Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

 A o Ne o Itse?

E re ka paka e go sa neng pula ka yone kwa Iseraele e tsaya lobaka lo loleele, banni ba koo ba metlha ya bogologolo ba ne ba dira jang gore ba nne ba na le metsi?

Kwa Iseraele pula e na mo dikgweding tsa go simolola ka October go fitlha ka April, mme ka dinako tse dingwe metsi a pula a elela ka bontsi mo mekgatšheng e e phothoselang. Ka paka ya selemo bontsi jwa mekgatšha eno e a kgala, mme go ka feta dikgwedi tse dintsi pula e sa ne. Batho ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba dira jang gore ba nne ba na le metsi?

Ba ne ba rarabolola bothata jono ka go epa mesele mo mefapheng ya dithaba gore metsi a pula ya mariga a elelele mo megobeng. Marulelo a matlo a ne a dirwa gore a thulame mme a tshololele metsi a pula mo megobeng eno. Malapa a le mantsi a ne a na le megobe ya one, mme a ne a kgona go itimola lenyora ka go nwa metsi a megobe eno.—2 Dikgosi 18:31; Jeremia 6:7.

Gape Baiseraele ba ne ba ga metsi mo metsweding ya tlholego. Kwa dithabeng, metsi a pula ya mariga a nwelelela mo teng ga mmu go fitlha kwa majeng a a kwa tlase a bo a elela mo godimo ga one go fitlha a tswa mo metsweding. Se se bontshang gore gantsi metse e ne e agiwa gaufi le motswedi (o ka Sehebera o bidiwang en) ke maina a mafelo a a jaaka Ene-shemeshe, Ene-rogele le Ene-gedi. (Joshua 15:7, 62) Kwa Jerusalema, go ne go epiwa mosele mo majeng a a thata gore metsi a motswedi a ye kwa motseng.—2 Dikgosi 20:20.

Kwa go neng go se na metswedi ya tlholego gone, go ne go epiwa sediba (se ka Sehebera se bidiwang beʼerʹ), jaaka se se kwa Beere-sheba, gore batho ba kgone go ga metsi a a tswang kwa tlase ga lefatshe. (Genesise 26:32, 33) Mokwadi André Chouraqui a re “ditsela tse di botlhale tse [Baiseraele] ba neng ba di dirisa di sa ntse di kgatlha batho le gompieno.”

Aborame (Aborahame) a ka tswa a ne a nna mo ntlong e e ntseng jang?

Aborame le mosadi wa gagwe ba ne ba nna mo motseng o o humileng wa Bakaladia e leng Ure. Mme ba ne ba tswa mo motseng oo fela jaaka Modimo a ne a ba laetse mme ba simolola go nna mo megopeng. (Genesise 11:31; 13:12) Akanya fela gore seo se ka tswa se dirile gore ba itime dilo dingwe go le kana kang.

Motse wa Ure, o o neng o le mo nageng e gompieno e bidiwang Iraq, o ne wa ribololwa ke Leonard Woolley fa gare ga 1922 le 1934. Dingwe tsa dikago tse a neng a di fitlhela e ne e le matlo a le 73 a a agilweng ka ditena. Diphaposi tsa matlo ano a le mantsi di ne di agilwe go dikologa lolwapa lo lo fa gare lo lo adilweng matlapa. Lolwapa lo ne lo thulame go se kae go ela fa gare kwa go neng go na le mosele o o tsamaisang metsi a a leswe. Mo matlong a magolo, diphaposi tsa baeng di ne di na le matlwana a tsone a boithomelo. Diphaposi tse dingwe mo boalong jo bo fa fatshe e ne e le phaposi ya boapeelo e e nang le leiso mmogo le diphaposi tsa batlhanka tsa borobalo. Lelapa le ne le nna kwa boalong jo bo kwa godimo, jo bo neng bo na le ditepisi tse di yang kwa go jone. Ditepisi tseno di ne di tlhatlogela kwa mathuding a a dirilweng ka logong a a neng a dikologa lolwapa, mme fa motho a le mo go one a kgona go tsena mo dikgorong tsa diphaposi tse di kwa godimo.

Woolley o ne a kwala jaana: “Ntlo . . . , e e nang le lolwapa lo lo adilweng matlapa le dipota tse di pentilweng bosweu ka bothakga le thulaganyo ya yone ya go ntsha leswe, . . . e bile e na le diphaposi di le lesome le bobedi kgotsa go feta, e bontsha gore batho ba ntlo eo ba ne ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo tota. Mme mo matlong ano go ne go nna . . . batho ba ba sa humang thata, beng ba mabenkele, barekisi ba marekisetso a mannye, bakwadi, jalo le jalo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Mogobe, kwa Horvot Mezada, kwa Iseraele

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Masada National Park, Israel Nature and Parks Authority

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Setshwantsho sa ntlo ya motlha wa ga Aborahame

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Drawing: A. S. Whitburn