Fetela kwa tshedimosetsong

 Ruta Bana ba Gago

Sephiri Se o Ka se Bolelelang Batho ba Bangwe

Sephiri Se o Ka se Bolelelang Batho ba Bangwe

A O KILE wa bolelelwa sephiri?— * Go na le sephiri se nka ratang go se go bolelela. Mo Baebeleng se bidiwa “sephiri se se boitshepo se se nnileng sa bolokiwa ka tidimalo ka dinako tse di nnetseng ruri.” (Baroma 16:25) Kwa tshimologong, Modimo ke ene fela a neng a itse “sephiri se se boitshepo.” A re boneng gore Modimo o ne a dira jang gore sephiri seo se itsiwe ke batho ba le bantsi.

Sa ntlha, a o itse gore lefoko “boitshepo” le kaya eng?— Lefoko leno le kaya sengwe se se phepa kgotsa se se kgethegileng thata. Ka jalo ga twe sephiri seno se boitshepo ka gonne se tswa kwa Modimong, yo o boitshepo. O akanya gore ke bomang ba ba neng ba batla go itse sephiri seno se se kgethegileng?— Ke baengele. Baebele ya re: “Baengele ba eletsa go tlhodumela mo go tsone dilo tseno.” Ee, ba ne ba batla go tlhaloganya sephiri seno se se boitshepo.—1 Petere 1:12.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bua ka sephiri se se boitshepo a bo a simolola go se tlhalosa. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona lo neetswe sephiri se se boitshepo sa bogosi jwa Modimo.” (Mareko 4:11) A o lemogile gore sephiri seno se se boitshepo se malebana le eng?— Se malebana le Bogosi jwa Modimo, jo Jesu a neng a re ruta go bo rapelela!—Mathaio 6:9, 10.

Jaanong a re boneng gore Bogosi jwa Modimo bo ne jwa nna sephiri jang “ka dinako tse di nnetseng ruri” go fitlha Jesu a tla mo lefatsheng a bo a simolola go se tlhalosa. Fa Adame le Efa ba sena go tlola molao wa Modimo ba bo ba kobiwa mo tshimong ya Edene, batlhanka ba Modimo ba ne ba simolola go itse gore Modimo o ne a sa ntse a tla dira lefatshe lotlhe paradaise. (Genesise 1:26-28; 2:8, 9; Isaia 45:18) Ba ne ba kwala ka boitumelo jo batho ba neng ba tla nna le jone mo lefatsheng fa go busa Bogosi jwa Modimo.—Pesalema 37:11, 29; Isaia 11:6-9; 25:8; 33:24; 65:21-24.

Jaanong, akanya ka Mmusi wa Bogosi jwa Modimo. A o itse gore Modimo o tlhophile mang gore e nne Mmusi?— Morwawe, “Kgosana ya Kagiso,” Jesu Keresete. Baebele ya re: “Go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe.” (Isaia 9:6, 7) Nna le wena re tshwanetse go nna le “kitso . . . ya sephiri se se boitshepo sa Modimo, e bong, Keresete.” (Bakolosa 2:2) Re tshwanetse go itse gore Modimo o ne a tsaya botshelo jwa moengele wa ntlha (Morwa wa semoya) yo a neng a mmopile a bo a bo tsenya mo go Marea. Morwa yoo, yo e neng e le moengele yo o maatla, o ne a nna ene yo Modimo a neng a mo romela mo lefatsheng e le setlhabelo gore re kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Mathaio 20:28; Johane 3:16; 17:3.

Mme re tlhoka go itse mo gontsi ka sephiri seno, e seng fela gore Modimo o tlhophile Jesu gore e nne Mmusi wa Bogosi jwa Gagwe. Karolo nngwe ya sephiri se se boitshepo  ke gore go na le batho ba bangwe ba ba tla nnang kwa legodimong le Jesu yo o tsositsweng, banna mmogo le basadi. Ba tla busa le Jesu kwa legodimong!—Baefeso 1:8-12.

A re ithute maina a bangwe ba batho ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong. Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang gore o ne a ya koo go ya go ba baakanyetsa lefelo. (Johane 14:2, 3) Fa o leba ditemana tse di latelang, o tla bona maina a banna le basadi ba se kae ba ba tla busang le Jesu mo Bogosing jwa ga Rraagwe.—Mathaio 10:2-4; Mareko 15:39-41; Johane 19:25.

Go ne ga tsaya lobaka lo loleele go sa itsiwe gore ke batho ba le kae ba ba tla busang le Jesu kwa legodimong e le karolo ya Bogosi jwa gagwe. Mme jaanong re itse palo ya bone. A wena o a e itse?— Baebele ya re ke 144 000. Seno le sone ke karolo ya sephiri se se boitshepo.—Tshenolo 14:1, 4.

A o dumela gore “sephiri [seno] se se boitshepo sa bogosi jwa Modimo” ke sephiri se se molemo go gaisa tsotlhe tse ope a ka di itseng?— Fa go le jalo, a re leke bojotlhe jwa rona go ithuta go le gontsi ka sephiri seno gore re kgone go tlhalosetsa batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka teng ka dilo tseno.

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.