Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

A maina a a mo dikanong tsa bogologolo tsa letsopa a umakiwa le mo Baebeleng?

Mo motlheng wa bogologolo, batho ba ba neng ba dira ka makwalo a semmuso ba ne ba a mena, ba a bofa ka mogala, ba baya letsopa le le metsi mo lefutong ba bo ba le tlanya ka sekano. Ba ne ba dirisa dikano tse di nang le mokwalo go saena makwalo, go a supela le go bontsha gore ke a semmuso.

Ka dinako tse dingwe dikano di ne di dirwa dipalamonwana e bile di ne di tsewa e le dilo tse di tlhwatlhwakgolo. (Genesise 38:18; Esethere 8:8; Jeremia 32:44) Gantsi sekano se ne se na le leina la mong wa sone, leina le le bontshang maemo a gagwe le leina la ga rraagwe.

Babatlisisi ba bone matsopa a bogologolo a le makgolokgolo a a tlantsweng ka dikano a a bidiwang di-bulla. Mangwe a one a na le maina a batho ba ba umakwang mo Baebeleng. Ka sekai, baithutamarope ba ne ba bona matsopa a a tlantsweng ka dikano tse go dumelwang gore ke tsa dikgosi tse pedi tsa kwa Juda. Mokwalo o mongwe wa re: “Sa ga Ahase [morwa] Yehotam [Jothame], Kgosi ya kwa Juda.” Mekwalo e mengwe ya re: “Sa ga Hesekia [morwa] Ahase, Kgosi ya kwa Juda.” (2 Dikgosi 16:1, 20) Ahase le Hesekia ba ne ba busa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E.

Bakanoki ba ne ba tlhatlhoba di-bulla tse dingwe di le mmalwa tse di neng di tlantswe ka dikano tse go dumelwang gore e ne e le tsa batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Bangwe ba bone ke batho ba ba umakilweng mo mekwalong ya ga Jeremia ba ba jaaka Baruke (mokwaledi wa ga Jeremia), Gemaria (“morwa Shafane”), Jerameele (“morwa kgosi”), Jukale (“morwa Shelemia”) le Seraia (morwarraagwe Baruke).—Jeremia 32:12; 36:4, 10, 26; 38:1; 51:59.

Dinako tse di farologaneng tsa letsatsi di tlhalosiwa jang mo Baebeleng?

Dikwalo Tsa Sehebera di dirisa dipolelwana tse di jaaka ‘moso,’ “sethoboloko,” “motshegare o mogolo” le “maitseboa.” (Genesise 24:11; Duteronome 28:29; 1 Dikgosi 18:26) Bahebera ba ne ba kgaogantse bosigo ka ditebelo tse tharo, nngwe le nngwe e tsaya diura di ka nna nnè, mme moragonyana ba ne ba dirisa thulaganyo ya Bagerika le Baroma ya ditebelo di le nnè tsa bosigo. Go bonala sentle gore Jesu o ne a bua ka mokgwa ono wa bofelo wa go kgaoganya nako fa a ne a re: “Nnang lo disitse, gonne ga lo itse gore mong wa ntlo o tla leng, e ka ne e le maitseboa kgotsa bosigogare kgotsa fa mokoko o lela kgotsa go sa le phakela.” (Mareko 13:35) Tebelo ya “maitseboa” e ne e simolola fa letsatsi le phirima go fitlha ka 9:00 p.m. E e latelang e ne e wela bosigogare, mme ya boraro, ya fa “mokoko o lela,” e ne e wela mo e ka nnang ka ura ya boraro mo mosong. Ya bofelo, ya phakela, e ne e wela fa letsatsi le tlhaba. Jesu o ne a tsamaya mo godimo ga metsi a Lewatle la Galalea “ka lobaka lwa tebelo ya bonè ya bosigo.”—Mathaio 14:23-26.

Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, lefoko “ura” le kaya karolo e le nngwe ya dikarolo di le lesome le bobedi tsa nako ya fa letsatsi le tlhabile fa e balwa go tloga fa letsatsi le tlhaba go fitlha fa le phirima. (Johane 11:9) E re ka nako e letsatsi le tlhabang ka yone le e le phirimang ka yone e farologana go ya ka dipaka kwa Iseraele, gantsi go ne go fopholediwa nako e tiragalo e diragetseng ka yone, jaaka fa go twe “e ka nna ka ura ya borataro.”—Ditiro 10:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dikano tsa letsopa tse di nang le leina la ga Hesekia le la ga Ahase (se se fa pele) gongwe le la ga Baruke (se se kwa morago)

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Back: Courtesy of Israel Museum, Jerusalem

Front: www.BibleLandPictures.com/Alamy

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tshupanako ya letsatsi ya mo motlheng wa mmusomogolo wa Roma (27 B.C.E.–476 C.E.)

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Gerard Degeorge/ The Bridgeman Art Library International