Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gaufi le Thaba ya Molelo

Gaufi le Thaba ya Molelo

 Lekwalo le le Tswang Kwa Congo (Kinshasa)

Gaufi le Thaba ya Molelo

FA LETSATSI le ntse le tlhaba mo toropong ya Goma, loapi lo nna mmala o o pinki le wa namune. Letsatsi le letsatsi fa re tsoga re bona bontle jwa Thaba ya Nyiragongo, e e leng lengwe la makgwamolelo a a thunyang gantsi go feta a mangwe mo lefatsheng. Leru la mosi le nna le tlhatloga go tswa mo teng ga lekgwamolelo. Fa go nna bosigo leru leno la mosi le a hibila, le tsaya mmala wa seretse se se fisang se se mo teng ga lekgwamolelo.

Ka Se-Swahili, thaba eno e bidiwa Mulima ya Moto—Thaba ya Molelo. La bofelo fa Thaba ya Nyiragongo e ne e thunya ka selekanyo se segolo e ne e le ka 2002. Bontsi jwa baagelani le ditsala tsa rona mo Goma ba ne ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe. Mo mafelong mangwe a nna le monna wa me re rerang mo go one, re tsamaya mo godimo ga seretse se se omeletseng se se makokoma sa lekgwamolelo, mme seo se dira gore ke akanye kafa go tsamaya mo ngweding go ka tswang go ntse ka teng. Batho ba koo ga ba tshwane le seretse seno se se omeletseng. Ba matlhagatlhaga, ba na le dipelo tse di bonolo tse di iketleeleditseng go amogela dikgang tse di molemo tse re di rerang. Seo se dira gore go rera gaufi le Thaba ya Molelo e nne tiro e e itumedisang.

Moso mongwe ka Matlhatso ke ne ka tsoga ke lebeletse pele mo letsatsing leo. Nna le monna wa me le ditsala tsa rona tse di neng di re etetse mmogo le barongwa ka rona, re ne re tlile go tlhola letsatsi lotlhe re rera mo kampeng ya batshabi kwa Mugunga kwa bophirima jwa toropo. Batho ba le bantsi ba ba nnang fano ba tshabile kwa metseng ya bone ba tshaba go tlhaselwa setlhogo.

Re ne ra tsenya dibuka tsa Baebele tsa Sefora, Kiswahili (Se-Swahili) le Se-Kinyarwanda mo loring. Go tswa foo re ne ra tsena mo tseleng. Fa re ntse re tsamaya mo tseleng e e makokoma ya Route Sake, motse o ne wa simolola go tlhanasela. Makawana a ne a setse a kgorometsa di-chukudu (dikuta tse di itiretsweng ka logong tse di thothang dilwana) tse di rwesitsweng bokete. Basadi ba ne ba ithathile ka matsela a mebala e e galotseng mme ba tsamaya ka tsela e e kgatlhang fa thoko ga tsela ba rwele merwalo e megolo mo ditlhogong. Dithekisi di ne di ya kwa le kwa di isa batho kwa tirong le kwa mmarakeng. Kgaolo eo e na le matlo a a katologaneng a logong a a takilweng mmala o morokwa le o montsho e bile a kgabisitswe ka bobududu.

Re ne ra goroga kwa Holong ya Bogosi ya kwa Ndosho kwa re neng re tlile go kopana teng le Basupi ba bangwe ba ga Jehofa ba ba neng ba tla tsamaya le rona go ya go rera kwa kampeng. Ke ne ka amiwa maikutlo ke go bona basha, batlholagadi, masiela le batho ba ba bokoa mo mmeleng. Ba le bantsi ba bone ba ne ba kile ba boga thata mme ba tokafatsa matshelo a bone ka go tlhopha go latela melaometheo ya Baebele. Tsholofelo e e theilweng mo Baebeleng e phatsima mo dipelong tsa bone mme ba iketleeleditse go bolelela ba bangwe ka yone. Morago ga pokano e khutshwane e mo go yone re neng  re newa dikakantsho tsa gore ke ditemana dife tsa Baebele tse di ka kgothatsang batho ba re kopanang le bone, re ne ra tswa re le 130 ka dikhombi di le tlhano le lori e e gogang ka maotwana a le manè.

Re ne ra goroga kwa kampeng morago ga metsotso e le 30. Go ne go tlhomilwe ditentenyana tse ditshweu di le makgolokgolo mo lebaleng le le apesitsweng ke seretse se se omeletseng sa lekgwamolelo. Fa gare ga kampa go ne go na le mela e e bothakga ya matlwana a botlhe a boithomelo le mafelo a batho ba tlhatswetsang mo go one. Go ne go na le batho gongwe le gongwe—ba tlhatswa, ba apaya, ba obola dinawa kgotsa ba feela fa pele ga ditente tsa bone.

Re ne ra kopana le monna yo o bidiwang Papa Jacques yo o neng a okametse karolo nngwe ya kampa. O ne a tshwenyegile thata ka go godisa bana ba gagwe mo metlheng eno ya mathata. O ne a itumela fa re mo naya buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, a bo a re a ka rata go e bala go tswa foo a bo a phutha batho ka ditlhotshwana gore a ba bolelele se a se ithutileng.

Fa re ntse re tsamaya re ne ra kopana le mosadi yo o bidiwang Mama Beatrice. O ne a re botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letlelela pogo. O ne a akanya gore Modimo o tshwanetse a bo a mo otlhaya. Monna wa gagwe o ne a bolailwe kwa ntweng, morwadie e ne e le motsadi yo o esi yo o sokolang ka go godisa ngwana wa gagwe kwa kampeng mme morwawe o ne a tserwe ka dikgoka dikgwedi di se kae pele ga foo. O ne a sa itse kwa a leng teng.

Dikgang tse di botlhoko tsa ga Mama Beatrice di ne tsa nkgopotsa kafa Jobe a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka teng fa a ne a bolelelwa dikgang tsotlhe tse di botlhoko. Re ne ra mmontsha mabaka a go bo batho ba boga ra bo ra mo tlhomamisetsa gore ga a boge ka gonne a otlhaiwa ke Modimo. (Jobe 34:10-12; Jakobe 1:14, 15) Gape re ne ra mmolelela ka diphetogo tse Modimo a tla tlogang a di tlisa mo lefatsheng ka Bogosi jwa gagwe. O ne a simolola go nyenya mme a re o iketleeleditse go tswelela a ithuta Baebele le go rapela Modimo gore a mo thuse.

Mongwe le mongwe mo setlhopheng o ne a itumeletse letsatsi leo, mme rotlhe re ne re akanya gore ruri Jehofa o ne a re thusitse go naya batho ba re neng re kopana le bone tsholofelo le go ba kgothatsa. Fa re tswa mo kampeng banni ba le bantsi ba lefelo leo ba ne ba tsholetsa dipampitshana tsa bone, dimakasine le dibuka fa ba ntse ba re laela.

Mosepele wa go boela gae o ne wa re naya tshono ya go tlhatlhanya ka se se diregileng. Ke ne ke itumeletse thata letsatsi leo le le kgethegileng. Ke ne ka gopola tsela e Papa Jacques a neng a anaanela ka yone, tsela e sefatlhego sa ga Mama Beatrice se neng sa phuthologa ka yone le tsela e mosadimogolo mongwe a neng a ntshwara ka letsogo ka yone mme a sa bue sepe le nna fa e se go nyenya fela. Ke ne ka gopola basha ba dingwaga tsa bolesome ba ba neng ba botsa dipotso tse di utlwalang e bile tlhaloganyo ya bone e fetile dingwaga tsa bone. Ke ne ke kgatlhiwa ke batho ba ba neng ba sa ntse ba kgona go nyenya le go tshega le fa ba ne ba boga ka tsela e e botlhoko.

Mo nageng eno, go na le batho ba bangwe ba bantsi ba ba lekang ka bopeloephepa go thusa batho ba ba bogang. Mo letsatsing leo re ne re nnile le tshiamelo e kgolo ya go dirisa Baebele go bontsha batho tharabololo ya leruri ya mathata a bone. Ruri ke itumelela go tsenya letsogo mo letsholong leno le legolo go gaisa otlhe a a kileng a nna gone, letsholo la go namola batho semoyeng.