Loida, * mmè mongwe wa kwa Mexico a re: “Bana ba newa dikhontomo kwa sekolong, ka jalo basha ba dingwaga tsa bolesome ba akanya gore go tlhakanela dikobo go itshiametse fela—fa fela ba dirisa dikhontomo.”

Nobuko, mmè mongwe wa kwa Japane a re: “Ke ne ka botsa morwaake gore o ne a ka dirang fa a ne a ka iphitlhela a le esi le lekgarebe la gagwe. O ne a re, ‘Ga ke itse.’”

FA MORWAO kgotsa morwadio a ne a sa le monnye, a o ile wa dira gore a nne a babalesegile fa a le mo ntlong? Gongwe o ile wa tswala diphatlha tsa motlakase, wa fitlha dilo tse di tlhabang le go thiba ditepisi gore ngwana wa gago a se ka a gobala.

E kete go ka bo go le motlhofo fela jalo go sireletsa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome! Jaanong o tshwenngwa ke dilo tse di masisi le go feta, tse di jaaka gore: ‘A morwaake o lebelela ditshwantsho tse di hepisang?’ ‘A morwadiake o romelela batho dinepe tsa gagwe tse di hepisang ka founo ya selula?’ Le gore, ‘A ngwanake wa dingwaga tsa bolesome o setse a tlhakanela dikobo?’

Go Batla go Laola Metsamao Yotlhe ya Bana ba Gago ga go Thuse

Batsadi bangwe ba leka go nna ba disitse bana ba bone bosigo le motshegare ka go nna ba lebeletse sengwe le sengwe se ba se dirang. Moragonyana, batsadi bao ba le bantsi ba lemoga gore go disa bana ka tsela eo go dira gore bana ba dire dilo mo sephiring. Morwaabone kgotsa morwadiabone o simolola go tlwaela go fitlha mekgwa e batsadi ba gagwe ba lekang go dira gore a se ka a nna le yone.

Go bonala sentle gore go laola bana ka tsela e e ntseng jalo ga se yone tharabololo. Jehofa Modimo ka boene ga a dirise mokgwa oo gore dibopiwa tsa gagwe di mo ikobele, mme le wena o le motsadi ga o a tshwanela go o dirisa. (Duteronome 30:19) Ka jalo, o ka thusa jang bana ba gago ba ba mo dingwageng tsa bolesome go dira ditshwetso tse di molemo malebana le boitsholo?—Diane 27:11.

Selo sa botlhokwa ke gore o nne o tlotla le bana ba gago mme o simolole ba sa le bannye. * (Diane 22:6) Mme fa ba tsena mo dingwageng tsa bosha, o se ka wa kgaotsa go tlotla le bone. E re ka o le motsadi, ke wena o tshwanetseng go naya ngwana wa gago tshedimosetso e ntsi e e ikanyegang. Mosetsana mongwe wa kwa Boritane e bong Alicia a re: “Batho ba le bantsi ba akanya  gore re tsaya go le botoka go bua le ditsala tsa rona ka tlhakanelodikobo, mme seo ga se boammaaruri. Re ka rata go utlwa tshedimosetso eno ka batsadi ba rona. Re ikanya se ba re bolelelang sone.”

Bana ba Tshwanetse go Itse Botlhokwa Jwa Boitsholo jo bo Siameng

Fa bana ba ntse ba gola, ba tlhoka go itse mo go oketsegileng ka tlhakanelodikobo e seng fela kgang ya gore bana ba tswa kae. Gape ba tshwanetse go thusiwa gore ‘bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwe go farologanya se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Ka bokhutshwane, ba tshwanetse go tlhaloganya sentle botlhokwa jwa boitsholo jo bo siameng malebana le tlhakanelodikobo mme ba tshele go dumalana le seo. O ka ruta jang ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome botlhokwa jwa boitsholo jo bo siameng?

Simolola ka go sekaseka se wena o se dumelang ka boitsholo. Ka sekai, o ka tswa o dumela gore kgokafalo—go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang—go phoso. (1 Bathesalonika 4:3) Bana ba gago ba ka tswa ba itse gore o dumela eng ka kgang eno; ba ka nna ba bo ba kgona go nopola ditemana tsa Baebele tse di tshegetsang se o se dumelang. Fa ba bodiwa ba ka nna ba araba ba sa okaoke gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go phoso.

Mme go tlhokega se se fetang seo. Buka ya Sex Smart e bua ka basha bangwe ba ba reng ba dumalana le se batsadi ba bone ba se dumelang ka tlhakanelodikobo. Buka eno ya re: “Basha bano ga ba a tlhomamisega, ka jalo ga ba kgone go itirela ditshwetso. Fa ba iphitlhela ba le mo seemong se ba neng ba sa se lebelela ba bo ba tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore ba tshwanetse go itshwara jang, ba tlhakana tlhogo mme ga ba itse gore ba direng.” Ke gone ka moo go leng molemo gore ba itse botlhokwa jwa boitsholo jo bo siameng. O ka thusa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome jang gore a bone botlhokwa jwa seo?

Dira gore ba tlhaloganye sentle se o se dumelang malebana le boitsholo.

A o dumela gore tlhakanelodikobo ke ya batho ba ba nyalaneng fela? Fa go le jalo, bolelela ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome, o dira jalo gangwe le gape ka tsela e e utlwalang sentle. Go ya ka buka ya Beyond the Big Talk, dipatlisiso di bontsha gore “mo malapeng a mo go one batsadi ba bolelelang bana ba bone gore ga ba rate fa bana ba dingwaga tsa bolesome ba tlhakanela dikobo, gantsi bana bano ga ba itlhaganelele go tlhakanela dikobo.”

Jaaka go ile ga umakiwa pelenyana, ke boammaaruri gore go bolelela bana ba gago fela ka se o se dumelang malebana le boitsholo, ga go tlhomamise gore morwao kgotsa morwadio o tla tlhopha go tshela go dumalana le seo. Le fa go ntse jalo, fa o tlhalosa se o se dumelang malebana le kafa ba lelapa la gago ba tshwanetseng go itshola ka gone, seno se tla dira gore bana le bone ba itse tsela e ba tshwanetseng go itshola ka yone. Mme dipatlisiso di bontsha gore kgabagare basha ba latela dilo tse batsadi ba bone ba di dumelang malebana le boitsholo le fa go lebega e kete ga ba di dirise fa ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bolesome.

LEKA SENO: Dirisa sengwe se lo se bonang mo dikgannyeng go simolola motlotlo mme o bolelele mosha se o se dumelang ka boitsholo. Ka sekai, fa go na le pego ya go sotlwa ga mongwe ka tlhakanelodikobo, o ka nna wa re: “Ke utlwisiwa botlhoko ke tsela e banna bangwe ba sotlang basadi ka yone. O akanya gore ba tlhotlhelediwa ke eng?”

Ba rute boammaaruri jotlhe ka tlhakanelodikobo.

Go botlhokwa gore o ba tlhagise. (1 Bakorintha 6:18; Jakobe 1:14, 15) Le fa go ntse jalo, tota fa Baebele e bua ka tlhakanelodikobo e bua ka yone e le mpho e e tswang kwa Modimong, e seng e le serai sa ga Satane. (Diane 5:18, 19; Sefela sa Difela 1:2) Fa o bolelela bana ba gago ba dingwaga tsa bolesome ka dikotsi fela, seo se ka dira gore ba lebe kgang eno ka tsela e e seng yone e bile e se ya Dikwalo. Lekgarebe lengwe la kwa Fora le le bidiwang Corrina la re: “Batsadi ba me ba ne ba bua thata kafa go sa siamang ka teng go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, mme seo se ne sa dira gore ke tseye tlhakanelodikobo e le sengwe se se maswe.”

Tlhomamisa gore bana ba gago ba tlhaloganya boammaaruri jotlhe ka tlhakanelodikobo. Mmè mongwe wa kwa Mexico yo o bidiwang Nadia a re: “Ka metlha ke leka go bontsha bongwanake ba dingwaga tsa bolesome gore tlhakanelodikobo ke sengwe se se molemo sa tlholego se Jehofa Modimo a se neileng batho gore ba se itumelele. Mme e tshwanetswe go dirwa fela ke batho ba ba nyalaneng. E ka re itumedisa kgotsa ya re bakela mathata, go ikaegile ka gore e dirwa mo maemong afe.”

LEKA SENO: Nako e e tlang fa o tlotla le ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome ka tlhakanelodikobo, dira gore motlotlo wa lona o fele sentle. Se boife go mmolelela gore tlhakanelodikobo ke mpho e e molemo e e tswang kwa Modimong e a ka e itumelelang fa a ka nyala kgotsa a nyalwa.  Mmontshe gore wena o dumela gore a ka kgona go tshela ka melao ya Modimo go fitlha a tsena mo lenyalong.

Thusa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome go akanya ka ditlamorago.

E le gore bana ba dingwaga tsa bolesome ba dire ditshwetso tse di molemo mo dikarolong dipe fela tsa botshelo, ba tshwanetse go itse gore ke ditshwetso dife tse ba ka di dirang ba bo ba sekaseka diphelelo tse di molemo le tse di bosula tsa tshwetso nngwe le nngwe. O se ka wa akanya gore go lekane gore ba itse fela se se siameng le se se sa siamang. Mosadi mongwe wa Mokeresete wa kwa Australia yo o bidiwang Emma a re: “Fa ke akanya ka diphoso tse ke di dirileng ke sa le mosha, nka re go itse melao ya Modimo fela ga go reye gore o dumalana le yone. Go botlhokwa go tlhaloganya melemo ya go latela melao eo mmogo le ditlamorago tsa go e itlhokomolosa.”

Baebele e ka thusa ka gonne melao ya yone e mentsi e na le mafoko a a bontshang ditlamorago tsa go dira phoso. Ka sekai, Diane 5:8, 9 e kgothaletsa makawana gore a tile kgokafalo, e bo e re “gore lo se ka lwa naya ba bangwe seriti sa lona.” Jaaka ditemana tseo di bontsha, fa motho a tlhakanela dikobo pele ga lenyalo o a bo a tlola melao e a e dumelang ya boitsholo, mme seo se ka dira gore a se ka a direla Modimo ka pelo yotlhe le gore a se ka a itlotla. Mme seo se dira gore a se ka a kgatlhegelwa ke motho ope yo o nang le maitsholo a mantle le yo o itlotlang yo o neng a ka nna molekane wa gagwe wa lenyalo. Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a akanya ka ditlamorago tse di botlhoko tsa botsogo le tsa maikutlo mmogo le go felelwa ke kamano e e molemo le Modimo ka ntlha ya go itlhokomolosa melao ya Modimo, seo se ka mo tlhotlheletsa gore a ikemisetse go tshela go dumalana le yone. *

LEKA SENO: Dirisa ditshwantsho go thusa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome go bona melemo ya go ikobela melao ya Modimo. Ka sekai, o ka nna wa re: “Molelo wa leiso o molemo; mme molelo o o lailang sekgwa o kotsi. Melelo eno e farologana jang, mme karabo ya gago e ka dirisiwa jang go tlhalosa melao e Modimo a e tlhomileng malebana le tlhakanelodikobo?” Dirisa pego e e mo go Diane 5:3-14 go thusa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome go tlhaloganya ditlamorago tse di kotsi tsa kgokafalo.

Takao wa dingwaga tse 18 yo o nnang kwa Japane a re: “Ke a itse gore ke tshwanetse go dira se se siameng, mme ke nna ke lwantsha dikeletso tsa nama.” Basha ba ba ikutlwang ka tsela eo ba ka gomodiwa ke go itse gore ga se bone fela. Tota le moaposetoloi Paulo—Mokeresete yo o neng a na le tumelo e e nonofileng—o ne a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.”—Baroma 7:21.

Bana ba dingwaga tsa bolesome ba tshwanetse go itse gore ba tla bo ba dira sentle fa ba lwantsha dikeletso tsa nama. Go ka ba thusa go akanya gore tota ba batla go nna batho ba ba ntseng jang. Go ka ba thusa go akanyetsa potso eno, ‘A ke batla go laola tsela e ke tshelang ka yone ke bo ke itsege ke le motho yo o nang le maitsholo a a siameng le yo o ikanyegang kgotsa a ke batla go itsege ke le motho yo o laolwang ke dikeletso tsa gagwe?’ Fa ngwana wa gago wa dingwaga tsa bolesome a itse botlhokwa jwa boitsholo jo bo siameng o tla kgona go araba potso eo ka botlhale.

^ ser. 3 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

^ ser. 10 Fa o batla go bona dikakantsho tsa kafa o ka simololang ka teng motlotlo le bana ba gago ka tlhakanelodikobo le go ba bolelela tshedimosetso e e tshwanelang dingwaga tsa bone, bona makasine wa Tora ya Tebelo, wa November 1, 2010, tsebe 12-14.

^ ser. 22 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . A Tlhakanelodikobo e Tla Tokafatsa Kamano ya Rona?” mo makasineng wa Tsogang! wa April 2010, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

IPOTSE JAANA . . .

  • Ke bona ka eng gore ngwana wa me wa dingwaga tsa bolesome o itse botlhokwa jwa boitsholo jo bo siameng?

  • Fa ke buisana le ngwanake wa dingwaga tsa bolesome ka tlhakanelodikobo, a ke bua ka yone e le mpho e e tswang kwa Modimong kgotsa e le serai sa ga Satane?