana ba bone ba gagamaditse letsogo. Ka sekai, George o goletse kwa nageng nngwe mo Afrika. A re: “Mo setsong sa gaetsho, borre ga ba tshameke le bana ba bone, ba boifa gore bana ba ka tloga ba ba telela. Ka jalo, ga ke bolo go palelwa ke go ipha nako ya go iketla fela le morwaake.”

SE O KA AKANYANG KA SONE: Mo lefelong la lona, go lebeletswe gore borre ba nne le seabe sefe? A ba rutilwe gore go godisa bana ke tiro ya basadi? A borre ba kgothalediwa gore ba bontshe bomorwaabone lorato kgotsa a go dira jalo go tsewa go tlhabisa ditlhong?

Fa e le gore o rre yo o lebaneng le kgwetlho e le nngwe kgotsa go feta mo dikgwetlhong tseno, o ka atlega jang? Akanya ka dikakantsho tseno tse di latelang.

Simolola fa Morwao A sa Le Mmotlana

Go lebega basimane ba eletsa go etsa borraabone. Ka jalo fa morwao a sa le monnye, sola keletso eo molemo. O ka dira seo jang? Mme o ka dira jang gore o nne le nako ya go nna le ene?

Fa go kgonega, dira gore morwao a bereke le wena mo ditirong tsa gago tsa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, fa e le gore o dira ditiro tsa mo lapeng, dira gore a go thuse. Naya morwao lofeelo lo lonnye kgotsa garawenyana. Ga go pelaelo gore morwao o tla itumelela go bereka le motho yo a mo tsayang e le mogaka, e bong rraagwe! Go ka nna ga lo tsaya nako e telele gore lo fetse tiro e lo e dirang; mme seo se tla nonotsha kamano ya lona e bile o tla bo o mo ruta mekgwa e e molemo ya go bereka. Bogologolo Baebele e ne ya kgothaletsa borre gore ba akaretse bana ba bone mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi le gore ba dirise dinako tseo go tlotla le bone le go ba ruta. (Duteronome 6:6-9) Kgakololo eo e sa ntse e le molemo le gompieno.

Mo godimo ga go bereka le morwao, iphe nako ya go tshameka le ene. Go tshameka mmogo ga go lo neye fela tshono ya gore lo nne le nako e e itumedisang. Dipatlisiso di bontsha gore gape fa borre ba tshameka le bana ba bone ba bannye, ba ba kgothaletsa gore ba lekeletse dilo le gore ba se ka ba boifa.

Fa rre le morwa ba tshameka mmogo, go nna le molemo o mongwe o o botlhokwa le go feta. Mmatlisisi mongwe e bong Michel Fize a re: “Fa rre le morwa ba tshameka mmogo, morwa o kgona go buisana le rraagwe ka tsela e e molemo.” Ka nako ya fa ba tshameka mmogo, rre a ka bontsha morwawe lorato ka mafoko le ka ditiro. Fa a dira jalo, o ruta morwawe gore le ene a ka bontsha lorato jang. André, rre yo o nnang kwa Jeremane a re: “Fa morwaake a ne a sa ntse a le monnye, gantsi re ne re tshameka mmogo. Ke ne ke tle ke mo tlamparele mme le ene o ne a ithuta go mpontsha lorato.”

Nako ya go robala le yone ke nako e ka yone rre a ka nonotshang lorato lo ene le morwawe ba ratanang ka lone. Ka metlha mmalele polelo nngwe mme o mo reetse fa a tlhalosa se a se itumeletseng le se se mo tshwentseng mo letsatsing leo. Fa o dira jalo o tla dira gore go nne motlhofo gore a tswelele a bua le wena fa a ntse a gola.

Nnang lo Dire Dilo Tse lo di Kgatlhegelang Mmogo

Basimane bangwe ba dingwaga tsa bolesome ba ka lebega ba se na kgatlhego fa borraabone ba leka go tlotla le bone. Fa go lebega e kete morwao o itlhokomolosa dipotso tsa gago, o se ka wa swetsa ka gore ga a batle go tlotla le wena ka tsela epe fela. Gongwe a ka nna a rata go tlotla le wena fa o ka fetola tsela e o buisanang le ene ka yone.

Rre mongwe yo o nnang kwa Fora e bong Jacques, o ne a tle a thatafalelwe ke go tlotla le morwawe e bong Jérôme. Mme go na le gore a pateletse morwawe go tlotla le ene, o ne a fetola tsela e a dirang dilo ka yone—o ne a tshameka kgwele ya dinao le ene. Jacques a re: “Fa re sena go ikatisa, re ne re nna mo bojannyeng re bo re ikhutsa go se kae. Gantsi ka nako eo morwaake o ne a mpulela mafatlha. Ke akanya gore kgang fela ya gore re ne re le mmogo le gore re ne re kgona go fetsa nako re le babedi fela, e ne ya dira gore re atamalane thata.”

Go tweng fa e le gore morwao ga a rate metshameko? André o gopola ka boitumelo nako e ene le morwawe ba neng ba tle ba nne mmogo ka yone ba lebeletse dinaledi. André a re: “Re ne re tle re phutholole ditulo tse di menwang re bo re di baya  kwa ntle mo phefong e e tsiditsana ya maitseboa. Go tswa foo re ne re nna mo go tsone re apere dikobo tse di bothito re bo re nwa tee re ntse re lebeletse loapi bosigo. Re ne re tle re tlotle ka Mmopi wa dinaledi le ka dilo tse di re amang. Tota re ne re tlotla ka sengwe le sengwe.”—Isaia 40:25, 26.

Go tweng fa e le gore ga o rate go dira dilo dingwe tse morwao a di kgatlhegelang? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa tshwanelwa ke go ipha nako ya go dira dilo tseo, le fa wena o sa di rate. (Bafilipi 2:4) Ian, yo o nnang mo Afrika Borwa, a re: “Ke ne ke rata metshameko thata mme morwaake e bong Vaughan o ne a sa e rate thata. O ne a rata difofane le dikhomputara. Ka jalo ke ne ka dira ka natla gore le nna ke kgatlhegele dilo tseo mme ka mo isa kwa bobogelong jwa difofane e bile ke ne ke tshameka le ene metshameko ya difofane ka khomputara. Ke akanya gore Vaughan o ne a kgona go bua le nna a phuthologile ka gonne re ne re dira dilo tse di itumedisang mmogo.”

Mo Thuse Gore a Itshepe

“Bona, Papa, bona!” A mosimanyana wa gago o ne a goa jalo ka boipelo ka gonne a kgonne go dira sengwe se sesha? Fa e le gore gone jaanong morwao o mo dingwageng tsa bolesome, a o sa ntse a tle a tle kwa go wena a phuthologile gore o mo akgole? Gongwe ga a tlhole a dira jalo. Mme gone o tlhoka go akgolwa gore a gole sentle.

Ela tlhoko sekao se Jehofa Modimo a se tlhomileng fa a ne a dirisana le mongwe wa bomorwawe. Fa Jesu a ne a tloga a simolola karolo ya botlhokwa ya botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, Modimo o ne a bolela phatlalatsa kafa a mo ratang ka teng, fa a ne a re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17; 5:48) Gone ke boammaaruri gore o tshwanetse go otlhaya le go ruta morwao. (Baefeso 6:4) A mme gape o senka ditshono tsa go mo akgolela dilo tse di molemo tse a di buang le tse a di dirang?

Banna bangwe ba fitlhela go le boima go akgola bana ba bone le go ba bontsha lorato. Ba ka tswa ba goletse mo malapeng a mo go one batsadi ba bone ba neng ba bua thata ka diphoso tsa bone go na le go ba akgolela dilo tse di molemo tse ba di fitlheletseng. Fa e le gore go ntse jalo ka wena, o tla tlhoka go nna o dira maiteko go thusa morwao gore a itshepe. O ka dira seo jang? Luca, yo o umakilweng pelenyana, ka metlha o bereka le morwawe wa dingwaga di le 15 e bong Manuel fa a dira ditiro tsa mo lapeng. Luca a re: “Ka dinako tse dingwe ke bolelela Manuel gore a simolole tiro nngwe le gore ke tla mo thusa fa a ntlhoka. Gantsi o kgona go dira tiro eo a le esi. Fa a kgona go e dira sentle o a kgotsofala mme seo se dira gore a itshepe. Fa a atlega ke a mo akgola. Mme fa a palelwa ke go dira sentle jaaka a ne a eleditse, le gone ke mmolelela gore ke anaanela maiteko a a a dirileng.”

Gape o ka dira gore morwao a itshepe ka go mo thusa go fitlhelela mekgele e megolwane mo botshelong. Mme go tweng fa e le gore morwao o fitlhelela mekgele ka iketlo go feta kafa o neng o ka rata ka teng? Kgotsa go tweng fa e le gore mekgele ya gagwe, le fa e se phoso, e farologane le e o neng o ka mo e tlhophela? Fa go ntse jalo, o ka nna wa tlhoka go sekaseka gape dilo tse o di lebeletseng mo go ene. Jacques, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ke leka go thusa morwaake gore a ipeele mekgele e a ka kgonang go e fitlhelela. Mme gape ke leka go tlhomamisa gore ke mekgele ya gagwe, e seng ya me. Go tswa foo ke ikgopotsa gore o tshwanetse go leka go fitlhelela mekgele ya gagwe mo lobakeng lo a ka lo kgonang lwa nako.” O tla thusa morwao go fitlhelela mekgele ya gagwe fa o mo reetsa a ntsha maikutlo a gagwe, o mo akgolela dilo tse a kgonang go di dira sentle e bile o mo kgothaletsa go se kgobiwe marapo ke dilo tse di mo paletseng.

Go bua boammaaruri fela, kamano ya lona e tla nna le mathata le dikgwetlho. Mme fa nako e ntse e ya, morwao a ka batla go nna a atamalane le wena. Ruri ke mang yo o ka se batleng go nna a atamalane le motho yo o mo thusang gore a atlege?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Le fa setlhogo seno se tlotla thata ka kamano e e tlhomologileng e borre ba nang le yone le bomorwaabone, tshedimosetso eno e dira gape le mo go borre le bomorwadiabone.