Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

 Baebele e Fetola Matshelo a Batho

KE KA ntlha yang fa moopedi yo o tumileng a ne a tlogela tiro ya gagwe a bo a nna modiredi wa nako e e tletseng wa bodumedi? Ke eng se se neng sa dira gore motho yo moatlhodi a neng a re ke sekebekwa se se padileng a fetoge go nna motho yo o molemo mo setšhabeng? Bala dipego tseno gore o bone dikarabo.

“Ga go Ope Yo o Ka Nnang Motlhanka wa Beng ba Babedi.”—ANTOLINA ORDEN CASTILLO

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1962

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: SPAIN

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOTSHAMEKI WA DITERAMA LE MOOPEDI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa motsaneng wa Tresjuncos kwa kgaolong e e bidiwang La Mancha. Bagaetsho e ne e le balemi. Mmè e ne e le Mokatoliki mme Rre ene e le Moporotesetanta. Rre o ne a nthuta go tlotla Baebele; ke ne ke tlhola ke mmona a e bala ka metlha. Mmè o ne a dira gore ke tsene kereke ya Katoliki mme Sontaga mongwe le mongwe o ne a nkisa kwa Mmiseng.

Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka fuduga mo motseng mme ka ya go nna kwa Madrid le nkgonne. Ke ne ke tlhologelelwa batsadi ba me thata mme kgabagare ke ne ka tlwaela botshelo jwa toropo. Fa ke na le dingwaga di le 17, ke ne ka nna le tshono ya go dira dikgwedi di le mmalwa le setlhopha sa zarzuela, mmino wa setso wa Se-Spain wa opera. Ke ne ke itumelela botshelo joo fela thata mme ka swetsa ka gore ke nne motshameki wa diterama. Ke ne ka tlogela khoso e ke neng ke e dira ya go ithutela go nna mokwaledi mme ka simolola go opela le dikhampani tse di farologaneng tsa zarzuela. Mo e ka nnang ka yone nako eno, ke ne ka simolola go ratana le kgaitsadia mongwe wa ditsala tsa me. Ke ne ke ikutlwa ke le lesego go bo ke na le tiro e e siameng, ke na le madi e bile ke ratiwa.

Ke ne ka simolola go tsamaya le dikhampani tse di farologaneng tsa zarzuela mo nageng yotlhe ya Spain le kwa dinageng tse dingwe, tse di jaaka Colombia, Costa Rica, Ecuador le Venezuela. Gape ke ne ke opela le ditlhopha tse di farologaneng tsa mmino o o rategang kwa Madrid o o bidiwang “La movida madrileña.” Sengwe sa ditlhopha tse ke neng ke tlhabeletsa mo go tsone se ne sa atlega thata.

Ke ne ke rata tiro ya me mme ke ne ke sa rate boitsholo jo bo sa siamang jo bo neng bo atile mo badiring ka nna. Mo godimo ga moo, ke ne ka simolola go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka tebego ya me le ka go leka go dira gore ke ratiwe ke batho. Ke ne ke ja dijo tse dinnye thata ka ba ka tshwarwa ke bolwetse jwa anorekesia le jwa bulimia.

Mme ke ne ke sa ntse ke ikaeletse go nna motshameki wa diterama. Kgabagare ke ne ka amogelwa kwa Sekolong sa Madrid sa Diterama. Re ne ra rutiwa gore fa motho a tshameka mo terameng, o tshwanetse go akanya thata ka maikutlo a motho yo a tshamekang karolo ya gagwe a bo a leka go nna le maikutlo ao ka boene. Fa ke ne ke dirisa kgakololo eo, ke ne ka lemoga gore ke ne ke sa tlhole ke na le  maikutlo a go amega ka batho ba bangwe. Ke ne ke setse ke le motho yo o bogagapa, yo o sa akanyetseng ba bangwe.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go dira ka natla fa ke batla go nna le dinonofo tse di molemo. Mme ke ne ke sa itse gore nka simolola jang. Ke ne ka swetsa ka gore ke ye kwa kerekeng ya gospel kwa Madrid e nkileng ka ya kwa go yone le batsadi ba me. Ke ne ka rapela Modimo ke dirisa leina la gagwe, Jehofa.

Moragonyana fela ga foo ke ne ka etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ba le babedi. Ke ne ka tlotla le bone ka Baebele, mme ke ne ke ganetsa dilo tse dintsi tse ba neng ba di ruta. Esther, Mosupi yo o neng a ithuta Baebele le nna ka metlha, o ne a le pelotelele thata. Ene le ba lelapa la gagwe ba ne ba mpontsha lorato. Ke ne ka simolola go ya kwa dipokanong tsa Basupi mme go ise go ye kae ke ne ka lemoga gore jono ke jone boammaaruri jo ke sa bolong go bo batla.

Ke ne ke sa tswa go fetsa dithuto tsa me tsa go ithutela go nna motshameki wa diterama, mme ke ne ka bulegelwa ke diphatlha tse dintsi tsa tiro. Ke ne ka bona tiro mo motshamekong wa terama o o neng o tla tshamekiwa kwa lefelong la bobogelo le le itsegeng kwa Madrid. Mme gape ke ne ka lemoga gore fa ke batla go nna mogaka wa metshameko ya diterama ke ne ke tla tshwanelwa ke go tsena ka tlhogo mo tirong eno. Kwa bofelong ke ne ka swetsa ka gore ke leke go batla tiro e nngwe, e e neng e tla mpha nako ya go direla Modimo. Ke ne ka tsaya mafoko ano a ga Jesu tsia: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24) Lekau le ke neng ke na le dingwaga di le robedi ke ratana le lone le ne le sa amogele se ke se dumelang, ka jalo ke ne ka swetsa ka gore re kgaogane. Go ne go se motlhofo go dira diphetogo tseno.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Gone jaanong, ke dira tiro e e seng ya dinako tsotlhe ya go rulaganyetsa bagodi ditiro tsa boitapoloso le tsa boitlosobodutu. Go dira jalo go nthusa gore ke dirise nako e ntsi ke ithuta Baebele le batho ba ba buang Searabia ba ba nnang mo lefelong la rona. Ke tshwanetse go dira ka natla gore ke ithute puo eno e ntšha mme ke itumelela go bolelela batho bano ba ba amogelang baeng le ba ba ratang go ithuta ka Modimo dilo tse di molemo tse ke di ithutileng.

Ga ke tlhole ke na le maikutlo a go sa amege ka batho a ke neng ke na le one fa ke ne ke ithutela go nna motshameki wa diterama mme jaanong ke na le se ke se tshelelang. Ke akanya gore Jehofa o nthusitse go nna motho yo o botoka, yo o itumetseng go feta pele.

Ke ne Ka Bontsha Gore Moatlhodi O ne A Fositse.”—PAUL KEVIN RUBERY

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1954

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: ENGELANE

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: SEKEBEKWA SE SE NENG SE RATA THUBAKANYO

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Dudley, toropo e kgolo e e nang le madirelo a mantsi kwa West Midlands. Rre o ne a dira gore ke rate go bala go tloga fela ke sa le monnye. Gape o ne a nkgothaletsa go anaanela dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego, le fa a ne a re ga di a bopiwa mme di itlhagetse fela. O ne a nthuta gore ga go na Modimo. Le fa go ntse jalo, batsadi ba me ba ne ba nkisa kwa sekolong sa Sontaga sa Methodist.

Fa ke na le dingwaga di le robedi ke ne ka bona basimane  bangwe ba fisa mokoro. Mapodise a ne a tla mme ke ne ka boifa go ba bolelela boammaaruri. Basimane bao ba ne ba ntshoseditse. Ke ne ka pegwa molato ka se ba neng ba se dirile mme ka nna ke tshwere sekgopi. Ka ntlha ya seo, ke ne ka senya kwa dikolong, kwa dikerekeng le kwa madirelong a mo lefelong la rona, mme dithoto tse ke neng ke di sentse di ne di ka ja diketekete tsa diranta. Fa ke na le dingwaga di le lesome ke ne ke simolotse go thuba mo matlong le mo mabenkeleng gore ke utswe. Ke ne ka simolola go kgatlhwa ke go bona dilo di tuka mme ka nna le melato e mentsi ya go fisa dithoto tsa batho. Kwa sekolong barutabana ba ne ba re ke seganana.

Fa ke na le dingwaga di le 12, ke ne ka bona buka e e buang ka dilo tsa boloi mme ka itirela lomati lwa Ouija. E re ka batsadi ba me ba ne ba sa dumele mo Modimong, ba ne ba akanya gore go kgatlhegela tirisabadimo ga me go ne go se kotsi e bile go ne go tla dira gore ke se ka ka dira dilo tse di sa siamang. Mme fa ke fetsa sekolo ke ne ke setse ke kile ka ya kwa kgotlatshekelong ya bana ka makgetlo a le mantsi. Ke ne ke tsene mo setlhopheng sa basha ba ba ratang thubakanyo ba ba bidiwang ma-skinhead. Ke ne ke tsamaya ke tshwere legare le tšhaene ya baesekele e le tsone dibetsa tsa me. Ke ne ka bona tiro mme go ise go ye kae e ne ya fela ka gonne ke atlholetswe go tsenngwa mo kgolegelong ka nakwana. Fa ke sena go gololwa, ke ne ka simolola go senya dithoto tsa batho gape mme ka tshwarwa ka bo ka atlholelwa go ya kgolegelong ka dingwaga di le pedi. Moatlhodi o ne a re ke sekebekwa se se padileng e bile ke kotsi mo setšhabeng.

Fa ke sena go gololwa kwa kgolegelong ke ne ka kopana gape le Anita yo e neng e le lekgarebe la me. Re ne ra nyalana mme go ne ga feta lobakanyana ke sa utswe kgotsa ke sa senye. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le mmalwa ke ne ka simolola bokebekwa gape. Ke ne ka simolola go thubela batho mo mafelong a bone a kgwebo le go ba utswela madi a a mo mabolokelong. Ke ne ka simolola go dirisa diokobatsi, go nwa ka tsela e e feteletseng le go tsamaya ke tshwere tlhobolo. Ke ne ka tshwarwa gape mme ka atlholelwa go tsenngwa mo kgolegelong.

Tsela e ke neng ke tshela ka yone e ne ya ngomola Anita pelo fela thata. Ngaka ya gagwe e ne ya mo naya seokobatsi se se ritibatsang maikutlo mme ya mmolelela gore se tota a se tlhokang ke go tlhala. Ke ne ka thusega ka gonne ga a ka a tsaya kgakololo eo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Fa re sena go nyalana, Anita o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka nakwana. Mme fa ke ne ke le kwa kgolegelong la bofelo, Basupi ba ne ba ikgolaganya le ene gape. Mme se se gakgamatsang ke gore ka lone letsatsi leo ke ne ka rapela Modimo ka re, “Fa e le gore ruri o teng, ntshupetse.”

Fa ke sena go gololwa kwa kgolegelong dikgwedi di le mmalwa morago ga foo, ke ne ka ya kwa moruting wa mo lefelong la rona mme ka mo kopa gore a ithute Baebele le nna le Anita. O ne a re o tla re ruta fela melao ya kereke le thapelo.

Kgabagare, ke ne ka simolola go bala Baebele. Ke ne ka gakgamadiwa ke go itse gore Baebele e kgala tirisabadimo. (Duteronome 18:10-12) Moragonyana ke ne ka bona makasine wa Tora ya Tebelo o Basupi ba neng ba o neile Anita ka letsatsi le ke neng ka rapela Modimo ka lone ke kopa thuso. Se ke neng ke se bala se ne sa ntlhotlheletsa gore ke ikgolaganye le Basupi.

Ba masika a rona, ditsala tsa rona le batho ba ke neng ke dira ditiro tsa bokebekwa le bone, ga ba a ka ba itumelela go utlwa gore re ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba ne ba re Basupi ba ntshasa bobi mo matlhong. Mme boammaaruri ke gore ke ne ke tlhoka go fetoga. Go ne go na le dilo di le dintsi tse ke neng ke tshwanetse go di fetola mo bothong jwa me, segakolodi sa me se ne se sa tlhole se bereka sentle, mme mo godimo ga ditiro tse dingwe tse di sa siamang, ke ne ke goga disekerete di ka nna 60 ka letsatsi. Basupi ba ba neng ba re thusa go ithuta Baebele le ba re neng re tsalane le bone kwa phuthegong, ba ne ba le pelotelele e bile ba le pelonomi. Kgabagare ke ne ka latlha mekgwa ya me e e bosula.—2 Bakorintha 7:1.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Jaanong nna le Anita re na le dingwaga di le 35 re nyalane. Mongwe wa bana ba rona le ditlogolo tsa rona tse pedi le bone ba direla Jehofa. Mo dingwageng tsa bosheng, nna le Anita re ntse re fetsa nako e ntsi re thusa batho ba bangwe go ithuta Baebele.

Go direla Jehofa Modimo go dirile gore matshelo a rona a nne le bokao le gore re nne le se re se tshelelang. Ka bo1970, moatlhodi o ne a bolelela kgotlatshekelo gore nka se fetoge. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo le kaelo ya Baebele, ke ne ka bontsha gore moatlhodi o ne a fositse.