Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho Lives

Baebele e Fetola Matshelo a Batho Lives

KE KA ntlha yang fa monna mongwe yo o kileng a bo a nyetse lefufa e bile a ganetsa Basupi ba ga Jehofa a ile a nna Mosupi? Ke eng se se dirileng gore moruti wa Kereke ya Pentekosete a fetole tumelo ya gagwe? Ke eng se se neng sa thusa mosadi yo o neng a godisitswe botlhoko gore a fenye boikutlo jwa go se ithate mme a atamalane le Modimo? Ke ka ntlha yang fa morati wa mmino wa roko wa heavy-metal a ile a nna modiredi wa bodumedi? Bala dipego tseno gore o bone dikarabo.

“Jaanong ke Rralelapa yo o Botoka.”—RIGOBERT HOUETO

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1941

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: BENIN

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A NYETSE LEFUFA, A GANETSA BASUPI BA GA JEHOFA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Cotonou, toropo e kgolo ya kwa Benin. Ke godile ke le Mokatoliki mme ke ne ke sa ye kerekeng ka metlha. Bakatoliki ba le bantsi ba kwa ke goletseng teng ba ne ba nyetse lefufa ka gonne go dira jalo go ne go letleletswe kafa molaong mo metlheng eo. Ke ne ka felela ke nyetse basadi ba le banè.

Fa go ne go nna le dikhuduego tse di tlisang diphetogo ka bo1970, ke ne ke akanya gore di tla solegela naga ya rona molemo. Ke ne ka tshegetsa dikhuduego tseo ka botlalo mme ka nna le seabe mo dipolotiking. Batlisadiphetogo ba ne ba sa rate Basupi ba ga Jehofa ka gonne Basupi ba ne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking. Ke ne ke le mongwe wa batho ba ba neng ba bogisa Basupi. Fa barongwa ba Basupi ba ne ba lelekiwa mo nageng eno ka 1976, ke ne ke tlhomamisegile gore ga ba kitla ba tlhola ba boa gape.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Dikhuduego di ne tsa fela ka 1990. Ke ne ka jewa ke kgakge fa barongwa ba Basupi ba ne ba boa gape moragonyana. Ke ne ka simolola go akanya gore gongwe Modimo o na le batho bano. Mo e ka nnang ka yone nako eo ke ne ka ya go bereka go sele. Mongwe wa badirikanna mo tirong e ntšha e ne e le Mosupi mme go ise go ye kae o ne a mpolelela se a se dumelang. O ne a mpontsha ditemana tsa Baebele tse di bontshang gore Jehofa ke Modimo yo o lorato le yo o tshiamiso. (Duteronome 32:4; 1 Johane 4:8) Ke ne ka kgatlhiwa ke dinonofo tseo. Ke ne ke batla go ithuta mo go oketsegileng ka ga Jehofa, ka jalo ke ne ka dumela go tshwarelwa thuto ya Baebele.

Go ise go ye kae, ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka kgatlhiwa ke go bona kafa ba ratanang ka lorato lwa mmatota ka teng—ba ne ba sa tlhaolane ka lotso kgotsa ka maemo a bone mo setšhabeng. Fa ke ntse ke kopanela le Basupi ke ne ka lemoga gore bano ke balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri.—Johane 13:35.

Ke ne ka swetsa ka gore fa ke batla go direla Jehofa, ke ne ke tla tshwanelwa ke go tlogela Kereke ya Katoliki. Go ne go se motlhofo go dira jalo ka gonne ke ne ke boifa gore batho ba tla reng. Morago ga lobaka lo loleele, ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka nna pelokgale mme ka tlogela kereke.

 Go ne go na le phetogo e nngwe gape e kgolo e ke neng ke tshwanetse go e dira. Fa ke ithuta Baebele ke ne ka utlwa gore Modimo ga a amogele go nyala lefufa. (Genesise 2:18-24; Mathaio 19:4-6) Lenyalo la me la ntlha e ne e le lone fela le Modimo a le amogelang. Ka jalo ke ne ka kwadisa lenyalo le mosadi wa me wa ntlha, ka tlogela ba bangwe mme ka rulaganya gore ba nne le dilo tse ba tla di tlhokang. Fa nako e ntse e tsamaya, basadi ba le babedi ba pele e neng e le basadi ba me ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Le fa mosadi wa me e sa ntse e le Mokatoliki, o tlotla tshwetso ya me ya go direla Jehofa. Nna le ene re dumela gore jaanong ke rralelapa yo o botoka.

Ke ne ke tle ke akanye gore nka kgona go tokafatsa setšhaba sa gaetsho ka dipolotiki, mme maiteko ao a ne a itaya sefololetse. Jaanong ke bona gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela bo tla rarabololang mathata a batho. (Mathaio 6:9, 10) Ke leboga Jehofa go bo a ile a mpontsha gore nka dira jang gore ke tshele botshelo jo bo itumedisang tota.

“Go ne Go se Motlhofo go Dira Diphetogo Tse ke Neng ke Tlhoka go di Dira.”—ALEX LEMOS SILVA

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1977

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: BRAZIL

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MORUTI WA PENTEKOSETE

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa karolong e e kwa thoko ya Itu kwa Kgaolong ya São Paulo. Karolo eno ya toropo e ne e itsege ka bokebekwa jo bontsi.

Ke ne ke rata ntwa thata e bile ke se na boitsholo jo bo siameng. Mo godimo ga moo, ke ne ke le mo kgwebong ya diokobatsi. Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka lemoga gore go tshela botshelo jo bo ntseng jalo go ne go tla felela ka gore ke ye kgolegelong kgotsa kwa lebitleng, ka jalo ke ne ka bo tlogela. Go tswa foo ke ne ka tsena Kereke ya Pentekosete mme kgabagare ka nna moruti.

Ke ne ke akanya gore tota ke ne nka thusa batho ka go direla mo kerekeng. Tota e bile ke ne ka gasa lenaneo la bodumedi mo radiong ya setšhaba mme ka itsege thata mo lefelong leo. Mme fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore kereke ka kakaretso e ne e sa amege ka gore maloko a yone a tshele sentle—e bile e ne e sa amege ka go tlotla Modimo. Ke ne ke akanya gore kereke e ne e batla fela go dira madi. Ke ne ka swetsa ka gore ke tlogele kereke.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ka yone nako eo ke ne ka lemoga gore ba farologane le madumedi a mangwe. Ke ne ka kgatlhiwa ke dilo tse pedi. Sa ntlha, Basupi ba ga Jehofa ga ba bue fela ka go rata Modimo le moagelani; ba a go dira. Sa bobedi, ga ba nne le seabe mo dipolotiking kgotsa mo dintweng. (Isaia 2:4) Dintlha tseo tse pedi di ne tsa ntlhatswa pelo gore tota ke bone bodumedi jwa boammaaruri—tsela e e pitlaganeng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:13, 14.

Ke ne ka lemoga gore fa ke batla go itumedisa Modimo, ke ne ke tla tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe tse dikgolo. Ke ne ke tshwanetse go tlhokomela lelapa la me go feta pele. Gape ke ne ke tshwanetse go ikokobetsa. Go ne go se motlhofo go dira diphetogo tse ke neng ke tshwanetse go di dira mme ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona.   Mosadi wa me o ne a kgatlhiwa thata ke diphetogo tseno. O ne a simolotse go ithuta Baebele pele ga me mme jaanong o ne a gatela pele ka bofefo mo thutong ya gagwe. Go ise go ye kae, nna le ene re ne ra swetsa ka gore re batla go nna Basupi ba ga Jehofa. Re ne ra kolobediwa ka letsatsi le le lengwe.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Nna le mosadi wa me re itumelela go thusa bana ba rona ba bararo gore ba nne le kamano e e atamalaneng le Jehofa. Re lelapa le le itumetseng. Ke leboga Jehofa go bo a nkgogetse mo boammaaruring jo bo mo Lefokong la gagwe, Baebele. Ruri e fetola matshelo a batho! Ke bone ka nna.

“Ke Ikutlwa ke le Phepa, Ke na Le Botshelo e Bile ke sa Tlhaele Sepe.”—VICTORIA TONG

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1957

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O GODISITSWE BOTLHOKO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa Newcastle, kwa New South Wales. Ke nna ngwana wa ntlha mo go ba le supa ba rre yo o ratang tirisodikgoka e bile a tshwakgotswe ke bojalwa le mmè yo o ratang tirisodikgoka. Mmè o ne a ntshotla ka go mpetsa le ka go mpuisa ka mafoko a a tlhabang. Gangwe le gape o ne a mpolelela gore ke bosula le gore ke ne ke tla tlhokofadiwa kwa molelong wa dihele. Seo se ne sa ntshosa fela thata.

Gantsi Mmè o ne a ntitaya botlhoko mo ke neng ke sa kgone go ya sekolong. Fa ke ne ke le dingwaga di le 11, ke ne ka tsewa mo batsading ba me ka isiwa pele kwa setheong sa puso mme moragonyana ka isiwa kwa lefelong la baitlami. Fa ke setse ke le dingwaga di le 14, ke ne ka tshaba kwa lefelong la baitlami. Ke ne ke sa batle go boela gae, ka jalo ke ne ka ya go nna mo mebileng ya kwa Kings Cross, e e kwa Sydney.

Fa ke ntse ke nna mo mebileng, ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi, go nwa bojalwa le go leba ditshwantsho tse di hepisang ka ba ka gweba ka mmele. Sengwe se se neng sa ntiragalela se ne sa ntshosa tota. Ke ne ke ntse ke nna mo foleteng ya mong wa tlelapa nngwe. Maitseboa mangwe banna bangwe ba babedi ba ne ba tla kwa go ene. O ne a re ke ye kwa kamoreng, mme ke ne ke kgona go ba utlwa fa ba ntse ba bua. Mong wa tlelapa o ne a rulaganya go nthekisetsa banna bano. Ba ne ba tlile go mphitlha mo sekepeng se se rwalang dithoto ba bo ba nkisa kwa Japane gore ke ye go bereka mo bareng. Ke ne ka tshoga, ka tlhaga ka fensetere e e kwa morago mme ka sia ka ya go kopa thuso.

Ke ne ka kopana le monna yo o neng a etetse mo Sydney mme ka mo tlhalosetsa boemo jwa me ke solofetse gore o tla mpha madi. Mo boemong jwa moo, o ne a re ke tsamaye le ene kwa a nnang teng gore ke kgone go tlhapa le go buga legaba. Mme ke ne ka feleletsa ke nna le ene. Re ne ra nyalana morago ga ngwaga.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka nna le maikutlo a a farologaneng. Ke ne ka tlala bogale fa ke ithuta gore Satane ke ene a bakang bosula; ke ne ke rutilwe gore Modimo ke ene a dirang gore re boge. Ke ne ka wela makgwafo fa ke utlwa gore ga a otlhaye batho mo molelong wa dihele, e leng thuto e e neng e sa bolo go ntshosa.

 Ke ne ke kgatlhiwa ke tsela e Basupi ba letlang ka teng gore Baebele e kaele ditshwetso tsotlhe tse ba di dirang. Ba tshela go ya ka se ba se dumelang. Ke ne ke le tlhogoethata mme go sa kgathalesege se ke neng ke se bua kgotsa ke se dira, Basupi ba ne ba mpontsha lorato le tlotlo.

Kgwetlho e kgolo e ke nnileng le yone e ne e le go ikutlwa ke se motho wa sepe. Ke ne ke sa ithate tota mme ka tswelela ke na le maikutlo ao lobaka lo loleele ke sena go kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ke itse gore ke rata Jehofa, le fa go ntse jalo ke ne ke tlhatswegile pelo gore o ne a ka se rate motho yo o tshwanang le nna.

Dingwaga di le 15 morago ga gore ke kolobediwe, dilo di ne tsa fetoga. Fa mokaulengwe mongwe a ne a neetse puo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, o ne a umaka Jakobe 1:23, 24. Ditemana tseo di tshwantsha Lefoko la Modimo le seipone se ka sone re kgonang go ipona ka tsela e Jehofa a re bonang ka yone. Ke ne ka simolola go ipotsa gore a tsela e ke itebang ka yone e farologane le e Jehofa a ntebang ka yone. Kwa tshimologong ke ne ke sa batle go amogela kgopolo eno e ntšha. Ke ne ke sa ntse ke dumela gore tota ke ne ke sa tshwanela go lebelela gore Jehofa a nthate.

Malatsi a se kae moragonyana ke ne ka bala temana e e neng ya fetola botshelo jwa me. Temana eo e ne e le Isaia 1:18 e mo go yone Jehofa a nopolwang a re: “Tlang jaanong, mme re tlhamalatseng dilo fa gare ga rona. . . . Le fa maleo a lona a ka nna jaaka bohibidu jo bo letlhololo, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko.” Ke ne ke utlwa e kete Jehofa o bua le nna a re: “Tlaa tlhe, Vicky, a re tlhamalatse dilo fa gare ga rona. Ke a go itse, ke itse maleo a gago, ke itse pelo ya gago—e bile ke a go rata.”

Ga ke a ka ka kgona go robala bosigo joo. Ke ne ke sa ntse ke belaela gore Jehofa a ka nthata, mme ke ne ka simolola go akanya ka setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Ka tshoganyetso ke ne ka lemoga gore Jehofa ga a bolo go nna pelotelele le nna, a mpontsha ka ditsela tse dintsi gore o a nthata. Le fa go ntse jalo, go ne go ntse jaaka e kete ke mo raya ke re: “Lorato lwa gago ga lo logolo gore o ka rata le nna tota. Setlhabelo sa Morwao ga se a lekana go bipa maleo a me.” Go ne go ntse jaaka e kete ke ne ke ntse ke sa amogele thekololo e e tswang kwa go Jehofa. Mme jaanong kgabagare ke ne ka tlhatlhanya ka mpho eno ya thekololo mme ka simolola go ikutlwa ke ratiwa ke Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Ke ikutlwa ke le phepa, ke na le botshelo e bile ke sa tlhaele sepe. Lenyalo la me le tokafetse mme ke itumelela gore nka kgona go dirisa maitemogelo a me go thusa batho ba bangwe. Ke ikutlwa ke atamalane thata le Jehofa.

“Eno e Ne e Le Yone Karabo ya Thapelo ya Me.”—SERGEY BOTANKIN

  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1974

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: RUSSIA

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MORATI WA MMINO WA ROKO WA HEAVY-METAL

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke tsholetswe kwa Votkinsk, e leng kwa go tsholetsweng gone motlhami yo o itsegeng wa mmino e bong Pyotr Ilich Tchaikovsky. Lelapa la rona le ne le humanegile. Rre o ne a na le dinonofo tse dintsi tse di molemo, le fa go ntse jalo o ne a tshwakgotswe ke bojalwa, ka jalo go ne go nna go se monate mo lapeng.

Ke ne ke sa dire sentle kwa sekolong mme fa dingwaga di ntse di ya ke ne ka simolola go itseela kwa tlase ga ba bangwe. Ke ne ka simolola go ikgogona mo  bathong e bile ke sa ba tshepe. Nako le nako fa ke ya sekolong ke ne ke ngomoga pelo. Ka sekai, fa ke ne ke tshwanelwa ke go bua fa pele ga tlelase, gantsi ke ne ke sa kgone le go tlhalosa dintlha tsa konokono tse ke neng ke kgona go di tlhalosa ka dinako tse dingwe. Fa ke ne ke aloga mo go grade 8, pego ya me ya sekolo e ne e kwadilwe jaana: “Ga a itse mafoko a mantsi, ga a kgone go itlhalosa.” Mafoko ao a ne a nkutlwisa botlhoko thata mme a dira gore ke ikutlwe ke se na mosola le go feta. Ke ne ka simolola go ipotsa gore ke tshelela eng.

Fa ke le mo dingwageng tsa bolesome, ke ne ka simolola go nwa bojalwa. Kwa tshimologong ke ne ke itumela fa ke nole bojalwa. Mme fa ke nwa thata segakolodi sa me se ne se ntshwenya. Botshelo jwa me bo ne bo lebega bo se na bokao. Ke ne ka simolola go ikutlwa ke tshwenyegile thata mo maikutlong go feta pele, ka dinako tse dingwe go ne go feta malatsi ke sa tswe mo ntlong. Ke ne ka simolola go akanya ka go ipolaya.

Fa ke nna dingwaga di le 20, ke ne ka thusiwa ke selo se sengwe gape mme e le ka nakwana fela. Ke ne ka simolola go rata mmino wa roko wa heavy-metal. O ne o nnaya maatla mme ka batla batho ba bangwe ba ba neng ba o reetsa. Ke ne ka godisa moriri, ka iphunya ditsebe ka bo ka apara jaaka bagaka ba mmino ba ke neng ke ba rata. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka simolola go nna botlhaswa le go nna bogale mme gantsi ke ne ke ngangisana le ba lelapa la me.

Ke ne ke akanya gore go reetsa mmino wa roko wa heavy-metal go ne go tla ntlisetsa boitumelo mme ga go a ka ga nna jalo. Ke ne ke fetoga motho o sele! Mme fa ke ne ke utlwalela dilo tse di maswe tse di neng di dirwa ke bagaka ba mmino ba ke ba ratang, ke ne ka kgobega marapo.

Ke ne ka akanya gape ka go ipolaya—jaanong ke go akanyetsa thata. Ke ne ka thibiwa fela ke go ipotsa gore Mmè o tla ikutlwa jang. O ne a nthata tota e bile o ne a ntiretse dilo di le dintsi. Go ne go le thata. Ke ne ke sa batle go tswelela ke tshela mme ke ne ke sa kgone go ipolaya.

Ke ne ka itebatsa mathata ka go bala dibuka tsa maemo a a kwa godimo tsa ditlhamo tsa Se-Russia. Polelo nngwe e ne e bua ka mogaka yo o neng a direla mo kerekeng. Ka tshoganyetso ke ne ka ikutlwa ke na le keletso e kgolo ya go direla Modimo le batho ba bangwe. Ke ne ka tshololela Modimo mafatlha ka thapelo, e le sengwe se ke neng ke ise ke tsamaye ke se dire. Ke ne ka kopa Modimo gore a mpontshe gore nka dira jang gore ke tshele botshelo jo bo nang le bokao. Fa ke ntse ke rapela jalo ke ne ka ikutlwa ke imologile ka tsela e e gakgamatsang. Mme se se neng sa direga morago ga moo se ne sa gakgamatsa le go feta. Diura di le pedi fela morago ga moo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a nketela mme a ithaopela go nthuta Baebele. Ke dumela gore eno e ne e le yone karabo ya thapelo ya me. Ke ne ka simolola go tshela botshelo jo bosha jo bo itumedisang mo letsatsing leo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Le fa go ne go le thata, ke ne ka latlha dilo tsotlhe tsa me tse di neng di amana le mmino wa roko wa heavy-metal. Le fa go ntse jalo, ke ile ka nna ke gopola mmino ono ka lobaka lo loleele. Nako le nako fa ke feta mo lefelong lengwe go lediwa mmino oo ke ne ke gopola kafa ke neng ke tshela ka gone pele. Mme ke ne ke sa batle gore dikgopolo tseo tse di bosula di ntiteye tsebe ka gonne dilo tse ke neng ke di ithuta mo Baebeleng di ne di ntlhotlheletsa ka tsela e e siameng. Ka jalo, ke ne ka swetsa ka gore ke se ka ka feta fa mafelong a a ntseng jalo. Mme fa go ne go direga gore ke akanye ka dilo tse di fetileng, ke ne ke rapela ka tlhoafalo. Go dira jalo go ne ga nthusa gore ke nne le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:7.

Fa ke ntse ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore Bakeresete ba tshwanetse go bolelela ba bangwe ka se ba se dumelang. (Mathaio 28:19, 20) Ke ne ke akanya gore nka se kgone go dira jalo. Go ntse go le jalo, dilo tse disha tse ke neng ke di ithuta di ne di dira gore ke itumele thata mme ke nne le kagiso ya mogopolo. Ke ne ke itse gore batho ba bangwe le bone ba ne ba tshwanetse go rutiwa dithuto tseno tsa boammaaruri. Le fa ke ne ke le boi, ke ne ka simolola go bolelela ba bangwe ka se ke neng ke se ithuta. Se se gakgamatsang ke gore, fa ke ntse ke bolelela ba bangwe ka Baebele, seo se ne sa dira gore ke itshepe. Gape se ne sa dira gore dilo tse disha tse ke neng ke di dumela di nwelelele mo pelong ya me.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Jaanong ke na le lenyalo le le itumetseng mme ke ile ka itumelela go thusa batho ba le mmalwa go ithuta Baebele go akaretsa nnake le mmè. Go direla Modimo le go thusa ba bangwe gore ba ithute ka ene go ne ga dira gore botshelo jwa me bo nne le bokao jwa mmatota.