Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lefatshe le le Elang Mashi le Tswina ya Dinotshe”

“Lefatshe le le Elang Mashi le Tswina ya Dinotshe”

 “Lefatshe le le Elang Mashi le Tswina ya Dinotshe”

FA Jehofa Modimo a ne a golola Baiseraele kwa Egepeto, o ne a ba solofetsa gore o tla ba isa kwa “lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.”—Ekesodo 3:8.

Fa Baiseraele ba ne ba le kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba ruile dikgomo, dinku le dipodi, ka jalo go ne go na le mashi a mantsi. Le fa go ntse jalo, go tweng ka tswina ya dinotshe? Bontsi jwa ditemana tsa Baebele tse di umakang tswina ya dinotshe ka tlhamalalo di a bo di kaya tswina ya dinotshe tsa naga e seng ya dinotshe tse di ruilweng. (Baatlhodi 14:8, 9; 1 Samuele 14:27; Mathaio 3:1, 4) A tota lefatshe le ne le ‘ela’ mashi le tswina ya dinotshe?

Se baithutamarope ba se ribolotseng bosheng jaana kwa Iseraele wa segompieno, se re thusa go tlhaloganya kgang eno sentle. Pego nngwe ya Hebrew University e e isitsweng kwa metsweding ya dikgang e ne ya bua jaana ka se se neng sa ribololwa: “Porofesa (Amihai) Mazar a re mo matlong a dinotshe a a ribolotsweng go tla go fitlha jaanong ke baithutamarope kwa Ancient Near East, eno ke yone ya bogologolo go a feta otlhe. Go lebega e le ya go tloga ka lekgolo la bo10 la dingwaga go ya kwa masimologong a lekgolo la bo9 la dingwaga B.C.E.”

Baithutamarope ba ile ba fitlhela matlo a dinotshe a feta 30 a tlhomagane ka mela e le meraro, mme ba ne ba fopholetsa gore lefelo leo lotlhe le ka tswa le ne le na le matlo a dinotshe a ka nna 100. Badiradipatlisiso ba matlo a dinotshe ba ile ba fitlhela masalela a dinotshe le bonota jwa dinotshe. Bakanoki ba fopholetsa gore “ka ngwaga go ne go ka rafiwa halofo ya tone ya tswina ya dinotshe go tswa mo matlong ao a dinotshe.”

Mo metlheng ya bogologolo, tswina ya dinotshe e ne e jewa e bile bonota jwa tsone bo ne bo dirisiwa mo madirelong a tshipi le a letlalo. Gape bo ne bo dirisediwa go kwala. Bo ne bo tshelwa mo lomating lwa go kwalela lo lo dirilweng ka logong go bo go kwalwa molaetsa mo go jone. Moragonyana bo ne bo ka nyerolosiwa bo bo bo dirisiwa gape. Se baithutamarope ba se fitlheletseng se dirile gore ba swetse ka goreng?

Kgang eno e e neng ya romelelwa metswedi ya dikgang e ne ya tswelela ka go re, “le fa Baebele e sa bue sepe ka gore ka nako eo kwa Iseraele go ne go ruiwa dinotshe, matlo a dinotshe a a ribolotsweng kwa Tel Rehov a bontsha gore go rua dinotshe le go rafa tswina ya dinotshe le mamepe e ne e le tiro e e neng e dirwa thata, tota le mo motlheng wa Tempele ya Ntlha [ya ga Solomone].”

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Institute of Archaeology/Hebrew University © Tel Rehov Excavations