Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Makgetho—A o Tshwanetse go a Duela?

Makgetho—A o Tshwanetse go a Duela?

 Makgetho—A o Tshwanetse go a Duela?

BONTSI jwa batho ga ba rate go duela makgetho. Ba le bantsi ba akanya gore madi a bone a lekgetho a senngwa ke gore badiredi ba puso ga ba a dirise sentle, ba a dirisetsa go itsholegela molemo kgotsa ba a tsietsa. Mme bangwe ba gana go duela makgetho ka gonne madi ao a dirisediwa dilo tse di sa siamang. Fa banni ba kwa toropong nngwe kwa Botlhabagare ba tlhalosa tshwetso e ba e dirileng ya go gana go duela makgetho, ba ne ba re: “Ga re kitla re duelela marumo a ditlhobolo a a bolayang bana ba rona.”

Fa e sa le bogologolo go tlwaelegile gore batho ba ikutlwe jalo. Moeteledipele yo o sa tlholeng a tshela wa Mohindu e bong Mohandas K. Gandhi o ne a bolela jaana a tlhalosa lebaka la go bo segakolodi sa gagwe se sa mo letle go duela makgetho: “Motho yo o emang nokeng Naga e e tshegediwang ke sesole—e ka tswa e le ka tlhamalalo kgotsa e se ka tlhamalalo—o nna le seabe mo boleong joo. Mongwe le mongwe, a ka tswa a godile kana a le mosha, le ene o a leofa fa a ntsha makgetho go duelela ditshenyegelo tsa Naga.”

Ka tsela e e tshwanang, rafilosofi wa lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Henry David Thoreau o ne a bolela gore o gana go duela makgetho a a dirisediwang dintwa ka gonne a sa batle go ema nokeng ditiro tse di sa siamang. O ne a botsa jaana: “A moagi wa naga e e rileng o tshwanetse a letla motlhomamelao a mo direla ditshwetso tse a ka bong a itirela tsone go ya ka segakolodi sa gagwe? Fa go le jalo, ke eng fa mongwe le mongwe a na le segakolodi?”

Kgang eno e ama Bakeresete ka gonne Baebele e ruta sentle gore ba tshwanetse go nna ba na le segakolodi se se phepa mo dilong tsotlhe. (2 Timotheo 1:3) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Baebele gape e bontsha gore dipuso di na le thata ya go amogela makgetho. Ya re: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo [dipuso tsa batho], gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng. Jalo go na le lebaka le le patelelang gore lona lo nne mo taolong, e seng fela ka ntlha ya tšhakgalo eo mme le ka ntlha ya segakolodi sa lona. Gonne ke gone ka moo gape lo duelang makgetho; gonne ke batlhanka ba Modimo mo setšhabeng ba ba direlang boikaelelo jone jono ka metlha. Nayang botlhe ditshwanelo tsa bone, yo o tshwanetsweng ke lekgetho, lekgetho.”—Baroma 13:1, 5-7.

Ka ntlha ya lebaka leno, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itsege ka go duela makgetho le fa bontsi jwa madi ao a ne a dirisiwa mo bosoleng. Go ntse jalo le ka Basupi ba ga Jehofa gompieno. * Mme ke ka ntlha yang fa Mokeresete a duela makgetho le fa a dirisediwa dilo tse a sa dumalaneng le tsone? A Mokeresete o tshwanetse go itlhokomolosa segakolodi sa gagwe fa e le nako ya go duela lekgetho?

Makgetho le Segakolodi

Re lemoga gore mangwe a madi a makgetho a Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba laetswe go a ntsha a ne a dirisiwa mo bosoleng. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ntsha makgetho gore ba nne le segakolodi se se phepa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Gandhi le Thoreau ba ne ba re ba gana go  duela makgetho a a dirisiwang mo bosoleng ka gonne ba batla go nna le segakolodi se se phepa.

Ela tlhoko gore Bakeresete ba ne ba ikobela taelo e e mo go Baroma kgaolo 13, e se fela ka gonne ba sa batle go otlhaiwa mme gape e le “ka ntlha ya segakolodi sa [bone].” (Baroma 13:5) Ke boammaaruri gore segakolodi sa Mokeresete se mo tlhotlheletsa gore a duele makgetho le fa gone makgetho ao a tla dirisediwa dilo tse a sa di amogeleng. Gore re tlhaloganye kgang eno e e lebegang e ikganetsa, re tshwanetse go lemoga ntlha ya botlhokwa ka segakolodi sa rona, se e leng lentswe le le mo teng ga rona le le re bolelelang gore a se re se dirang se siame kgotsa se phoso.

Mongwe le mongwe o na le lentswe le le ntseng jalo, jaaka Thoreau a lemogile mme ga se gore le a ikanyega. E le gore re kgone go itumedisa Modimo, digakolodi tsa rona di tshwanetse go dumalana le melao ya gagwe ya boitsholo. Ka metlha re tshwanetse go dumalanya megopolo ya rona kgotsa tsela e re lebang dilo ka yone le ya Modimo, ka gonne dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo ga tsa rona. (Pesalema 19:7) Ka jalo, re tshwanetse ra leka go tlhaloganya tsela e Modimo a lebang dipuso tsa batho ka yone. O di leba jang?

Re ela tlhoko gore moaposetoloi Paulo o ne a bitsa dipuso tsa batho a re ke “batlhanka ba Modimo mo setšhabeng.” (Baroma 13:6) Seo se kayang? Seo se kaya gore ba dira gore go nne le thulaganyo e bile ba dira ditiro tse di solegelang batho molemo. Tota le dipuso tse di sa siamang gantsi di dira gore go nne le ditirelo tse di jaaka go tsamaisa poso, go ruta mo dikolong, go tima molelo le go tlhomamisa gore molao o a latelwa. Le fa gone Modimo a lemoga makoa a dipuso tseno tsa batho, o letlelela gore di tswelele di le teng ka lobaka lo lo rileng e bile o laela gore re duele makgetho go bontsha gore re tlotla thulaganyo ya gagwe ya go letla dipuso tse di ntseng jalo gore di buse batho.

Le fa go ntse jalo, Modimo o letleletse dipuso tsa batho go busa ka nakwana fela. Thato ya gagwe ke gore a emisetse dipuso tseno tsotlhe ka Bogosi jwa gagwe jwa kwa legodimong mme kgabagare a dirolole tshenyo yotlhe e dipuso tsa batho di e baketseng batho ka makgolokgolo a dingwaga. (Daniele 2:44; Mathaio 6:10) Fa go ntse go le jalo, Modimo ga a letlelela Bakeresete go dira ditiro tsa botlhokakutlo ka go gana go duela makgetho kgotsa ka ditsela tse dingwe.

Go tweng fa o sa ntse o dumela gore go duela makgetho a a dirisiwang mo ntweng ke boleo fela jaaka Gandhi a ne a dumela? Fela jaaka motho yo o kwa godimo ga thaba a kgona go bona lefelo sentle go feta ba ba fa tlase, Modimo o leba dilo ka tsela e e kwa godimo thata ga ya rona, ka jalo re ka baakanya tsela e re akanyang ka yone gore e tshwane le ya gagwe. Modimo o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.”—Isaia 55:8, 9.

A di Na le Taolo e e Feletseng?

Thuto ya Baebele ya gore go duelwe makgetho ga e kaye gore dipuso tsa batho di na le taolo e e feletseng mo babusiweng ba tsone. Jesu o ne a ruta gore Modimo o naya dipuso tseno taolo e e lekanyeditsweng fela. Fa Jesu a ne a bodiwa gore a go ya ka Modimo go siame go duela makgetho mo pusong ya Roma e e neng e busa ka nako eo, o ne a araba jaana: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Mareko 12:13-17.

Dipuso—tse di emelwang ke “Kaesara”—di dira  madi a tshipi le a pampiri di bo di thusa go tlhoma boleng jwa one. Ka jalo, go ya ka Modimo di na le tshwanelo ya go laela gore madi ao a duelwe e le lekgetho. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha gore ga go na setheo sepe sa batho se se ka newang “dilo tsa Modimo” e leng botshelo jwa rona le kobamelo ya rona. Fa melao ya batho kgotsa dilo tse ba di batlang mo go rona di sa dumalane le melao ya Modimo, Bakeresete ba “tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

Gompieno Bakeresete ba ka tswa ba tshwenngwa ke tsela e mangwe a madi a bone a makgetho a dirisiwang ka yone, mme ga ba leke go kgoreletsa kgotsa go tlhotlheletsa ditiro tsa puso ka go di ganetsa kgotsa go gana go duela makgetho. Go dira jalo go ne go tla bontsha gore ga ba ikanye tsela e Modimo a tla rarabololang mathata a batho ka yone. Go na le moo, ba leta ka bopelotelele nako e e tshwanetseng ya fa Modimo a tla bo a tsenelela mo dikgannyeng tsa batho ka puso ya Morwawe, Jesu, yo o neng a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.

Melemo ya go Latela Thuto ya Baebele

O ka bona melemo e le mentsi fa o latela thuto ya Baebele malebana le go duela makgetho. O tla tila kotlhao e e newang batho ba ba tlolang melao e bile o ka se nne o le mo poifong ya gore o tla tshwarwa. (Baroma 13:3-5) Sa botlhokwa le go feta, o tla nna o na le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo e bile o tla mo tlotla ka go ikobela melao. Tota le fa o ka se nne le madi a mantsi fa o bapisiwa le batho ba ba sa dueleng makgetho kgotsa le ba ba tsietsang fa ba a duela, o ka ikanya tsholofetso ya Modimo ya gore o tla tlhokomela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Mokwadi wa Baebele e bong Dafide o ne a re: “Nkile ka bo ke le lekau, jaanong ke tsofetse, mme le fa go ntse jalo ga ke ise ke bone ope yo o siameng a tlogetswe gotlhelele, le fa e le bana ba gagwe ba batla senkgwe.”—Pesalema 37:25.

Sa bofelo, go tlhaloganya le go latela taelo ya Baebele ya gore re duele makgetho go tla dira gore o nne le kagiso ya mogopolo. Modimo ga a go bone molato ka ditiro tsotlhe tsa puso tse di duelelwang ka makgetho a o a ntshang, fela jaaka molao o ka se go bone molato ka se mong wa ntlo e o e hirileng a se dirang ka madi a rente a o a duelang. Pele monna mongwe yo o bidiwang Stelvio a ithuta boammaaruri jwa Baebele, o ne a fetsa dingwaga a leka go tlisa diphetogo kwa borwa jwa Yuropa ka dipolotiki. O ne a tlhalosa jaana lebaka la go bo a ile a tlogela go dira jalo: “Ke ile ka tshwanelwa ke go amogela gore motho a ka se kgone go tlisa tshiamiso, kagiso le kutlwano mo lefatsheng. Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo ka kgonang go dira gore go nne le batho ba ba botoka mo lefatsheng lotlhe.”

Jaaka Stelvio, fa ka boikanyegi o ‘duela Modimo dilo tsa Modimo,’ le wena o ka tlhomamisega fela jalo. O tla bo o le teng ka nako ya fa Modimo a tla bo a dira gore go nne le puso ya tshiamo mo lefatsheng lotlhe, a dirolola tshenyo le tshiamololo tse di bakilweng ke puso ya motho.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Fa o batla tshedimosetso malebana le pego ya kafa Basupi ba ga Jehofa ba duelang makgetho ka gone, bona Tora ya Tebelo ya November 1, 2002, tsebe 13, serapa 15 le May 1, 1996, tsebe 17, serapa 7.

[Mafoko a a mo go tsebe 22]

Re tshwanetse go dumalanya tsela e re lebang dilo ka yone le ya Modimo ka gonne dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo ga tsa rona

[Mafoko a a mo go tsebe 23]

Fa Bakeresete ba duela makgetho, ba nna le segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo e bile ba bontsha gore ba a mo ikanya gore o tla ba naya dilo tse ba di tlhokang

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

“Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Copyright British Museum