Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

Baebele e Fetola Matshelo a Batho

 Baebele e Fetola Matshelo a Batho

MOSADI mongwe yo o neng a rekisa bojalwa kwa bareng, a rata ditlhapa, a nwa ka tsela e e feteletseng e bile a lekeletsa diokobatsi, o kgonne jang go fetola tsela e a neng a tshela ka yone? Go tlile jang gore monna yo pele e neng e le radipolotiki e bile a sa rate bodumedi e nne modiredi wa bodumedi? Ke dikgwetlho dife tse motlhatlheledi yo o neng a ruta mapodise a kwa Russia ntwa a ileng a di fenya gore e nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Bala se batho bano ba se buang.

“Jaanong Nna le Mmè re Atamalane Thata Jaaka Pele.”—NATALIE HAM

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1965

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: AUSTRALIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A LEKELETSA DIOKOBATSI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke goletse kwa Australia Borwa mo motsaneng wa Robe o batho ba one ba neng ba itshedisa ka go tshwara ditlhapi. Mo metseng e e tshwanang le ono batho ba itisa kwa hoteleng ya motse. Batsadi ba fetsa nako e ntsi kwa hoteleng, ka jalo bana ba bone ba godisediwa mo lefelong la batho ba ba nwang bojalwa ka tsela e e feteletseng, ba ba dirisang puo ya matlhapa, le ba ba gogang motsoko.

Fa ke le dingwaga di le 12, ke ne ke goga motsoko, ke dirisa puo ya matlhapa e bile ke lwetse ruri le Mmè. Fa ke le dingwaga di le 15, batsadi ba me ba ne ba kgaogana, mme morago ga dikgwedi di le 18 ke ne ka tswa mo gae. Ke ne ke nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng, ke lekeletsa diokobatsi, mme ke tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Ke ne ke galefile e bile ke tlhakane tlhogo. Mme e re ka ke ne ke thapisitswe ka dingwaga di le tlhano go lwa ke sa dirise dibetsa e bile ke tsenetse thapiso ya basadi ya go iphemela, ke ne ke akanya gore nka kgona go itshireletsa. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa ke ne ke itheeditse go se na modumo, ke ne ke tlelwa ke bohutsana ke bo ke rapela Modimo ke mo kopa gore a nthuse. Ke ne ke a tle ke mo reye ke re: “Mme fela o se ka wa re ke ye kerekeng.”

Nako nngwe moragonyana, tsala ya me e e neng e rata bodumedi mme e sa tsene kereke e ne ya mpha Baebele. O ne a dirisa diokobatsi fela jaaka ditsala tse dingwe tsa rona. Le fa go ntse jalo, o ne a re o dumela mo Modimong ka pelo yotlhe mme a nkgothaletsa gore ke kolobediwe. O ne a nkisa kwa letsheng le le mo lefelong la rona mme a nkolobetsa. Go simolola ka nako eo, ke ne ka ikutlwa ke atamalane thata le Modimo. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa nne le nako ya go bala Baebele.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Ka 1988, Basupi ba le babedi ba ne ba nketela. Mongwe wa bone o ne a mpotsa jaana: “A o itse leina la Modimo?” Mosupi yono o ne a bala Pesalema 83:18 mo Baebeleng ya gagwe, e e reng: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Ke ne ka akabala!  Fa ba sena go tsamaya, ke ne ka tsamaya sekgala sa dikilometara di le 56 ka koloi go ya kwa lebenkeleng la dibuka tsa Bokeresete, ke ya go tlhola gore a dithanolo tse dingwe tsa Baebele di na le leina leo le go le leba mo dikishinareng. Fa ke sena go itlhatswa pelo gore leina la Modimo ke Jehofa, ke ne ka ipotsa gore ke eng se sengwe se ke sa se itseng.

Mmè o ne a mpoleletse gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba sa tlwaelegang. Ke ne ke sa itse go le gontsi ka bone, mme ke ne ke dumela gore ba gagamatsa dilo thata e bile ga ba nke ba itlosa bodutu. Ke ne ke ipoleletse gore ke tla iphitlha fa ba tla. Mme ke ne ka se ka ka dira jalo. Ke ne ka ba raya ka re ba tsene, mme ra simolola go ithuta Baebele ka yone nako eo.

Nako le nako fa re sena go ithuta, ke ne ke tlotlela lekau la me e bong Craig se ke se ithutileng. Kgabagare o ne a fela pelo mme a phamola buka e re neng re e ithuta a bo a simolola go e bala. Mo dibekeng tse tharo o ne a swetsa ka gore o bone boammaaruri ka Modimo. Kgabagare nna le Craig re ne ra tlogela diokobatsi le go nwa bojalwa mo go feteletseng, mme ka tlogela tiro ya me ya go rekisa bojalwa kwa bareng. E le gore re dumalanye matshelo a rona le melao ya Baebele, re ne ra swetsa ka gore re nyalane.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Pele ga fa nna le Craig re ne re simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, re ne re sa utlwane e bile re tloga re kgaogana. Gompieno Craig ke monna yo o molemo, mme re na le bana ba bantle ba le babedi. Gape re na le ditsala tse di rategang tse di dumelang dilo tse re di dumelang.

La ntlha, Mmè o ne a galefile fa a utlwa gore ke kopanela le Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo o ne a galefisitswe ke go bo a sa tlhaloganye. Jaanong nna le Mmè re atamalane thata jaaka pele. Ga ke tlhole ke na le maikutlo a go se itse gore ke tshelela eng. Go na le moo, botshelo jwa me bo na le bokao mme ke ikutlwa ke kgotsofetse e bile ke atamalane le Modimo.—Mathaio 5:3.

“Ke ne Ka Ithuta Dilo Tse Dintsi Tse di Gakgamatsang mo Baebeleng.”—ISAKALA PAENIU

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1939

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: TUVALU

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: RADIPOLOTIKI

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Nukulaelae e leng setlhaketlhake se sentle sa Pacific se gone jaanong e leng karolo ya Tuvalu. Batho ba ba neng ba nna mo ditlhaketlhakeng tseo ba ne ba tlhotlhelediwa ke baruti ba ba neng ba ithutetse boruti kwa kholetšheng ya kwa Samoa. Batho bano ba ne ba tshwanetse go fepa baruti le ba malapa a bone letsatsi le letsatsi, go ba naya mafelo a bonno le e leng go ba naya sengwe le sengwe se se molemo go gaisa. Tota le fa banni ba setlhaketlhake seno ba se na dijo tse di lekaneng go fepa ba malapa a bone, ba ne ba tshwanetse go fepa baruti.

Moruti yo o neng a nna mo setlhaketlhakeng se ke neng ke nna kwa go sone o ne a okametse sekolo sa mo motseng e bile a ruta bodumedi, dipalo le thutafatshe. Ke gopola ke bona moruti a betsa bana ba sekolo mo go botlhoko gore ba bo ba tshologe madi. Le fa go ntse jalo, go ne go se na ope yo o neng a leka go mo thiba, le fa e le batsadi tota. Moruti o ne a boifiwa jaaka e kete ke ene Modimo.

Fa ke le dingwaga di le lesome, ke ne ka tswa mo  gae ka ya go tsena sekolo se e neng e le sone fela se se laolwang ke puso mo lefelong leno, se se neng se le kwa setlhaketlhakeng se sengwe. Fa ke fetsa sekolo, ke ne ka simolola go bereka mo pusong. Ka nako eo, ditlhaketlhake tseo e ne e le karolo ya kolone ya Boritane e e neng e bidiwa Gilbert and Ellice Islands. Ke ne ka bereka mo maphateng a a farologaneng pele ke nna morulaganyi wa lokwalodikgang lwa beke le beke lwa puso. Dilo di ne di tsamaya sentle go fitlha ka nako nngwe fa ke ne ke gatisa lekwalo lengwe la mmadi yo o neng a kgala tsela e go neng ga dirisiwa madi ka yone fa go ne go baakanyediwa go tla ga Kgosana ya kwa Wales. Mokwadi wa lekwalo leno o ne a dirisitse leina le e seng lone, mme mookamedi wa me o ne a batla go itse leina la gagwe la mmatota. Ke ne ka gana go mmolelela mme batho ba le bantsi ba ne ba itse ka kgotlhang eno.

Moragonyana fela ga tiragalo eo, ke ne ka tlogela go berekela puso mme ka tsenela dipolotiki. Ke ne ka fenya ditlhopho kwa Nukulaelae mme ka tlhophiwa go nna Tona ya tsa Kgwebo le Dikuno Tsa Tlholego. Moragonyana fa batho ba kwa setlhaketlhakeng sa Kiribati (se pele e neng e le Gilbert) le sa Tuvalu (se pele e neng e le Ellice) ba sena go bona boipuso go tswa kwa Boritane, mmusi o ne a mpha maemo a go etelela pele botsamaisi jwa Tuvalu. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa batle go lebega ke amana le puso ya kolone. Ka jalo, ke ne ka gana maemo ao mme ka tsenela ditlhopho tsa maemo a a kwa godimo a bopolotiki go se na ope yo o nkemang nokeng. Ke ne ka fenngwa. Morago ga moo, ke ne ka boela kwa setlhaketlhakeng sa gaetsho le mosadi wa me mme ka tlhopha go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng jwa kwa gae.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Mo ditlhaketlhakeng tseno batho botlhe kwantle ga me ba ne ba tsaya Sontaga e le Sabata e bile e le letsatsi le le boitshepo. Leo e ne e le letsatsi la me la go tsamaya ka mokoro le go tshwara ditlhapi. Ke ne ke sa batle go itsiwe ke le motho wa bodumedi. Rre o ne a mpolelela kafa ene le batho ba bangwe ba swabisitsweng ka teng ke se ke neng ke se dira. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ititeile sehuba gore ga ke na go tlhotlhelediwa ke kereke.

Nako nngwe fa ke ne ke etetse kwa Funafuti—setlhaketlhake se toropo ya Tuvalu e leng kwa go sone—nnake o ne a ntaletsa gore ke tsamaye le ene kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. Moragonyana Mosupi mongwe yo e leng morongwa o ne a nnaya dimakasine di le dintsi tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! gore ke di bale. O ne a nnaya le buka e e neng e senola gore dithuto tse di rutiwang mo dikerekeng tse dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete di tswa mo boheitaneng. Ke ne ka bala buka eo ka makgetlo a le mmalwa. Ke ne ka ithuta dilo di le dintsi tse di gakgamatsang mo Baebeleng, tse di akaretsang gore Bakeresete ga ba patelesege go boloka Sabata ya beke le beke. * Ke ne ka tlotlela mosadi wa me dintlha tseno mme a kgaotsa go ya kerekeng.

Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke sa batle go amana ka gope le bodumedi. Go ne ga feta dingwaga di ka nna pedi, mme ga ke a ka ka lebala dilo tse ke neng ke di ithutile. Kgabagare ke ne ka kwalela morongwa wa kwa Funafuti ke mmolelela gore jaanong ke ikemiseditse go dira diphetogo. O ne a palama mokoro mme a tla go nthusa go ithuta mo go oketsegileng ka Baebele. Rre o ne a tlala bogale fa a utlwa gore ke ne ke batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mme ke ne ka mmolelela gore Basupi ba ne ba nthutile dilo di le dintsi ka Baebele mo e leng gore o ne a ka se fetole tshwetso e ke e dirileng ya go nna mongwe wa bone.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Ka 1986 ke ne ka kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme mosadi wa me o ne a kolobediwa ngwaga morago ga moo. Bomorwadiarona ba babedi le bone ba ne ba ithuta se Baebele e se rutang, mme ba swetsa ka gore ba nne Basupi ba ga Jehofa.

Jaanong ke itumelela go nna mo setlhopheng sa bodumedi, se jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, se sa tlhaoleng batho go ya ka gore ke baruti kgotsa ke batho fela. (Mathaio 23:8-12) Gape ba latela sekao sa ga Jesu ka boikokobetso le go rerela ba bangwe ka puso ya Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 4:17) Ruri ke leboga Jehofa Modimo go bo a ile a ntetla go ithuta boammaaruri ka ga gagwe le ka batho ba gagwe!

 “Basupi Ba ne Ba sa Mpateletse go Dumela Dilo Go se Na Lebaka.”—ALEXANDER SOSKOV

NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1971

NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: RUSSIA

BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: MOTLHATLHELEDI WA NTWA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE: Ke tsholetswe kwa Moscow, e ka nako eo e neng e le one motsemogolo wa Soviet Union. Lelapa la gaetsho le ne le nna mo foleteng e kgolo mme baagelani ba rona ba le bantsi ba ne ba bereka mo madirelong a le mangwe fela. Ke gakologelwa ba ngongorega ka gore ke ngwana yo o matlhagatlhaga thata e bile ba re ke tla swa ke le monnye kgotsa ke tla felela kwa kgolegelong. Mme fa ke le dingwaga di le lesome, ke ne ke setse nkile ka tshwarwa ke mapodise.

Fa ke tshwara dingwaga di le 18, ke ne ka patelediwa go tsenela sesole mme ka nna modisa kwa molelwaneng. Ke ne ka boela gae morago ga dingwaga di le pedi ke bo ke bereka kwa madirelong, mme tiro eno e ne e mphedisa pelo. Ka jalo ke ne ka tsena mo lephateng la mapodise a Moscow a a lwantshang dikhuduego ke le motlhatlheledi wa ntwa. Ke ne ka thusa go tshwara dikebekwa kwa Moscow mme ka ya kwa mafelong a a farologaneng mo nageng kwa go nang le dikhuduego kwa go one. Ke ne ke nna ke tlalelane mo maikutlong. Ka dinako tse dingwe fa ke ne ke ya gae, ke ne ke sa robale mo bolaong bo le bongwe le mosadi wa me—ke boifa gore ke tla mo gobatsa ke le mo borokong.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA TENG: Fa ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka lemoga gore botshelo jwa ntwa jo ke neng ke bo tshela bo ne bo sa dumalane le melao ya Baebele. Gape ke ne ka bona go le botlhokwa gore ke tlogele go goga motsoko le gore ke laole tsela e ke neng ke nwa ka yone. Le fa go ntse jalo, ke ne ka ipolelela gore nka se kgone go bona tiro e nngwe, ka gonne go ne go se na tiro e nngwe e ke neng ke e itse e ke neng nka tlamela lelapa la me ka yone. Gape ke ne ke akanya gore nka se kgone go rera fela jaaka Basupi.

Kgabagare ke ne ka tlhatswega pelo gore pego ya Baebele e boammaaruri. Mme ke ne ka gomodiwa ke pego e e mo go Esekiele 18:21, 22. Ditemana tseo tsa re: “Fa e le ka motho yo o boikepo, fa a ka boa ka morago mo maleong otlhe a gagwe ao a a dirileng . . . , ditlolo tsa gagwe tsotlhe tse a di dirileng—ga di kitla di gakologelwa kgatlhanong le ene.”

Ke ne ke itumelela gore Basupi ba ne ba sa mpateletse go dumela dilo go se na lebaka mme ba ne ba nthusa go tlhaloganya se ke neng ke se ithuta. Ke ne ka tsaya dimakasine tsa bone di le 40 kgotsa go feta mme ka di bala mo dibekeng di le tharo. Se ke neng ka se ithuta se ne sa ntlhomamisetsa gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE: Pele nna le mosadi wa me re ithuta Baebele, re ne re tloga re tlhalana. Jaanong dilo di tokafetse mo lenyalong la rona. Mosadi wa me o ne a simolola go ithuta Baebele ka nako e le nngwe le nna, mme ra swetsa ka gore re direle Jehofa mmogo. Jaanong lelapa la rona le itumetse. Gape ke ne ka kgona go bona tiro e e dumalanang le melaometheo ya Baebele.

Fa ke ne ke simolola go rera ka ntlo le ntlo, ke ne ke tlalelana—ke ne ke ikutlwa kafa ke neng ke tlhola ke ikutlwa ka teng fa re ya go tshwara dikebekwa. Gone jaanong ke tlhomamisegile gore nka kgona go ritibala, le fa motho a ka nthumola. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka ithuta go nna pelotelele fa ke dirisana le batho. Ke ikwatlhaela go bo ke sentse nako e ntsi jaana ya botshelo jwa me, mme gone jaanong ke dumela gore ruri botshelo jwa me bo na le bokao. Ke itumelela go dirisa maatla a me ke direla Jehofa Modimo le go thusa batho ba bangwe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 24 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “A o Tshwanetse go Boloka Sabata Beke le Beke?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo, February 1, 2010, tsebe 11-15.