Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Ditsela Tsa Go Bona Boitumelo mo Lelapeng

Go Dirisana le Molekane wa Gago ka Tlotlo

Go Dirisana le Molekane wa Gago ka Tlotlo

Will * a re: “Fa Rachel a kgopisegile, o nnela go lela. Fa re tlotla ka se se mo kgopisitseng, o a tenega go seng jalo o a ngala. Go lebega go se na sepe se se thusang. E kete nka latlhela seditse.”

Rachel a re: “Fa Will a goroga mo lapeng, o ne a mphitlhela ke lela. Ke ne ka leka go mo tlhalosetsa gore ke kgopisitswe ke eng, mme o ne a ntsena ganong. O ne a nthaya a re e ne e se kgang e e masisi go le kalo, le gore ke tshwanetse go lebala ka kgang eo. Seo se ne sa nkgopisa le go feta.”

A O A tle o ikutlwe jaaka Will kgotsa Rachel? Mongwe le mongwe wa bone o batla go buisana le yo mongwe, mme gantsi ba feleletsa ba galefelana. Ka ntlha yang?

Banna le basadi ga ba ntshe maikutlo ka tsela e e tshwanang, mme ba tlhoka dilo tse di farologaneng. Mosadi a ka tswa a batla go ntsha maikutlo a gagwe ka tshosologo gangwe le gape. Mme banna ba le bantsi bone ba leka go dira kagiso ka go rarabolola mathata ka bonako le go tila dikgotlhang. Ka jalo, o ka fenya jang dilo tseno tse lo sa tshwaneng ka tsone mme wa buisana le monna kgotsa mosadi wa gago? Ka go dirisana le molekane wa gago ka tlotlo.

Motho yo o tlotlang ba bangwe o ba tsaya ba le botlhokwa e bile o leka go tlhaloganya maikutlo a bone. Fa o ne o sa le ngwana, o ka tswa o ile wa ithuta go tlotla batho ba ba nang le taolo kgotsa ba ba nang le maitemogelo go go feta. Le fa go ntse jalo, mo lenyalong kgwetlho e o lebaneng le yone ke go tlotla mongwe yo o batlileng o lekana le ene—molekane wa gago. Linda, yo o nang le dingwaga di le robedi a nyetswe, a re: “Ke ne ke itse gore Phil o reetsa ka bopelotelele le ka bopelotlhomogi fa motho ope o sele a bua le ene. Ke ne ke batla gore a nne pelotlhomogi jalo le fa a bua le nna.” O ka tswa o reetsa ka bopelotelele e bile o buisana ka tlotlo le ditsala tsa gago tota le batho ba o sa ba itseng. A mme o bontsha go amega fela jalo fa o buisana le molekane wa gago?

Fa banyalani ba sa tlotlane ga go nne monate mo lapeng e bile go ka nna le dikgotlhang tse di botlhoko. Mmusi mongwe yo o botlhale o ne a re: “Legogo le le omeletseng la senkgwe fa le jewa mo go nang le kagiso le tidimalo le botoka go na le dijo tse dintsi tse di jewang kwa batho botlhe ba ngangisanang teng.” (Diane 17:1, Contemporary English Version) Baebele e laela monna gore a dirisane le mosadi wa gagwe ka tlotlo. (1 Petere 3:7)   “Mosadi” le ene “o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baefeso 5:33.

Lo ka buisana jang ka tsela e e bontshang tlotlo? Akanya ka kgakololo e e mosola e e mo Baebeleng.

Fa Molekane wa Gago a Batla go Bua Sengwe

Kgwetlho:

Batho ba le bantsi ba rata go bua go na le go reetsa. A o mongwe wa bone? Baebele ya re motho ope yo o ‘fetolang kgang pele a e utlwa’ ke seeleele. (Diane 18:13) Ka jalo, pele o bua, reetsa. Ka ntlha yang? Kara, yo o nang le dingwaga di le 26 a nyetswe a re: “Nka rata gore monna wa me a se ka a leka go rarabolola mathata ka yone nako eo. Tota ga a tlhoke go dumalana le nna kgotsa go leka go bona gore bothata bo bakilwe ke eng. Ke batla fela gore a ntheetse a bo a tlhaloganye kafa ke ikutlwang ka gone.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, banna le basadi bangwe ba okaoka go ntsha maikutlo a bone e bile ga ba phuthologe fa molekane wa bone a leka go ba pateletsa gore ba ntshe maikutlo. Lorrie, yo o sa tswang go nyalwa, o ne a lemoga gore monna wa gagwe o tsaya nako go ntsha maikutlo a gagwe. A re: “Ke tshwanetse go nna pelotelele mme ke mo lete gore a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng.”

Tharabololo:

Fa wena le molekane wa gago lo tlhoka go bua ka sengwe se lo ka nnang lwa se ka lwa dumalana ka sone, bua ka kgang eo fa loobabedi lo ritibetse e bile lo iketlile. Go tweng fa molekane wa gago a okaoka go ntsha maikutlo a gagwe? Gopola gore “dikakanyo tsa motho di tshwana le metsi a a mo sedibeng se se boteng, mme motho yo o nang le temogo a ka a gelela.” (Diane 20:5, Today’s English Version) Fa o ntsha kgamelo e e nang le metsi mo sedibeng ka bonako thata, go tla tshologa metsi a mantsi. Ka tsela e e tshwanang, fa o ka botsolotsa molekane wa gago ka bogale, a ka nna a leka go ipuelela mme o ka nna wa se tlhole o kgona go utlwa maikutlo a gagwe. Go na le moo, botsa dipotso ka bonolo le ka tlotlo, mme o nne pelotelele fa molekane wa gago a sa tlhalose kafa a ikutlwang ka gone ka bonako jaaka o ne o ka rata.

Mme fa molekane wa gago a bua, “nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Moreetsi yo o molemo ga a reetse fela se se buiwang mme o leka go tlhaloganya le maikutlo a a dirang gore motho a bue jalo. Fa molekane wa gago a bua, leka go tlhaloganya tsela e a ikutlwang ka yone. Tsela e o reetsang molekane wa gago ka yone e tla mmontsha gore o mo tlotla go le kana kang kgotsa gore a ga o mo tlotle.

Jesu o ne a re ruta kafa re ka reetsang ka teng. Ka sekai, fa monna mongwe yo o lwalang a ne a tla kwa go ene a kopa thuso, Jesu ga a ka a leka go rarabolola bothata ka yone nako eo. Sa ntlha o ne a reetsa selelo sa monna yono. Go tswa foo o ne a letla gore se a se utlwang se mo ame maikutlo. Kwa bofelong, o ne a fodisa monna yoo. (Mareko 1:40-42) Le wena o ka dira fela jalo fa molekane wa gago a bua. Gakologelwa gore o tshwanetse a bo a tlhoka go utlwelwa botlhoko, e seng tharabololo ya ka bonako. Ka jalo reetsa ka kelotlhoko. Letla gore se a se buang se go ame maikutlo. Go tswa foo ke gone o ka dirang sengwe ka se molekane wa gago a se tlhokang. Fa o dira jalo o tla bo o bontsha gore o tlotla molekane wa gago.

LEKA SENO: Nako e e tlang fa molekane wa gago a simolola go bua le wena, o se ka wa itlhaganelela go mo araba. Se tsene molekane wa gago ganong mme leka go tlhaloganya se a se buang. Moragonyana, bua le molekane wa gago, o mmotse jaana, “O akanya gore nka tokafatsa jang mo tseleng e ke neng ke go reeditse ka yone?”

Fa o Batla go Bua Sengwe

Kgwetlho:

Linda, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Mananeo a metlae a thelebishene a dira gore go lebege go siame fela go bua bosula ka molekane wa lenyalo le go mo tlhapatsa le go mo sotla.” Bangwe ba goletse mo malapeng a mo go one go tlwaelegileng go bua le ba bangwe ka lenyatso. Moragonyana fa ba tsena mo lenyalong go nna thata gore ba tlogele mokgwa oo fa ba setse ba le mo malapeng a bone. Ivy, yo o nnang kwa Canada, a re: “Kwa ke goletseng teng go ne go tlwaelegile go goa ba bangwe, go sotlana le go bitsana ka maina a tshotlo.”

Tharabololo:

Fa o bua le batho ba bangwe ka molekane wa gago, bua “lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.” (Baefeso 4:29) Dira gore batho ba bangwe ba tlotle molekane wa gago ka tsela e o buang ka yone ka ga gagwe.

 Tota le fa lo le babedi fela le molekane wa gago, tila go mo sotla kgotsa go mmitsa ka maina a tshotlo. Kwa Iseraele wa bogologolo, Mikale o ne a galefela monna wa gagwe, Kgosi Dafide. O ne a sotla ka monna wa gagwe a re o itshwara “fela jaaka mongwe wa banna ba ba ditlhogo di lolea.” Mafoko a gagwe a ile a kgopisa Dafide, mme gape ga a ka a itumedisa Modimo. (2 Samuele 6:20-23) Re ithuta eng? Fa o bua le molekane wa gago, tlhopha mafoko. (Bakolosa 4:6; ntlha e e kwa tlase go NW) Phil, yo o nang le dingwaga di le robedi a nyetse, o a dumela gore ene le mosadi wa gagwe ba sa ntse ba tle ba nne le dilo tse ba sa dumalaneng mo go tsone. O lemogile gore ka dinako tse dingwe dilo tse a di buang di dira gore seemo se etegele pele. “Ke lemogile gore le fa o ka fenya kgang seo ga se reye gore o atlegile. Ke bone gore se se itumedisang thata e bile se le mosola ke go nonotsha kamano ya rona.”

Motlholagadi mongwe yo o godileng wa metlha ya bogologolo o ne a kgothaletsa betsi ba gagwe gore ba “bone lefelo la boikhutso mongwe le mongwe mo ntlong ya monna wa gagwe.” (Ruthe 1:9) Fa monna le mosadi ba dirisana ka seriti, ba dira gore legae la bone e nne “lefelo la boikhutso.”

LEKA SENO: Wena le molekane wa gago, ipheng nako ya go tlotla ka dikakantsho tse di mo setlhogwaneng seno. Botsa molekane wa gago jaana: “Fa ke bua ka wena fa pele ga batho, a o bona ke go tlotla kgotsa ke go nyatsa? Nka tokafatsa fa kae?” Reetsa ka kelotlhoko fa molekane wa gago a ntsha maikutlo a gagwe. Leka go dirisa dikakantsho tse molekane wa gago a di go nayang.

Amogela Dilo Tse o sa Tshwaneng le Molekane wa Gago ka Tsone

Kgwetlho:

Bangwe ba ba sa tswang go tsena mo lenyalong ba ile ba akanya ka tsela e e phoso gore fa Baebele e re banyalani ke “nama e le nngwe,” e raya gore ba tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanang kgotsa go nna le botho jo bo tshwanang. (Mathaio 19:5) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ba lemoga gore tota seo ke go iphoufaletsa boammaaruri. Fa go sena go feta nakonyana ba nyalane, gantsi ba simolola go ganetsana ka go bo ba sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang. Linda a re: “Pharologanyo e kgolo fa gare ga me le Phil ke gore ene ga a tshwenyege thata jaaka nna. Ka dinako tse dingwe o kgona go nna fela a ritibetse fa nna ke tshwenyegile, mo e leng gore ke felela ke galefile ka gonne go lebega a sa amege thata ka sengwe se nna ke amegileng thata ka sone.”

Tharabololo:

Amogela molekane wa gago jaaka a ntse, mme o tlotle tsela e e farologaneng e a lebang dilo ka yone. Ka sekai: Matlho a gago a dira se se farologaneng le se ditsebe di se dirang; mme a dirisana le tsone go go thusa go kgabaganya tsela o babalesegile. Adrienne, yo o nang le dingwaga di ka nna 30 a nyetswe a re: “Nna le monna wa me re letla mongwe le mongwe wa rona go leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng, fa fela tsela e re lebang dilo ka yone e sa thulane le Lefoko la Modimo. Aitsane, re nyalane, ga re motho a le mongwe.”

Fa molekane wa gago a leba dilo ka tsela e e sa tshwaneng le e wena o di lebang ka yone kgotsa a itshwara ka tsela e sele, se amege fela ka se wena o se batlang. Akanyetsa maikutlo a molekane wa gago. (Bafilipi 2:4) Kyle, monna wa ga Adrienne, a re: “Ga se ka metlha ke tlhaloganyang kgotsa ke dumalanang le mosadi wa me. Mme ke ikgopotsa gore ke rata ene go feta tsela e nna ke lebang dilo ka yone. Fa a itumetse, le nna ke a itumela.”

LEKA SENO: Dira lenaane la ditsela tse molekane wa gago a lebang dilo kgotsa a dirang dilo ka tsela e e gaisang ya gago ka tsone.—Bafilipi 2:3.

Tlotlo ke sengwe sa dilo tse di tlisang boitumelo mo lelapeng e bile di thusa gore lenyalo le nnele ruri. Linda a re: “Tlotlo e dira gore banyalani ba kgotsofale mme ba ikutlwe ba sireletsegile. Eleruri go tlotlana go mosola.”

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

IPOTSE JAANA . . .

  • Dilo tse molekane wa me a farologaneng le nna ka tsone di thusitse lelapa la rona jang?

  • Ke ka ntlha yang fa go le molemo go ineela mo go se molekane wa me a se batlang fa fela se sa thulane le melaometheo ya Baebele?