Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bahumanegi ba Bolelelwa Dikgang Tse di Molemo

Bahumanegi ba Bolelelwa Dikgang Tse di Molemo

 Bahumanegi ba Bolelelwa Dikgang Tse di Molemo

LEFOKO LA MODIMO le re tlhomamisetsa jaana: “Mohumanegi ga a na go lebalelwa ruri.” (Pesalema 9:18) Gape fa Baebele e bua ka Mmopi wa rona ya re: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (Pesalema 145:16) Tsholofelo eno e e mo Lefokong la Modimo ga se toro fela. Modimo Mothatayotlhe a ka re naya se re se tlhokang gore khumanego e fele. Bahumanegi ba tlhoka eng?

Moitse wa tsa ikonomi wa mo Afrika o ne a re, gore dilo di tsamaye sentle, dinaga tse di humanegileng di tlhoka “mmusaesi yo o molemo.” Seo se raya gore, e le gore khumanego e fele, go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o nang le maatla a go dira diphetogo tse di tla fedisang khumanego e bile a le pelonomi a batla go e fedisa. Mme gape re ka re mmusi yo o ka fedisang khumanego ka bosakhutleng e tshwanetse ya bo e le mmusi wa lefatshe lotlhe ka gonne khumanego e e feteletseng gantsi e bakwa ke gore dinaga tse dingwe di na le dilo tse dinaga tse dingwe di se nang tsone. Mo godimo ga moo, mmusi yo o ka fedisang khumanego o tshwanetse go kgona go rarabolola se se bakang khumanego—mokgwa wa batho wa go rata go itsholegela molemo ba le bosi. Mmusi yo o molemo jalo a ka bonwa kae?

Modimo o ne a romela Jesu go tla go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo. Fa Jesu a ne a ema gore a bale taelo e a e neilweng ke Modimo, o ne a re: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo.”—Luke 4:16-18.

Dikgang Tse di Molemo ke Dife?

Modimo o tlhomile Jesu go nna Kgosi. Ruri tseno ke dikgang tse di molemo. Ke Mmusi yo o tshwanelegang gore a ka fedisa khumanego ka gonne (1) o tla busa batho botlhe e bile o na le maatla; (2) o tlhomogela bahumanegi pelo e bile o ruta balatedi ba gagwe gore ba ba tlhokomele; gape (3) a ka tlosa se se bakang khumanego, tshekamelo e re e ruileng ya go batla go itsholegela molemo re le rosi. Mma re sekaseke dikarolo tseno tse tharo tsa dikgang tse di molemo.

1. Jesu o tla busa ditšhaba tsotlhe Lefoko la Modimo la re ka Jesu: “O ne a newa bobusi . . . gore ditšhaba, ditlhopha tsa ditšhaba le dipuo tsotlhe di mo direle.” (Daniele 7:14) Akanya ka melemo e e nnang gone fa go na le puso e le nngwe fela e e busang batho botlhe mo lefatsheng. Ga go ka ke ga tlhola go nna le dikgotlhang le go lwela matlotlo a lefatshe. Batho botlhe ba tla solegelwa molemo ka go lekana. Jesu ka boene o ne a re tlhomamisetsa gore o tla nna Mmusi wa lefatshe lotlhe yo o nang le maatla. O ne a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.”—Mathaio 28:18.

2. Jesu o tlhomogela bahumanegi pelo Mo nakong yotlhe ya fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a dira dilo tse di bontshang gore o tlhomogela bahumanegi pelo. Ka sekai, mosadi yo o neng a dirisitse madi a gagwe otlhe go duelela kalafi, o ne a tshwara seaparo sa ga Jesu ka tsholofelo ya gore o tla fola. O ne a nnile le kelelo ya madi ka dingwaga di le 12 mme ga go pelaelo gore o ne a le bokoa thata. Go ya ka Molao, motho ope yo o neng a ka mo ama o ne a tla itshekologa. Mme Jesu o ne a nna pelonomi mo go ene. O ne a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso, o bo o fole mo pobolong ya gago e e hutsafatsang.”—Mareko 5:25-34.

Dithuto tsa ga Jesu di na le maatla a go fetola tsela e batho ba lebang ba bangwe ka yone gore le bone ba dire ditiro tse di bontshang kutlwelobotlhoko. Ka sekai, ela tlhoko kafa Jesu a ileng a araba ka teng monna yo o neng a batla go itse gore a ka itumedisa Modimo jang. Monna yono o ne a itse gore Modimo o batla gore re rate moagelani wa rona, mme o ne a botsa Jesu jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?”

Jesu o ne a mo araba ka go mmolelela setshwantsho sa gagwe se se itsegeng thata sa monna yo o  neng a tswa kwa Jerusalema a ya kwa Jeriko a bo a tlhaselwa ke dinokwane, mme tsa mo tlogela a le “gaufi le go swa.” Moperesiti yo o neng a fologa ka tsela eo o ne a feta fela kafa letlhakoreng le lengwe. Molefi le ene o ne a feta fela. “Mme Mosamarea mongwe yo o neng a tsamaya mo tseleng a tshogana ka a le fa go ene, ya re a mmona, a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo.” O ne a tlhapisa dintho tsa monna yoo mme a mo isa kwa ntlong ya baeti, a bo a duela mong wa ntlo eo gore a tlhokomele monna yo o gobetseng. Jesu o ne a botsa jaana: “Ke mang [yo o itirileng] moagelani wa monna yo o neng a wela mo gare ga dinokwane?” Mme monna yoo a araba a re: “Ke ene yo o mo diretseng ka kutlwelobotlhoko.” Foo Jesu a mo raya a re: “Tsamaya mme le wena o dire fela jalo.”—Luke 10:25-37.

Batho ba e nnang Basupi ba ga Jehofa ba ithuta dithuto tse di ntseng jalo tsa ga Jesu ba bo ba fetola tsela e ba ikutlwang ka yone ka go thusa batho ba ba tlhokang. Ka sekai, mosadi mongwe wa kwa Latvia yo o kwadileng buka ya Women in Soviet Prisons o tlhalosa kafa a neng a lwala ka gone fa a ne a bereka kwa kampeng ya Potma, e batshwarwa ba neng ba otlhaelwa kwa go yone mo magareng a bo1960. O ne a re: “Nako yotlhe ya fa ke ne ke lwala [Basupi] ba ne ba nkoka. Ruri ba ne ba ntlhokometse sentle.” Gape o ne a re: “Basupi ba ga Jehofa ba tsaya go thusa mongwe le mongwe e le boikarabelo jwa bone, go sa kgathalesege gore ke wa bodumedi bofe kgotsa wa setšhaba sefe.”

Fa mathata a tsa ikonomi a ne a dira gore bangwe ba Basupi ba ga Jehofa kwa Ancón, kwa Ecuador, ba felelwe ke tiro, Basupi ba bangwe ba ne ba batla tsela ya go kokoanya madi gore ba ba thuse; ba ne ba apaya dijo tse ba neng ba tla di rekisetsa batshwaraditlhapi ba ba neng ba letse ba tshwara ditlhapi bosigo (ba bontshitswe kafa mojeng). Botlhe mo phuthegong ba ne ba thusa, go akaretsa le bana. Ba ne ba simolola ka ura ya bongwe bosigo bongwe le bongwe gore dijo di bo di siame ka ura ya bonè fa mekoro e goroga. Madi a Basupi ba neng ba a kokoanya a ne a kgaoganyediwa mongwe le mongwe go ya kafa a tlhokang ka gone.

Ditiragalo tse di ntseng jalo di bontsha gore ruri sekao sa ga Jesu le dithuto tsa gagwe di kgona go fetola tsela e batho ba ikutlwang ka yone malebana le go thusa batho ba ba tlhokang.

3. Jesu o na le maatla a go fetola tshekamelo ya batho Go a itsege gore batho ba na le tshekamelo ya go batla go dira dilo tse di solegelang bone fela molemo. Baebele ya re tshekamelo eo ke boleo. Tota le moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka gone, ke fitlhela molao ono mo go nna: gore fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” Mme o ne a oketsa ka go re: “Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono? Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete.” (Baroma 7:21-25) Fano Paulo o ne a bontsha kafa Modimo a tla dirisang Jesu ka teng go namola baobamedi ba boammaaruri mo ditshekamelong tse ba di ruileng tsa boleo, go akaretsa bogagapa, jo e leng lone lebaka la konokono la go bo go na le khumanego. Seo se tla direga jang?

Nako nngwe fa Jesu a sena go kolobediwa, Johane Mokolobetsi o ne a mo itsise ka go re: “Bonang, Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!” (Johane 1:29) Go ise go ye kae, lefatshe le tla bo le tletse ka batho ba ba golotsweng mo boleong jo ba bo ruileng, go akaretsa le mo tshekamelong ya batho ya go batla go solegela bone fela molemo. (Isaia 11:9) Jesu o tla bo a tlositse se se bakang khumanego.

A bo go itumedisa jang go akanya ka nako e ka yone batho botlhe ba tla bong ba na le se ba se tlhokang! Lefoko la Modimo la re: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:4) Mafoko ao a poko a tlhalosa nako ya fa batho botlhe ba tla bo ba na le tiro e e kgotsofatsang, ba sireletsegile e bile ba na le tshono ya go itumelela go tshela mo lefatsheng le le se nang khumanego, mme seo se tla tlisetsa Jehofa pako.